Volume 51 Issue 8 - August 2013 : Polelo
Seanyane o rile, “Motlodi a tlole, mogati a gate!”
Author : Idoh Dintwe
Seanyane o rile, “Motlodi a tlole, mogati a gate!”
Polelo: Keabetswe Idoh Dintwe
Seanyane o ne a ntse a selasela gaufi le tsela, a tloga a ya fa tseleng, a baya lee la boraro mo kutleng ya gagwe, fa gare ga tsela. A tloga a tswelela ka go selasela. Ya re fa a ntse a inama, a tsosa tlhogo jalo a bona mmutla a iname kgakajana, a ntse a fula botalanyana. A biletsa mmutla fa tseleng. Ba botsana matsogo, “Ao, dumela tlhe mmutla! O tswa lefatshe ntlha efe, ke na le malatsi ke sa go bone.”
Mmutla a araba ka gore, “Dumela seanyane, ao! Mae a ke a ga mang a?” Seanyane a araba mmutla ka go re, “Mae a ke a me monna, mme e bile ke batla go re o a ntlhokomelele. Yo o tlaa fetang fa, o mo reye o re ke rile mogati a gate, motlodi a tlole.” Mmutle a mmotsa gape gore go tlile jang fela gore beele mae fa gare ga tsela, a ingwaya tlhogo, a tloga a botsa seanyane gape.
A botsa ramatlhajana, “ Wa reng ne seanyane? A ko o ipoeletse, kana nna mmutla ke utlwela thateng, wa re mogati a reng?” Seanyane a ipoeletsa, a gatelela mafoko, “Monna, o nkutlwe ka tsoopedi, ka re o ba reye o re, ke rile, motlodi a tlole, mogati a gate, go bua nna seanyane.” Mmutla a sala a gakgametse mme a tloga a tswelela ka go fula botalanyana, a ntse a lebile kwa tseleng, a sa batle ope a mo dirisa diphoso.
Ya re a ntse a itlakisa jalo, ga tla photi, a ema gaufi le fa maeng. A inamela fa kutleng, a tsosa tlhogo fa a utlwa mmutla a mo tlhaeletsa, a tlaa tshematshemela fa maeng. “Dumela monna mmutla, e le gore wena jaanong, o baya mae?” Mmutla a araba ka gore, “Dumela photi, mae a ga se a me monna, ke a ga seanyane, o rile ke mo a lebelele, o sa ntse a ile ntlha e nngwe ya sekgwa, ga ke itse le gore o ile go dira eng, o ya go boa leng, mme o rile motlodi a tlole, mogati a gate.”
Photi a ema foo a gakgametse, a tloga a re, “Ija! Motho itsamaele, tse tsa boseanyane di thata, nna ke ile rra mmutla. O tlaa sala le mae ao a gago.”
Mmutla a mo leba jaaka a potela ka ditlhatshana, a tloga a boela fa tlase ga ditlhare go tswelela le go fula. A fula ntse a gadima kwa tseleng, go fitlhelela go tla tholo. Mmutla o sa le a bona ka dinaka tse dileele tse di masoke, di bona kwa godimo ga ditlhare, tholo le ene a batla go feta gaufi le mae. Mmutla a tla a thubegile ka lebelo, “Heela monna tholo, o bone mae ao!” Tholo a tsosa tlhogo, a botsa mmutla, “Wa re mae, mae a eng mo tseleng? Kana golo fa ke tsela, rona re a feta, re tlaa a gata re sa a bone. E le gore one ke a ga mang? Kana wena mmutla, ke a go itse, o a bo ka utswa mae a batho.” Mmutla a mo araba ka go re, “Nnyaa rra, nna tota ga se a me, ke a ga seanyane, o rile ke lo reye ke re mogati a gate, motlodi a tlole.” Tholo a sala gakgametse le ene, a ipotsa gore tota seanyane a o leka batho kana jang. A tloga a laela, a leba kwa megobeng go nwa metsi.
Ya re morago ga nako e khutshwanyane gape, mmutla a utlwa go kiba ga dikgato, ditlhare le tsone di supa gore di kgaramediwa ke sengwe, a ipotsa gore e a bo e le mang a tloga a mo tsenya mo molatong. A tabogela kwa tseleng, tlou le ene a atamela. Ya re fela fa a lebile gaufi le fa mmutla a neng a eme teng, mmutla a dumedisa a re, “Dumela morena tlou.” Tlou a amogela madume mme a tloga a botsa go re, “Ao! A selo se ke mae ne? Mmutla, mae a ke a ga mang?” mmutla a mo araba ka go re, “Mae a ke a ga seanyane, o rile motlodi a tlole, mogati a gate.”
Tlou a bo tenega, a sugakanya mae ka lenyatso, a tloga a tswelela pele le mosepele. Mmutla a sala a roroma foo, ya re a ntse a emaema jalo, seanyane a boa kwa a neng a ile teng. O kopantshitswe fela ke matlho a ga mmutla a rotogile, a ntse mahibidu. A botsa gore ke mang yo o thubileng mae, ya re go utlwa gore ke tlou, a mo tsaya ka motlhala. E rile go kopana le ene, a mo raya a re,
“Monna tlou, o thubetseng mae a me?” tlou le ene a ikarabela, “O rile mogati a gate, nna ka bo ke a gata.” Seanyane a se ka a tlhola a senya nako, a tlola a tsena mo nkong ya ga tlou. Ga senyega, tlou a tlolaka, a kua a re, “Seanyane ntswe mo nkong! seanyane ntswe mo nkong!” a kua jalo, a pitika go fitlhelela a wela fatshe, a a swa.


