Volume 51 Issue 10 - October 2013 : Mosasankegi
Tshwene e ratile go bolaya monyadi
Author : Kutlwano
Mosasankegi
Tshwene e ratile go bolaya monyadi
Kana betsho, lo tle lo re ke goletse kwa godimo jaaka kgamelo. E re ke lo bolelela tse ke di boning, lo bo lo a bo simolotse mosimane yo ka loleme, o ka re motho a na le diso mo ganong, o bua diphirimisa fela. Ga se magatwe mo, magang a kwa sedibeng, ke ne ke le koo, ka bona ka a mabedi. Bangwe ba ba ratang seromamowa, kgang e ba ka tswa gape ba e utlwile mo seromamoweng sa Motsweding. Mosetsana o teng ke ne ke tsena le ene sekole kwa Mafikeng, a tswa kwa Thembisa, ga twe Nombulelo.
E ne e re maitseboa, re kopane re lebe dibuka mmogo, kwa pheletsong ka tloga ka sia le ene. A le montle, a rata go tswala sekete ngwana wa Mazulu, e re o tlaa mo ja monate a bo e le fa a sokile phaletshe ka nama ya kgomo. Ga ke ke ke rata go mo gopola ngwana yoo wa batho.Jaanong ke gone e tlaa re maloba jaana, ke ile go reetsa mmino wa Jazz fa Gabane ga tsena mogala. “A ke mothusi,” “Ee ke ene,” ka araba. “Hey! ga o itse go latlha motho,” Ya ne e kete ke a etsaetsega, ntseane he wa re ke bua le mang, “Ke Nombulelo wa kwa Thembisa,” ka itoma diteme, ke tshwara kwa le kwa, kgabagare a ntaletsa lenyalo la tsala ya gagwe kwa Petermarizburg.
Ya re mo bekeng e e latelang, ka tsaya pasa, ka rwala masigo ka tlhogo, ka leba Thembisa. Lekau le lesesane ke latlhetse sutu e e botsatsa, o ka re e segetswe mo go nna. Fa re fitlha batho ba nna o ka re ba jele mokaikai, ba tsaya gore ke nna monyadi, ke gata ke gatoga. Ra ema fa thoko ga sejanaga, se phatsima se utlwile thothi, go tlhakatlhakanye go se fa motho a ka bayang leoto teng. Ba tla Mazulu, ba tlolaka ba biba dipina tsa ngwao, Machankana le bone fela jalo, Mosotho a tloga a tlola ka leboko, a latlhetse kobo mo magetleng, motho wa kwa dithabeng.
Nna e rile re sa ntse re eme fa ntle, k abo ke sa le ke bona tshwene e mo gompieno go buiwang ka yone, e okometse ka letlhabaphefo la ntlo, jaanong ke bo ke tsaya fela gore ke ngwana o rwele sebipa sefatlhego. Ba ba itseng ba re tshwene e, e rile ka letsatsi le go neng go rerwa tseo, ya bo e pagame mo setlhareng, jalo bagolo ba se ka ba akanya sepe fela.
Tshwene eo fela fa sejanaga sa bagwe se tswa, ya sela letlapa ya photha koloi ya bone, ba amogela fela gore ke botlhoka tsebe jwa ditshwene. Kana dikgang di tla ka go rarolowa ke tse dingwe, mo go la gompieno, ba ba e boneng ba re e sale e tsile phakela. Banna ba e koba ka fa dipitseng, ya nyelela. Go riana ga e a nyelela ya bo e potela, e ya go tsena mo ntlong e e kwa pele, e go sa nneng ope mo teng, ya ya fa letlhabaphefong, ya baya dikgono mo letlhabaphefong, ya bogela lenyalo. A kere gone lenyalo le a tlhologelwa?
Yo malomaa monyadi o kile a feta fa letlhabaphefong, fa a re matlho thaa, a kgweloga ka lobelo a re o a sia, a tloga a kgalema ka bogale ka a ne a itse fa motlogolo wa gagwe a na le sebipa sefatlhego sa tshwene jaanong a tsaya gore ke ene, “Tota o ratelang go nthoba ngwana ke wena? Rola golo moo o tlaa re tshegisa batho!” ngwana a se ka a tswa molomo. Ga tla mme mongwe yo o neng a ntse a a fa batho dijo, “ Tota ngwananyana ke wena o a bo o tshameka jang? Tswaa foo monna, o tlaa re roba!” ngwana a se ka a tswa molomo. Fa a feta fa dipitseng, a buisana le batshodi. “Mosimanyana o o itirileng tshwene yo o okometseng ka letlhabaphefo yole, lo se ka lwa mo fa dijo,” Motshudi a araba,, “Hey wena! tswaa foo monna,” mosimane a se ka a tswa puo. “O a dipa ne? Ke tsile go go betsa,” Dijo tsa anama le morafe, ke gone morago ga lobakanyana fa monnamogolo a ya go bona gore a di tlaa lekana.
Fa a feta gape fa letlhabaphefong, mosimanyana o ntse o foo. “Ohoo! a ntsehe o sa ntse o le fano a ga o a utlwa go re ka re o tswe foo,` ngwana a se ka a tswa molomo. Kwa ntle dipina di ile magoletsa lorole lo beta mokoduwe. Ga lela megolokwane, dipuo tsa buiwa ka banyadi. Kgantele mosadimogolo a atamela fa go yone. “Heela tlhe ngwanaka o mosimanyana wa ga mang, a wena ga o ye go ja?” ngwana a se ka a tswa molomo. “Iyiiiii! ga o buisane, ba tlaa go tima o ntse o ka re o tshwene jalo,” masadimogolo wa Modimo a itsamaela.
Kgantele batho ka bontsi ba simolola go tlhobaela, ba sebaseba, malomaa monyadi a tsena bogale. Tota ene o ne a rile ke setlogolo sa gagwe se se se nang tsebe, a emelela mo setilong ka lebante fa a re o se rola sebipa sefatlhego, a fitlhela a tsherwe tshwene ka mangana. Hee! ya nna tshwarang tshwarang.
Tshwene eo ya hapha monna yo, fa a wela kwa, ya ya kwa tanteng, ya kapa monyadi wa mosadi, ya mo kitla ka letswele mo gare ga magetla a ba a kgwa setoki sa nama. Ya tloga ya mo setla. Kana fa e mmetsa jaana, e mo tshwere ka letsogo, Ya ya le ene, ya mo retha dikgopo tse, o kile a re o o a kua, a tlhoka monamoledi, ya mo suputsa fa fatshe phologolo e e mariba, ke naiwa mmeleng, makopong ga ke naiwe, ya bo ya mo goga ka moriri.
Hee! tshwene ya ya le ngwana wa batho. Fa e kete o a idibala, ya mo lesa ya, tsaya diapole tse pedi tse di neng di beetswe banyadi, ya ngatha e le nngwe, ya e tshotlha. Fa e sena go metsa, ya ragoga. Fa e lebile go tlola tsela, ya boa ka mabetwa e pelo, batho ba phatlalalela monyadi. Ya feta ya ya le mosese wa gagwe ya o kgagola ditokitoki a bo a sala fela ka letheka la one. Ya tloga ya tsena ka ga re itse. Dipotso tsa sala di le maharatlhatlha. Bagwe ba re tse ke diphera, ditlhoka baalafi…fa e le mo seromamoweng, ka o ba itse baagisanyi, ba di buwa di tlala ka tlatlana, letswainyana le eta lokwa.



