Volume 51 Issue 9 -- September 2013 : Polelo

Fa Nyambe a go soketse dirope…

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Morago ga gore maiteko a go batla tlhaloso ya kalafi ya moropa kwa Etsha 13 a retele makgetlho a le mmalwanyana, setlhopha sa Kutlwano se ne sa ya go wela kwa ga Nanvura Diyoka.

Mosadimogolo yo wa Mombukushu o ne a furaletse marang a letsatsi, go lebega a gapilwe mogopolo ke tlatlana e a neng a e loga.

Puisano ya ema tsii! Diyoka a bua Sebumkushu fela go fitlhela kgarejwana e a nnang le yone e re tswa thuso.

Morago ga a sena go begelwa ka baeng ba, ya lara kgang ka Sembukushu, e le gore baagisanyi ba gagwe ba ne ba leka go mo kganela go buisana le Kutlwano.

Mabaka e le gore ga ba batle Nyambe a kwalwa mo dipampiring ka tota kgang tsa tumelo e le sephiri.

Diyoka a gana, nnang wa banyana! Ke gone fa e tlaa re moragonyana a tlhalosa fa a batla pulamolomo ka ramatheka a inaakantse le ene.

Mosadimogolo wa dingwaga di masome a ferang bobedi le bone o tlogile a pumpunyega a tlhalosa fa Bambukushu ba dumela mo go Nyambe.

Diyoka a re o kile a lwala ka lobaka mme e rile morago ga go iteelwa mangoma (moropa) dingwaga tse supa tse di fetileng, ya bo e le gone jaaka a kgaogane le bolwetse.

A re o ne a lwala Nyambe Mutara (Modimo mo seraleng), bolwetse jo Bambukushu ba dumelang fa bo fodisiwa ke Nyambe fela.

Diyoka o tlhalosa go re ka nako e Nyambe a neng a mo soketse dirope,go ne ga bidiwa dingaka tsa bolwetse jo, tse a kaileng fa di le dintsi mo motseng. Ngaka o tla le bathusi ba gagwe, morago ga kalafi go lala go iteewa moropa, e le tsela ya go kopa pholo kwa Modimong.

Diyoka o tlhalositse gore fela fa moropa o ema go lela mo mosong, molwetse o a bo a sa tlhole a le mo maibing mme se se diragala fela fa ngaka e e mo alafileng e leteletswe ke Nyambe.

Fa dilo di sa tsamaya ka fa go neng go solofetswe, go ya go batliwa ngaka e nngwe, ka jalo ke ka moo dingaka tse e le ntletsentletse fela jaaka kungo ya mokuchomu.

Malwapa a ka nna mane go tswa kwa ga Diyoka, go nna ngaka Waeda Kapako. Go buisana le mosadimogolo yo wa molekane wa ga Diyoka ya nna bothata go fitlhela go tla masogwana a mabedi.

Ke ne ka kgaogana le pontonyana tsa me tse di lesome tsa bofelo ka Kapako a ne a tlhalositse fa a batla go fatololwa go re a  re tlhalosetse ka botlalo le go re supegetsa didirisiwa tsa gagwe.

“Haa! Haa! Pa ku puka pa ku dja idhi, (motho o a bo a peka a a ja leswe,”  a tsholetsa lentswe, fa seatla sa molema se ne se kgarameletsa fa thoko mogopo o o neng o tletse matlebelekwane a re fitlhetseng a a a ja.

Seatla sa moja se ne se tshwere hapo,nkgwana e e neng e tletse molemo o montsho le logong lo lo betlilweng ka botswerere mme mo go lone go kgwageditswe lofetlhonyana, loso le foroko tse tsotlhe di dirilweng ka logong.

Kapako o tlhalositse gore fa a bileditswe molwetse, o feta a baya molemo o montsho o o mo nkgwaneng fa logaleng, a bo  a mo arametsa pele fa go ka itewa moropa go kopa Nyambe gore a mo fodise.

Mosadimogolo yo a re ga a itse kgoro ya sekole ka jaana a lwetse ka lobaka mme e rile morago ga go alafiwa ka ngwaga wa 1969, a bo a nna ngaka, se e le go diragatsa thomo ya ga Nyambe.

Fa motho a lwala bolwetse jo kwa kgaolong eo bo tlwaelesegileng ka la Nyambe, kalafi ya Sekgoa e ka se bo fodise ntle fela le moropa yo o lomaganyang molwetse le Modimo.

Ijoo! Selo se tumelo! Le bobi jwa sekgokgo bo botoka ka le fa o ka se ke o itse gore bo logilwe jang motho o ka itlhoboga a bo iponetse ka matlho. Bokhutlo

Buy Online Now!