Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Metsametsano ya metsana ya Mokwena

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Fela fa o tsena ka kgotla ya Ramankhung, matlho a kgatlhantshiwa ke tshipi e telele e e rusitseng, e go ka bong gotwe e dirisetswa go pega folaga. (tiriso ya yone e leng go pegiwa folaga.)

Ao! Motho a ka sala a ipotsa gore a Bakwena ba lebetse go pega folaga fa mebala ya botala jwa loapi, bontsho le bosweu e sa phaphasele jaana. Nnyaya, nnete ke gore tshipi e e setse e le segakolodi fela mo morafeng sa gore motse o o kile wa akola ditlamelo dingwe morago ga tlhomamiso e e neng ya tloga ya boelwa morago.

Mo nakong e, Ramankhung ke mongwe wa metsana e e lesome le bone ya kgaolo ya Kweneng e e sa tlhomamisiwang ebile e akareditswe mo metseng e mengwe jaaka dikgaolwana.

Palo-batho ya bofelo e supa fa Ramankhung a na le batho ba le lekgolo masome a robabongwe le boraro mme motsana o o akareditswe mo go wa Dikgatlhong. Mafelo mangwe a a amilweng ke kakaretso e ke Gamononyane le Suping. Ka batho ba le makgolo a botlhano le boraro, Gamononyane o wela ka fa tlase ga Metsimotlhabe fa Suping a le ka fa tlase ga Molepolole ka batho ba le makgolo matlhano le masome a mararo le bosupa.

Ka tota kgang tsa kwa Ramankhung di tshwana thapo tsa leselo, Kutlwano e ne ya latedisa motlhala mme wa ya go wela kwa kgotleng kwa re fitlhetseng namane e tona ya kwena, Kgosi ya tetlanyo, Boykie Sechele.

“Kgang e ya incorporation ga e monate, re ka tswa re le batho ba le bangwe mme fela ba Dikgatlhong ke Baherero go tswa Namibia, ba na le ngwao le puo ya bone ebile ba re fitlhetse fa,” a tlhalosa ka bonolo morago ga go re supegetsa pego e e roletsweng bokopano jwa khansele ya Kweneng ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro go ya kwa go Lwetse a tlhola malatsi a le marataro.

Ka bokhutshwane, pego e, e e rulagantsweng ke komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo ke tshoboko ya kakaretso ya metsana mo metseng e mengwe. Kgosi Sechele o ngongoregela tshwetso e ka e sa itumedise morafe ebile e ya go ba baya ka fa mosing tebang le toro ya bone ya go bona motse wa bone o tlhomame gape.

“…re ya go treatiwa jaaka ward ya sepatela e e leng gore ga e kake ya re ka tsatsi lepe e ikemele ka nosi. Ambulance ke ya sepatela eseng ya maternity ward,” a tlatsa ka gore go santse go na le ketsaetsego ya gore morafe wa Ramankhung one o ya go akola ditlamelo jang.

Ditso tsa lefelo le, le le teeletsweng ka mogobe wa Mankhung le ntswa o setse o nyeletse, di supa fa motsana o o tlhomilwe ka ngwaga wa ntwa ya lefatshe ya bobedi ke Bakwena ba ba neng ba bothologa go tswa Molepolole.

Kgosi Sechele yo e leng kgosi ya tetlanyo a re tsotlhe tse dintle tse ba neng ba na natso le ditsholofelo tsa kgolo di phirimetswe ke letsatsi morago fela ga leso la ga Kgosi Bolesitswe Mhaladi ka ngwaga wa 1999.

O tlhalosa fa folaga e e neng e gagabela ngwaga tse some e pegilwe e ne ya folosiwa, komiti ya motse ya ditlhabololo ya phatladiwa, badirela puso ba isiwa metseng e sele, motse o wa simolola go lemogiwa jaaka o o sa tlhomamisiwang morago ga gore maiteko a go o phatlalatsa gore banni ba fudugele Dikgatlhong a iteye sefololetse.

“…go tswa ka 1999 go tsena ka 2007 go ne go sena kgosi, ke ne ke ithaopile fela ke thusa fale le fale gore go nne le tsamaiso mo motseng.”  E re ntswa komiti ya ditlhabololo e ne e agile matlo a le mmalwanyana go ka dira letsenonyana la go thiba fale le fale, Kgosi o tlhalosa fa mo nakong eno batho ba ba nnang mo teng ba letile fela gore a seka a nna matlotla.

A re bangwe ba ntsha lemmenyana fela la go nna ba ntšhwafatsa one matlo a. Bokhutlo

Buy Online Now!