Volume 51 Issue 11 - November 2013 : Entertainment

More wa mafoko

Author : Lesego Bogatsu

Title: MORE WA MAFOKO
Author:  J.B.S. MOTHOWAMODIMO
Publisher: JABOYONKO ARTWORKS
Reviewer:  Lesego Bogatsu

Monate wa lebebe boreledi jwa puo ya Setswana sa bo rre!. Atla a re tsenya ‘nkgong ya tswina morwa Mothowamodimo. Ke nnete tota  fa Motswana a re ‘ina lebe serome, J.B.S Mothowamodimo ke mothowamodimo e le ruri. Ke santlha bukana ya Kutlwano e kanoka buka ya Setswana!. Bula matlho kgwedi  le kgwedi otle o ikgore menwana ka ntletsentletse ya padi, motshameko, dikakgelo le tse dingwe tse dintsi.  More Wa Mafoko ke bukana ya motshameko ee nang le tsebe tse masome a mane. Kgaolo ya ntlha go tsena ka ya bofelo ya borataro, kgang kgolo ke Rre Motungwa Matanta, ralelapa yoo tletseng bogale jo bo feteletseng le tenego ee gaufi. Ra Kago – jaaka a ne a itsege thata, o ne a tshwenya mosadi wa gagwe ebile le bana a ba tlhorontsha. Bana ba lelapa la ga Matanta ba setse ba tshwana le ba tladi, ba ba anywelang leratleng. Mme ka dinako e sa tlhole ele tsa maloba, bana ba ise ba itse dilo sentle jaaka bo-ditshwanelo, ope one a sa bone fa ditshwanelo tsa ga mmaabone gammogo le tsa bone di tsuullwa ke seganka se sa monna. …Ga e ke e ntsha boloko jotlhe. Reka bukana e, o itlose bolutu abo o rutege.
 

Buy Online Now!