Volume 65 December 2026-January 2026 : Entertainment
More wa mafoko
Author : Lesego Bogatsu
Title: MORE WA MAFOKO
Author: J.B.S. MOTHOWAMODIMO
Publisher: JABOYONKO ARTWORKS
Reviewer: Lesego Bogatsu
Monate wa lebebe boreledi jwa puo ya Setswana sa bo rre!. Atla a re tsenya ‘nkgong ya tswina morwa Mothowamodimo. Ke nnete tota fa Motswana a re ‘ina lebe serome, J.B.S Mothowamodimo ke mothowamodimo e le ruri. Ke santlha bukana ya Kutlwano e kanoka buka ya Setswana!. Bula matlho kgwedi le kgwedi otle o ikgore menwana ka ntletsentletse ya padi, motshameko, dikakgelo le tse dingwe tse dintsi. More Wa Mafoko ke bukana ya motshameko ee nang le tsebe tse masome a mane. Kgaolo ya ntlha go tsena ka ya bofelo ya borataro, kgang kgolo ke Rre Motungwa Matanta, ralelapa yoo tletseng bogale jo bo feteletseng le tenego ee gaufi. Ra Kago – jaaka a ne a itsege thata, o ne a tshwenya mosadi wa gagwe ebile le bana a ba tlhorontsha. Bana ba lelapa la ga Matanta ba setse ba tshwana le ba tladi, ba ba anywelang leratleng. Mme ka dinako e sa tlhole ele tsa maloba, bana ba ise ba itse dilo sentle jaaka bo-ditshwanelo, ope one a sa bone fa ditshwanelo tsa ga mmaabone gammogo le tsa bone di tsuullwa ke seganka se sa monna. …Ga e ke e ntsha boloko jotlhe. Reka bukana e, o itlose bolutu abo o rutege.



