Volume 51 Issue 11 - November 2013 : Polelo

Ditso tsa Dikhukhung

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Dikhukhung ke mongwe wa metse e tshwana Phitshane Molopo, Leporung, Mmakgori le Tshidilamolomo, e e ikadileng fa lotshitshing lwa se motho a ka reng e kile ya bo e le noka ya Molopo.

Noka e, e e itsokeditseng jaaka monnamogolo wa mokwepa o montsho, ke yone e kgaoganyang lefatshe la Botswana le Aferika Borwa. Ka jalo, metsana e ya kgaolo ya Borolong ebile e le mo mololwaneng ga se gantsi go bolelwa ka yone. Dikhukhung ene o ne a nna sego ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, ka baagi ba ile ba latswiwa ke tlhware malatsinyana pele ga keresemose go bona mpho e ntlenyane.

E ne e le semphete ke go fete, maoto a lebile Dikhukhung kwa pitsong ya nyeletso lehuma. Diromamowa, dipampiri tsa dikgang le yone thelebishini tota tsa seka tsa batla go nna bo phokoje ba morago. Se sa fa motse wa Dikhukhung tumo ya nakwana. Dikgwedi di ka nna some morago ga pitso e, Kutlwano ya wela tsela go ya go batlisisa ka ditso tsa motse o.

Go tswa Gaborone, mosepele wa bo o le boreledi go fitlha sekonotere se khutla fa Phitshane Molopo. Go ralala Leporung go ya go fitlha kwa Dikhukhung, mosepele wa nna moleele ka jaana koloi ya rona e ne e tlwaetse go tsamaya mo sekonotereng thata.

Owaii! Mo tseleng e e lekgwarapana e dira botshwakga fela, e batla go nenekediwa, ka maotwana a morago a ne a relela fa mokgweetsi a re o fefosa maoto go se gonene.  

Ka gotwe ga e latse nageng, re ne ra goroga sentle, ra bo ra nna sego go fitlhela matlhogoputswa le baagi ba le teng, le fa tota re ne re ba wetse jaaka leru. Letsatsi lone ke le lela go se loso, lenyalo kana modiro ope fela.

Re ne ra amogelwa ke Ketshabeope Mathakgola yo o tlhalositseng fa e le ngwetsi mo Dikhukhung. E re ntswa mosadimogolo yo wa dingwaga di masome a robabobedi le botlhano a tsietsega gore tota Dikhukhung go ka tswa go tewa eng, o sa ntse a itse fela sentle gore motse o o tlholegile e le meraka.

Pele go dirwa molelwane, Mathakgola a re lefelo le e ne e le meraka ya batho ba kwa Mafikeng; e e neng ya fetolwa morago ke badisa go tswa motse. “Badisa ba ba neng ba romilwe ba tla ba bona basadi ba nyala, ga tsholwa bana go bo go agiwa motse,” a tlhalosa jaaka a ne a leba mongwe wa balekane ba gagwe go ka mo thusa gore lefelo le le fetogile go ka nna motse ngwaga mang. 

Ka ngwaga wa 1911, meraka e ya fetoga go nna motse wa Barolong ba ba tswang Mafikeng mme wa tewa ina Dikhukhung. Motse o, Mathakgola a re o kgaogane gararo ka jaana badisa ba ne ba agile mo dithoteng mme fa go welelang teng ba go tlole mme moraka o mongwe o tlhomiwe mo thoteng e e latelang. Ka maano go sita a loso, se se ka tswa se ne se direla badisa tiro motlhofo gore ba nne ba kgona go bona leruo kwa le tsamaelang teng fa ba bolotsa.

“Ga re a kgaogana, mo tshimologong e ne e le meraka, makgamu a mararo a e ne e le meraka mme lengwe le lengwe le atile fa le leng teng, ebe go nna fela jalo e nna motse,” a mo tsena ganong mosimane yo o belegweng ka ngwaga wa 1939, Gabathuse Mhatlhe.

Mosadimogolo yo o lebegang e ne e le lekgarebe la marata-go-lejwa ka dingwaga tsa gagwe tsa bonana fa a tswa la gagwe ke fa a re, “Motse o o kile wa bo o le montle; molapo o montso o le o bonang o o kile wa bo o nna o ela go le lotlhaka lo lontle, dihutshane di e ja mokaragana, go ela mashi le dinotshi mo nokeng ya ga Molopo.”

Fa diphetogo di ntse di tla, ga dirwa molelwane go kgaoganya mafatshe oo mabedi, ke ka moo mo nakong eno go sa ntseng go na le Dikhukhung wa ka kwa Aferika Borwa ebile batho ba metse e ka bobedi e le masika.

Mathakgola a re sebe sa phiri ke gore bontle jwa motse o bo nyeletse le nako e noka e kgadileng ntswa Barolong ba sa ntse ba itsetsepetse ka temo thuo.

Mathakgola a re motse o wa batho ba ka tshwara makgolo a mararo o tlhabologile ebile o godile ka jaana o na le sekolo se sebotlana, kokelwana, kgotla, badiri ba tsa diphologolo le makgabisa naga le molemisi. Bokhutlo

Buy Online Now!