Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Ga ba ipone tsapa

Author : Keonee Kealeboga

Ene ya re go lemoga fa bo sele bo se na mahube, maje a sa tlhole a tobetsega ka jaana diphologolo di ne di sa tlhole di tsongwa go rata le kgona, ba tshwanelwa ke go tswa ka maano a masha a itshetso. Ba ke banni ba metsana ya Monong le Maake, e e dikhilomithara di se kae go tswa kwa Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi bokone.

Pele ga go gagamadiwa melao ya go tsongwa ga diphologolo, go ne go se tsapa le ba fisang pelo ka ba ne ba sa sokole go bona nama, e ka nako eo e neng e le yone sejo sa bone sa mmangmang, go se tsapa le ba fisang pelo. Ka jaana ba ne ba ka se tlhole ba beile  fela mo go jeng nama le dibapalwa nageng, nako ya bo e tsile ya gore ba kgone go bona dijo tse dingwe tse ba ka tshelang ka tsone.   Le fa gone methale ya itshetso e le mafaratlhatlha, ba ne ba se ka ba ya le bontsi jwa yone. Bangwe mo metsaneng e ba ne ba itlhophela go inaakanya le temo, fa bontsi bo ne jwa tlhopha go tlhoafalela tiro ya diatla, e pele e neng e direlwa go itlosa bodutu fela.

Monong

Fa setlhopha sa Kutlwano se goroga kwa Monong mo mosong wa letsatsi la Matlhatso, se ne sa fitlhela bomme bangwe ba motse oo ba koname, ba thinkgetse ba dira mekgabisa ya setso. Tlhoafalo ya bone mo go se ba neng ba se dira e ne e le e e kwa godimo, mme se se supa ntle le pelaelo fa ba tlotla tiro ya bone fela thata.

Ka ban e ba solofetse, mme e bile re ne re tla le Raboipelego Modise Tselanyane go tswa Hukuntsi kwa re neng re thibeletse teng, go ne go nna bonolo go buisana le bone ka tiro ya bone. Fela kwa tshimologong, go ne ga lemotshega fa setlhopha se, le mororo se na le dingwaga di ka nna tharo se tlhamilwe, se ise se tewe leina.

Sengwe gape ya nna gore setlhopha se ga se na moeteledipele le fa e le batshegetsi ba maemo a mangwe a a tlwaelesegileng jaaka a mokwaledi le a motshwaramadi. Le fa pele bomme ba ba ne ba lebalebana, go lebega go se ope yo o ipaakanyeditseng go bua mo boemong jwa setlhopha, mongwe wa bone, Photshane Sentime, o ne a iphesa go tswa molomo wa setlhopha. Mme Sentime o ne a simolola fela ka go tlhalosa fa setlhopha sa bone se bopilwe ka 2009 ka maloko a ka nna lesome le botlhano.

O ne a supa fa mo tsamaong ya nako, setlhopha se ne sa gola mo jaanong se nang le maloko a le masome mabedi. O ne a tlhalosa fa setlhopha se sa bone se dira dilwana tse di farologanyeng di akaretsa matlalo a a aparwang ke ditlhopha tsa mmiino wa setso ga mmogo le dibaga le manyena. A re pele ga go tlhangwa ga setlhopha ba ne ba dira ka bongwe ka bongwe kwa malwapeng a bone mme lekgotla lengwe le le neng le bidiwa Western Kalahari Conservation Corridor, la ba rotloetsa go dira ba le setlhopha gore go nne bonolo go ka ba batlisa mmaraka. Mme Sentime a re le fa lekgotla leo gone le ne la dira maiteko, mmaraka o le neng la o ba bonela, o ne o sa lekana ka o ne o sa kgone go reka ka bokete mo go bone. Ka lemme le sa bolae go bolaya lesidi, ba ne ba kgona go oba letsogo ka bonnyennyane jo bo neng bo tsena mme bana ba bone ba se ke ba wele mo isong.

Mo sebakeng seno, Mme Sentime a re ba ikaegile ka khansele potlana ya Hukuntsi go bapatsa dithoto tsa bone. Le fa gone kgwebo e e na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go ba tshetsa, sebe sa phiri ke dikgwetlho tse ba iphitlhelang ba lebagane natso. Matshwenyego a bone a magolo, go ya ka Mme Sentime, ke ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse bareki ba batlang go reka mo go bone ka tsone. “Bareki mma ba re ja ntsoma. Ba batla go tsaya dilo tsa rona ka madi a a kwa tlase fela thata le fa re leka go tlhalosa ka fa go dira dilo tse go leng bokete ka teng. Mme ka theko e se e e kalo, re felela re di ba fa fela ka one matsana ao,” a ikuela jalo. Se sengwe se se tshwenyang ke letlhoko la mmaraka.

Mme Sentime a re mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, ba ntse ba tsena ditshupo tsa kgaolo tse gantsi di tshwarelwang kwa Tshane mme le gone theko e se ke e nne e e nametsang. Kgwetlho e nngwe e e lebaneng setlhopha se ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa ditsompelo tse ba di tlhokang go dira mekgabisa ya bone.

Mme Sentime a re mo nakong eno ba reka kgapetlana ya lee la ntshe e le nngwe ka P50 mo go beng ba dipolase tse di mo tikologong ya motsana wa bone.Leloko le lengwe la setlhopha, Mme Susan Sentime, ene o ne a supa fa go lela ga bareki ka ditlhwatlhwa go ba tsenya boitseme.

A re fa Batswana ba ne ba ka lemoga bokete jwa tiro ya bone ba ne ba ka tlhaloganya fa ditlhwatlhwa tsa dithoto tsa bone di tsamaelana le se ba se dirang. “Go dirwa ga dilwana tse ke mmereko o o seng kana ka sepe. Gape le dilo dingwe tse re di dirisang di ka baya botsogo jwa rona mo diphatseng, jaaka lorole lo lo tswang fa re rethefatsa dibaga,” ga tlhalosa Susan, a kaya fa batho ba ba tshwenngwang ke bolwetse jwa khuphelo, gotlhelele ba sa kgone go emelelana le lorole loo. A re mo tshugong ya matlalo gone, ba

patelesega go aramela monko o o bosula wa boboko jo bo senyegileng, jo bo dirisiwang go kolobetsa letlalo gore le sugege bonolo. “Boboko bo a bola, bo bo bo nkga, mme re tshwanelwe ke go bereka ka jone fela bo ntse jalo,” a gatelela. Dikgapha tsa mae a bontshe-bongaka Go tlhalosega fa dikgapha tsa mae a bontshe di sa dirisediwe go dira mekgabisa e e jaaka dibaga le manyena fela.

Go ya ka monni wa motsana wa  Monong Mme Masero Mosime, dikgapha di dirisiwa gape mo go tsa kalafi. A re go tswa goo-Lowe ba di dirisa go alafa malwetse a bana. “Fa ngwana a tshwerwe ke sehuba, a gotlhola e bile a gotetse, o tsaya dikgapha se o bo o di besa, o bo o di sila o  di tlhakanya le mahura le fa e ka nna a a a tlolwang, o bo o tshasa ngwana,” ga bua jalo Mme Mosime.

A re fa o dirile jaana, morago ga nako e e seng kalo, mogote wa ngwana o tlaa bo o kokobela mme le dikai tse dingwe tsa bolwetse di nyelele ka bonya ka bonya. Mme Mosime a re fa ngwana a tsholola kana a na le letlhatso, gone o komisiwa boupenyana jwa dikgapha tse morago ga go di gadika le go di sila.

Mo godimo ga moo, a re go otlhwa sebaganyana go dirisiwa dikgapha tse mme sebaga se se funelelwe mo lethekeng la ngwana. “Dilo tse ke molemo ka botsone. Bongaka jwa teng le jone ga se jwa bana fela, le bagolo ba kgona go ikalafa ka jone,” a supa jalo.

Maake

Morago ga puisanyo le setlhopha sa Monong, re ne ra lekela kwa motsaneng o o mabapi le oo wa Maake. Go ya ka Rre Tselanyane, Maake o tumile ka botsipa jwa banni ba one jwa go dira dithoto ka letlalo. O tumile gape ka didirisiwa tsa letsomo e bong bora le motsu, mme e le tse di kgabisang. Rre Tselanyane o tlhalosa gore didirisiwa tseo di dirwa mo metsaneng yotlhe e e lesome ya kgaolwana ya Hukuntsi. Sengwe se ke se lemogileng ke gore le fa leina la motsana o le kwalwa le bo le balega e le Maake, mo puong, banni ba kgaolo ya Kgalagadi bokone bone ba re ke Mmake. Kana gone ke bone ba ka itseng go le bitsa sentle ka ba itse ditso tsa motse oo. Kwa motsaneng oo, re ne ra bua le Rre Modirwang Tebete, yo o itshetsang ka go dira le go rekisa dithoto tsa letlalo.

Rre yoo o simolotse tiro e ya gagwe ka 2001, a gwetlhilwe ke go lemoga fa go ikaega ka go thusiwa ke puso go sa lekana. Le fa go ntse jalo, Rre Tebete a re botshelo jwa gagwe bo ne jwa se ka jwa fetoga mo go kalo ka le jaana a sa ntse a aperetswe ke khumanego.

A re go bo botshelo jwa gagwe bo ise bo fetoge, ke ka ntlha ya fa go se na theko e e kalo ya dithoto tse a di dirang. “Botshelo jwa me ga bo a fetoga ka theko e ne e le boutsana. Le fa batho ba reka, ba reka ka madi a a kwa tlase tota.

Ke tshotlego fela,” Rre Tebete a tlhalosa. Kgwetlho e nngwe e a lebaneng nayo ke go sa boneng matlalo sentle, le fa go ntse jalo, o ikaelela go wa a tsoga ka tiro e ka a solofela fa motlha mongwe theko e tlaa tokafala. E ntse e le kwa Maake, re ne ra buisana le Mme Beauty Mareetsane, yo le ene a dirang ka matlalo.

Mme Mareetsane o dira dithoto di akaretsa kapari ya ditlhopha tsa mmino wa setso, dibaga le manyena. Ene a re tiro e, o e ithutile ka 2004 kwa Kacgae kwa kgaolong ya Gantsi. Fa e sale a simolola, ga a ise a gadime kwa morago ka jaana tiro e e mo kgontsha go tshela botoka le ba lelwapa la gagwe. Le fa gone theko e se e e ka kuelwang, o ikgomotsa ka gore bana ga ba wele mo isong.

Puo ya Setswana kana ya re tlala wee! se je bongwanake ke godile. Mme Mareetsane, yo o ipelafatsang ka go bo a sa amogele dithuso tsa mophako e bile a sa dire mo lenaneong  la Ipelegeng, o atla letsholo la puso la nyeletso lehuma. O dumela fa letsholo le le tlaa thusa dikgwebo tse dipotlana tse di tshwanang le ya gagwe go itshetlela le go gola. Mme yo ene ga a a baya fela mo go bapadiweng ke khansele. Ka a dumela thata mo go reng mokodue go tsosiwa o o itekang, le ene o leka gotlhe mo a ka go kgonang go ithekisa. “Ke atle ke tsee dilwana tsa me ke ye ka tsone kwa Gaborone go ya go rekisa teng, se e le tsela ya go itsese batho ka kgwebo ya me. Fa gongwe ke dira le dikarata tsa ipapatso,” a tlhalosa jalo, a supa fa maiteko a a gagwe a berekela kgwebo ya gagwe fela thata.

Mme Mareetsane le ene o lwantshana le dikgwetlho jaaka badiri ba dithoto tse di tshwanang le tsa gagwe. Se se mo tshwenyang thata le fa go ntse jalo, ke go sa tsamaelaneng ga ditlhwatlhwa tsa dilwana tsa bone. O eletsa gore bagwebi ba go tshwana le ene ba ka bo ba baya ditlhwatlhwa tsa dithoto tsa bone ka tsela e e leng gore ga di na go farologana thata.

A re ditlhwatlhwa tsa bangwe di kua mo ba felelang ba sa rekelwe mme ba tloge ba supe ba ba rekelwang ka monwana ba re ba ikgagapelela bareki ka go gogobisa ditlhwatlhwa ntswa go ntsha dithoto go le bokete.

Ukhwi

Letsatsi le le latelang re ne ra phakela ka maikaelelo a go etela motsana wa Ukhwi, o o kaiwang o le dikhilomithara di ka nna makgolo mabedi go tswa Hukuntsi ka tsela ya lekgarapana.

Keletso e ya rona e ne ya nna tsone ditoro tota ka mosepele o ne wa retela ka ntlha ya tsela e e maswe e e yang motsaneng oo. E ne e rile go le maabane re goroga kwa Zutshwa, ra lemoga fa koloi ya rona e ne e simolotse go babalelwa ke ditsela tsa kgaolo eo mo e neng e bile e somogile leitlho le lengwe. Badiri ka rona kwa ofising ya Hukuntsi le bone ba ne ba re tlhagisa ba sa kgwe mathe ka seemo sa tsela eo, mme go lemoga ka koloi ya rona e ne e setse e koafala, ra ineela ra ikela fa Ncaang, o o leng dikhilomithara tse di masome a robang bobedi go tswa Hukuntsi.

Ka gone re ne re tlhoka go lekola bangwe kwa Ukhwi, re ne ra swetsa go buisana le bone ka mogala. Re ne ra ikgolaganya le mogwebi wa koo, Mme Julia Motlhahu, yo o tsamaisang kgwebo ya go apaya borotho. Mme Motlhahu a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2004 ka thuso ya khansele potlana ya Hukuntsi, mme ka 2005 a isiwa dithutong tsa go dira borotho kwa Rural Industrial Innovation Centre (RIIC) kwa Kanye.

“Ke ne ka isiwa dithutong gape ka 2006 go oketsa kitso e ke neng ke setse ke e amogetse, mme se se ne sa tsholetsa kgwebo ya me fela thata,” a tlhalosa. Letlhoko la dipalamo ke sengwe sekgoreletsi se se emeng kgwebo ya ga Mme Motlhahu pele. O dumela gore fa go ne go se na kgwetlho ya dipalamo o ne a ka kgona go ipapatsa sentle ka go tsamaisa marotho a gagwe mo metsaneng e e mabapi. Gape fa go ne go na le motlakase, Mme Motlhahu o dumela gore kgwebo ya gagwe e ka bo e dira botoka ka a ne a ka bo a dirisa motshine o o dubang borotho mme a kgone go dira borotho jo bontsi.

Theko ya borotho jwa ga Mme Motlhahu ke e e nametsang, ka a re banni ba motsana oo ba mo eme nokeng fela thata. O setse a dirile dipoelo tse e bile di mo kgontshitseng go ikagela ntlo e e dikamore pedi. “Ke rotloetsa batho go ikemela ka dinao. Ga go na ope yo o tlaa tlang go go ntsha mo lehumeng fa o phuthile matsogo o sa dire sepe,” a gakolola ba ba sa direng sepe go itshetsa. PHELELO

Buy Online Now!