Volume 51 Issue 12 - December 2013 : Entertainment

SENGANA

Author : MOROKA MORERI

Title: SENGANA

Author: MOROKA MORERI

Publisher: JABOYONKO ARTWORKS

Reviewer: Lesego Bogatsu 

​

Dumela moratwa mogolo wa botlhe

Le o ratwa ke botlhe ga o wa botlhe

Dumela morwa ga-le-tlhakanelwe

Dumela thata morwa ga-le-na mong…

 (temana ya Lesego)

 

Dumela go tla dumela go tsamaya

Kgorogo le phuduga ya botshelo dumela

Wena bohutsana le boitumelo dumela

Mawelana a rulaganyeditsweng botshelo…

 (temana ya Loso le Botsetse)

 

Dumela motho ga a betlwe

Dumela seepa se itaisetsa

Dumela thata ntswetshipi

Dumela maaletsa a ipofela…

 (temana ya Moremogolo)

Dumela motho wetsho, wena o balang kanoko e ya maboko a a gatisitsweng mo bukaneng ya Sengana, go lebega ha mmoki le mokwadi wa bukana e, a hupile madume a mantsi mo ganong. O ka bona ka maboko a mararo aa ko tshimololong ya kanoko e. 

A bukana e ntle ya marata go lejwa!. Ba Jaboyonko Artworks ba dirile botswerere jo bo ngokang leitlho mo “pating” le “moalo” wa bukana e ya leina le le rokotsang maikutlo – Sengana poko ya setswana. A mme ruri se ke sa borre se? motho a ka ipotsa! Nnyaa, nna ga ke utlwe. Se setswana ke se ke utlwang sele ko teng teng.  Mme ebile tota ha ekabo  mokwadi wa buka e ane a e patile ka CD kana DVD, go ne go ka nna monate e bile go le motlhofo go mereletsa maboko a. Lebaka le le gwetlhiwa ke gore poko ya ga Moroka ke ya mofuta yo o sa reetsweng fela, kagore gantsi ka nako ya poko, motho wa teng o ane a tshameka ka seikokotlelo, ane a bina, kana a ferola matlho go supa bokao jwa mafoko a gagwe.  Ka jalo, Maboko aa mo Sengana, ke mangwe aa ronwang ke go balwa hela ka tidimalo.  Ako le wena o iteke o nne le bukana e, ka gongwe o ka sela botsipa jwa puo ya Setswana. BOKHUTLO

Buy Online Now!