Volume 65 December 2026-January 2026 : Entertainment
SENGANA
Author : MOROKA MORERI
Title: SENGANA
Author: MOROKA MORERI
Publisher: JABOYONKO ARTWORKS
Reviewer: Lesego Bogatsu
​
Dumela moratwa mogolo wa botlhe
Le o ratwa ke botlhe ga o wa botlhe
Dumela morwa ga-le-tlhakanelwe
Dumela thata morwa ga-le-na mong…
(temana ya Lesego)
Dumela go tla dumela go tsamaya
Kgorogo le phuduga ya botshelo dumela
Wena bohutsana le boitumelo dumela
Mawelana a rulaganyeditsweng botshelo…
(temana ya Loso le Botsetse)
Dumela motho ga a betlwe
Dumela seepa se itaisetsa
Dumela thata ntswetshipi
Dumela maaletsa a ipofela…
(temana ya Moremogolo)
Dumela motho wetsho, wena o balang kanoko e ya maboko a a gatisitsweng mo bukaneng ya Sengana, go lebega ha mmoki le mokwadi wa bukana e, a hupile madume a mantsi mo ganong. O ka bona ka maboko a mararo aa ko tshimololong ya kanoko e.
A bukana e ntle ya marata go lejwa!. Ba Jaboyonko Artworks ba dirile botswerere jo bo ngokang leitlho mo “pating” le “moalo” wa bukana e ya leina le le rokotsang maikutlo – Sengana poko ya setswana. A mme ruri se ke sa borre se? motho a ka ipotsa! Nnyaa, nna ga ke utlwe. Se setswana ke se ke utlwang sele ko teng teng. Mme ebile tota ha ekabo mokwadi wa buka e ane a e patile ka CD kana DVD, go ne go ka nna monate e bile go le motlhofo go mereletsa maboko a. Lebaka le le gwetlhiwa ke gore poko ya ga Moroka ke ya mofuta yo o sa reetsweng fela, kagore gantsi ka nako ya poko, motho wa teng o ane a tshameka ka seikokotlelo, ane a bina, kana a ferola matlho go supa bokao jwa mafoko a gagwe. Ka jalo, Maboko aa mo Sengana, ke mangwe aa ronwang ke go balwa hela ka tidimalo. Ako le wena o iteke o nne le bukana e, ka gongwe o ka sela botsipa jwa puo ya Setswana. BOKHUTLO



