Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Dithaba tsa Tsodilo
Author : Baleseng Batlotleng
Le fa Xontae Xhao a santse a ingwaya tlhogo a leka go tlhaloganya gore tota ga twe borraagwe mogologolwane ba tlholegile kae, o gola fela jaana go fitlha a nna rre wa lelwapa a itse sentle gore sedimo sa letso la gagwe la Sesarwa se tshegeditswe fela thata le ke dikokomane tse di tlaa tlang.
Ya re setlhopha sa Kutlwano se fapoga tsela e e yang Shakawe gaufi le motsana wa Nxamasere, sa ya go wela kwa motsaneng wa Tsodilo o o ka tswang o le dikhilomithara di ka nna masome mane go tswa mo tseleng e kgolwane ya Sehithwa-Shakawe.
Go tlhalosega fa one motsana oo wa Nxamasere o na le kgolagano e tona thata le wa Tsodilo ka ntlha ya tumelo ya
Basarwa ba ba tlholegang gone fa.
Nxamasere ke leina la Sesarwa le le rayang mosumo wa phefo fa e gotlha letlhaka mo nokeng. Tota ka fa go tlhalosegang ka teng leina le la Tsodilo le adimilwe mo temeng ya Sembukushu mo lefokong le go tweng ‘sorile`, go tewa go fapoga. Fa puo e ntse e tlhabologa gone ga felela go itsege fela ka Tsodilo.
Tota mme ebile nngwe ya dikgatlhego tse di re fapositseng kwa Tsodilo, yo tota re fapogetseng kwa go ene re itse fa e le nngwe ya. Ka bokhutshwane, Tsodilo ga se fela motse o re lebileng go tsena ka one, ke tsone dithaba tse re di bonang tse.
“Se ke se o tshwanetse go se tlhaloganya thata le go ya pele. Go na le dithaba tse pedi, e go na le e go tweng key a monna le e go tweng ke ya mosadi le bana ba le babedi. Tsotlhe ka palo di nne. Basarwa ba dumela fa dithaba tse e le tsone tsa ntlha go tlholwa.
Re bolelelwa gore borraarona mogolo ba tlholegile ba nna mo go e namagadi go disediwa teng koo go nosiwa mo Sedibeng sa Gobeku go fitlhelela morafe wa Hambukushu o re fitlhela,” ga tlhalosa Xhao.
Mo morafeng wa Basarwa, tumelo ke gore dithaba ke lefelo la mewa ya ba ba tlhokafetseng bogologolo. Ka jalo sengwe le sengwe se kopiwa teng pele ga se ka diragadiwa mo motseng. E ne e re fa morafe o batla go ya go tsoma o etelelwe pele ke letlhogoputswa lengwe le bidiwa Xhao kana go rongwe a ise dikopo tseo.
E ne e re fa diphologolo tse di tshwanang le dikwalata kana diphofu di sena go tsongwa go tsewe madi a tsone go tlhakanngwe le letlapa lengwe le le shibidu mmogo le mafura a phologolo mme go takwe mo matlapeng.
“Ke fitlhela go ntse go tlhalosiwa jalo gore e ne e le melaetsa e e neng e tlogetswe ke borraarona mogolo. Fa o ka tsamaela ntlheng e nngwe o tlaa bona letlapa lengwe le ke itseng go twe le ne le dirisiwa jaaka mmepe,” Xhao a tlhalosa.
Mme go na le Hambukushu ba tumelo le letso la bone le farologanyeng le la Basarwa. Kwa kgotleng ya Tsodilo re ne ra fitlhela Kgosi Samuchai Mareka.
Tota le fa pono e mo e tse, Mmabatho o santse a tshegeditse tumelo le tshepho ya gore o tlaa etelela morafe wa gagwe pele ka manontlhotlho a motho a a bonang mo go ene fela fa a tsena ka kgotla.
Hambukushu bag a Kgosi Mareka ba dumela gore Modimo wa bone e bong Nyambe a ba tlhodile e le batho ba thaba ya mosadi. Ba dumedisiwa jaana ke go bona dikgato tse di ipadileng mo matlapeng kwa godimo. Mo Bokone bophirima jwa thaba ya mosadi go na le mokotinyana o o tletseng metsi.
Metsi a go dumelwa fa a le boitshepo thata ebile ba itlhapisa ka one go leleka dibati.
Thaba ya monna ke yone lentswe le le tona kwa go dumelwang gore mowa wa ntlha o ne wa khubama teng go rapela fa o tlhola lefatshe. Ga twe Basarwa ba re fa o ka ya go leba sentle gone kwa thabeng eo o tlaa bona mangole a ipadile mo mantsweng.
Mme go ya ka dithamane go dumelwa fa thaba e batho ba le bantsi ba tseelang gore ke ngwana tota tota e se ngwana e le mosadi wa ntlha wa thaba ya monna yo o tlhadilweng go latelwa yo mosha.
Go tlhoka go obamela meila go ne go tle go nne diphatsa mo matshelong a morafe. Sekai ke Phoraki Katunda yo o tsholetswe a bo a golela mo Tsodilo. Meno a gagwe a a fa pele a foforegile otlhe. E ne ya re nako nngwe Katunda a gakololwa gore ngwana yo o ganang go rongwa ga a a tshwanela go tsamaela ntlheng ya dithaba.
O ne a tsaya kgakololo e motlhofo mme nako nngwe ya re a re o ya go emelela bomogolowe ba sena go nosa a kgopiwa a wela fa godimo ga letlapa la mo somola meno otlhe.
O tlhalositse fa nako nngwe ba atle e re ba ntse ba ntse hela ba bone sefefo se tsubutletsa ntlheng ya lentswe mme ba itse fa monng wa lobopo a sa itumelela sengwe.
Fela jaaka merafe e mengwe, morafe wa Tsodilo o santse o tshegeditse ngwao ka botswapelo mo baditshaba ba santseng ba etela motsana oo go tla go bona ka fa Basarwa ba tshelang ka teng le gone go etela difikantswe tse di kwa motsheo ga motse. Bokhutlo



