Volume 51 Issue 12 - December 2013 : Mosasankegi
O GANA JESO A MO TLHAPISA MAOTO
Author : Kutlwano
Jeso a ya le bone jalo a ba tlhapisa go fitlhelela a goroga fa go Peter. “Tlisa maoto,” ga buwa jeso. Peter a ya ne e kete o tsenwa ke letshogonyana. “A le nna wa go ntlhapisa maoto Morena,” Jeso a mo tima karabo fela fa a tswa molomo are, “ga o tlhaloganye gore ke dirang , o tla tlhaloganya kwa morago, kare tlisa maoto” Jeso a buwa jalo a mo kapa ka leoto a le tambunyetsa mo sekotleng, fa a re wa mo tlhapisa Peter a ikgophola a le ntsha mo sekotleng, “ O seka wa bo wa ntlhapisa maoto,”.
Jeso a kokomologa a mo leba mo matlhong a re, “fa o gana go raya gore botsala bo a fela ,” Mafoko a ga Jeso a nwela mo tlhaloganyong ya ga Peter. A tsenya leoto le le lengwe mo sekotleleng a bowa a tsenya le lengwe. Jeso a ya le ene jalo a mo tlhapisa maoto. Fa a utlwa mabogo a ga jeso a le monate Peter are “Morena fa o fetsa ka maoto ke kopa o ntlhapise matsogo ga mmogo le tlhogo,” Jeso a araba ka gore o setse o tlhapile kwa lwapeng mme o phepa. “ke ne ke mpa ke tlhapisa maoto fela, lotlhe fela lo phepha kwa ntle ga Mongwe a le nosi,”
Fa a fetsa go ba tlhapisa a ya fa tafoleng, ba mo lebeletse ka tshisibalo. Jeso a ema metsotsonyana a tloga a betla lentswe a ba lotlegela gore mongwe wa bone o tla mo rekisa. Kgang e ne e mo utlwisiste botlhoko fela thata, a herekane maikutlo a ba a palelwa ke go itshwara, “Kare mongwe wa lona o tsile go nthekisa,” ba itseetsega, ba lebana ga tsoga kgaruru ba ipotsa gore tota Jeso wa bo a bua ka eng.
Ya re fa ba santse ba hakgametse jalo Peter a Tomoga fa a neng a le teng, a sebela mo tsebeng ya mongwe wa ditsalo tse ditona tsa ga gagwe. “Tota la bo le mo rileng gompieno..monna tlhe mmotse gore o buwa ka mang, wena gongwe o ka go utlwa,” Tsala e o ya ga Jeso ya emelela le ene fela jalo a sebela mo tsebeng ya ga Jeso. “ Tota motho o o buwang ka ene o ke mang o re tshosa jaana kana jaanong o re tsenya mo tsietsing,” Fa a ba leba a fitlhela ba mo rotoletse matlho ba batla go itse gore motho o go buiwang ka ene o ke mang.
Jeso a thiba molomo go itsa mafoko go utlwiwa ke batho botlhe fela le ene jalo a sokomela mo tsebeng ya mmotsi are, “ke ya go tsaya senkgwe ke bo ke shabisa ka sopho ke bo ke mo neela,” fa rialo a emelela a tsaya senkgwe a se tsenya sophong a tloga a fa Jutas.Ya re fa a mo fa jalo Jeso a mo raya are, “ Wa ntiya dira se o se dirang ka pela,” Ditsala tsa ga Jeso ba ipotsa gore tota Jeso o bua ka eng, ba tsaya gore ka Jutas e ne e le ene motshwara madi gongwe Jeso o mo romilwe go ya go reka sengwe. Jutas a kokobala mowa a tswa a ya go nna kwa lefifing. Mo go le latelang segopa sa Majuta ba mo latela.
“Monna kana re ntse re go emetse,” ba mo raya. “Le nkemetse ka eng?” a iphaphamodisa. “Ga ke re re go duetse gore o re bontshe Jeso,” Fa a bona gore borre ba ba tlhwaafetse a ba rwalarwala a ba isa kwa go Jeso.
Ka nnete ba mo fitlhela ba feta ba mo tshwara. Yo Simone ha ba mo tshwara a ntsha tshaka a tlhaba mongwe wa bone mo tsebeng. Jeso a mo raya a re baya tshaka e o ya gago. “Ammaruri ke a go bolelela o tla intatola mokoko o ise o lele ga raro,” ga bua Jeso. Ke bao ba mo tsaya, yo Peter a seka tlhwabiwa ke mafoko a jeso a neng a a buwa. Ga tlhakatlhakana. Fa ba santse ba mo sekisa jalo mongwe a feta fa go Peter. A rre o sekisiwang o wa mo itse,” Peter a gopola gore gongwe fa a ka re wa moitse ba ka lemoga gore ke ene a neng a ba lwantsha fa ba tshwarwa Jeso.
A belaela gore fa ba ka mo lemoga ba ka nna ba mo tlhakanya le Jeso. A latola. Ga tla mosetsanyana mongwe, “heela tlhe rra a ke a go itse ne,” Peter a latola. “Ga ke itse tota gore o tla bo o mpone kae,” Rre mongwe fela jalo le ene jalo atla a leba Peter mo matlhong ka pelaelo. “Monna a o ne o sena le monna o o sekang o fa re motshwara. Mokoko wa lela Peter a gakologelwa mafoko a ga jeso a thubagana ka selelo. Ha e le Jutas e ne a sia lobelo a ya go ikaletsa.
Ya re fa Peter a se kgera jalo Ponto Pilato e ne abo a itlhakantse le jeso. “ La re rre o molato wa gagwe ke eng,” a botsa majuta mme ba arabela gongwe, “ O ipitsa modimo,” Mafoko a tshosa Pilato fela thata “ a leba Jeso, a mmotsa, “ a ke nnete o ipitsa modimo,” Jeso araba ka potso. “ a potso eo e keya gago kgotsa o utlwile magatwe ka nna,” PIlato a ipoletsa..
“Molato wa gago ke eng rra,” Jeso a seka a tswa molomo. “A o itse gore ke na le dithata tsa go go atlhola kgotsa go go ntsha mo mathateng,” ga bua Pilato. Ya re fa rialo Jeso a araba ka gore,” Dithata tseo ga se tsa gago ke tsa ga ntate, wena o motho fela ga o na le fa ele dithata. Pilato a mo sita a le tlhaeng a re o leka maretshwa a go ntsha jeso ga pala. Kgabagare a mo neela majuta “ Nna betsho ga ke mmone molato mme ke oo le ka bona gore le ka dirang ka ene,” BOKHUTLO



