Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Ngwana yo o sa leleng…
Author : Lucretia Chima
Maitiso a, a Spirit of Music a a neng a rulagantswe ke PP Entertainment a ne a tlogela barata moopelo bangwe ka kgalalo, ka bangwe ba baopedi ba ba neng ba tlile go ba bona ba tsene ba setse ba tsamaile. Mme se sa tsosa kgang ya gore kante tsamaiso e, ya go tsenya baopedi ba mo gae pele, e bo ba mafatshe a sele ba tsena mo mosong e bakwa ke eng?
Go dingwaga ke tsentse selo se leitlho, mme ke sa tlhaloganye gore a tsamaiso ke gore diopedi tsa mogae ba tlhatswetsa ba mafatshe a sele serala, jaaka go a tle go dirwe mo kgweleng ya dinao. Le fa maitiso a, a ne a kopantse baopedi ba Aferika Borwa, jaaka NaakMusiQ kana MJ yo o dirgatsang mo motshamekong wa Generations, Bongo Mafin, Thebe, Mandoza fa go tswa mo gae re ne re emetswe ke Samantha Mogwe, Zeus, Letso, A.T.I mo go bangwe, bontsi bo bone baopedi ba mo gae ka ba ba tswang kwa ntle ba tsene mo mosong.
Mo potsolotsong le morulaganyi wa maitiso a, David 52 Letshwiti, o ne a re tota le bone selo sa go tlhoka go kabakanya baopedi ga se a siama ebile go baya babogedi ka fa mosing, ka ba duelela go bona baopedi ba ba felelang ba sa ba bona. A re gantsi ba tsenya baopedi ba mo gae pele, e se ka lenyatso mme e le go leka go tsamaisa nako ya gore bontsi bo goroge.
“Mme tota selo se, ga se sone, e bile go tlhokafala gore re se sekaseke ka se tlaa felela se koba batho go tla maitisong,” Morulaganyi a tlhalosa. 52 o ne a re lantlha ba ne ba dira jaana ka gore batho ba ne ba ya dibareng pele ga ba ya maitisong a mofuta o, selo se a reng mo bogompienong se fetogile, ka batho ba tla ka nako.
O ne a re tumelo gape e ne e le gore fa seopedi se se tswang kwa ntle se tsena pele, batho ba ka nna ba tsamaya fa a fetsa. “Jaanong nna ke lemogile gore baopedi ba gotweng ba ba tona ba tshwanetse go tsena pele ga bosigogare, batho ba ise ba lape, gape ga se mongwe le mongwe yo o batlang go tsena kwa lwapeng ka borataro mo mosong a re o tswa maitisong.”
O ne a re ba ithutile mo go se se diragetseng e bile ba tlaa fetola dilo go somarela botsala jwa bone le babogedi. O ne a re mo nakong e e tlang ba tlaa tshwanelwa ke go fa baopedi dinako tse ba tsenang mo seraleng ka tsone.
Gone ka kgang e, moopedi wa mo gae Shanti Lo, a re lekgotla la BEPA (Botswana Entertainment Promoters Association) le tshwanetse go gagamatsa setoropo go bona gore barotloetsi ba mmino ba mo gae ba dira dilo ka tsela e e siameng. Moopedi yo wa mmino wa jazz, o ne a re se, se tsalwa ke go tlhoka tumalano ga morotloetsi le moopedi.
A re fa go le mo tumalanong motho o ka go dumela kana a ganana le gone. O ne a re ene o dumela fa baopedi ba mo gae ba na le kgogedi fela e e tshwanang le ya baopedi ba mafatshe a sele. “Bosheng ke ne ke opela le moopedi yo o tswang kwa ntle mme ke fa ke sa itumela go bona ke tlodisiwa baopedi ba bangwe, ka letla e bile ke setse ke lapile ntswa mo tumalanong re ne re dumalane ka nako.
Kana fa batho ba sa tle ka nako ga go a tshwanela go nkokonela. Eseng jalo tumalano ga e sa bereka,” ga tlatsa Shanti Lo. O ne a re barotloetsi ba tshwanetse go tlotla nako ka fa gongwe baopedi ba na le maitiso a mabedi bosigo bo le bongwe. Shanti Lo a re barotloetsi ba tshwanetse go lebelela dinako tse go tswalwang ka tsone gore ba seka ba sola babogedi.
O ne a re BEPA fela ke yone e e ka thusang ka go netefatsa gore barotloetsi ke maloko e bile ba sala melawana ya bone morago, selo se se ka tsholetsang seriti sa bone. Shanti Lo a re lekgotla le le ka fokotsa le gone go dira maitiso a mantsi mo letsatsing le le lengwe selo se a reng se ama dipalo tsa babogedi.
A re fa batho ba sa bonale mo maitisong babogedi ba felela ba tsamaya ba sa bona se ba se tletseng. A re le baopedi ba bangwe bogolo jang ba mo gae ba felela ba sa duelwa, ntswa ba ba tswang kwa ntle ba duelwa madi a mantsi pele ba tla mono.
Leloko la Culture Spears, Kabelo Mogwe yo o dumalanang le mafoko a ga Shanti Lo, a re barotloetsi ba mo gae ba a ba nyatsa, selo se a reng se ama kgolo ya bone. “Rona re opetse kwa mafatsheng a le mmalwa mme ga re ise re bone se re se bonang mo gae. Kwa Afrika Borwa re tsenngwa gongwe le gongwe, re duelwa jaaka baopedi ba bangwe. Kwano re lwela go bona madi a a botoka.”
Kabelo a re o ne a makala mongwe wa barotloetsi ba mo gae a diretse diopedi tsa kwa ntle tante ya manobonobo, ba a ja ba a nwa, fa ba mo gae ba ne ba beetswe tante e e sa lebegeng. “Ke sone se o bonang diopedi tsa mogae di itirela maitiso, re a bo re tshaba go ntshiwa ka loso lo golo.”
Moeteledipele wa BEPA, Zenzele Hirschfield, a re dilelo tse ba a di itse e bile a re ba leka bojotlhe gore lekgotla la bone le beye tsotlhe mo mannong. O ne a re ke keletso ya bone gore mongwe le mongwe yo o rotloetsang a ikwadise mo go bone, gore ba itse gore mang o dira eng le gone kae?
O ne a re barotloetsi ba tlhoka thuto ka merero ya tiro ya bone. “Kana o ka ipotsa gore a go a kgonagala go tlisa diopedi tse 10 mo maitisong a a tsayang 4 hours? Kana go raya gore o fetsa mo mosong, e seng jalo o tlola molao,” ga bua Zen.
O ne a re ba tshwenngwa ke boitshwaro jwa maloko mangwe, a re ke sone se ba ipaakanyetsang go simolola dithuta-puisano le bone, a re ga ba letlelele mo batho ba tsamaisang nako ya babogedi gotwe go emetswe palo e e rileng. Zen o ne a tlhalosa gore kgwebo ya bone e batla motho yo o akanyang maano a masha a a ka ngokang batho.
A re baopedi ba mo gae ba godile ebile bangwe ba na le kgogedi fela e e fetang ya ba ba tswang kwa ntle. Go le gantsi batho ga ba dumele mo mothong yo o ipuang kana a iteletsa phala. Ba dumela gore botswerere jwa motho bo tshwanetse go buiwa ke batho ba bangwe eseng mong.
Mme nna yo ke paka bana ba mo gae. Bontsi bo tsamaile bo ikgomotsa ka tshameko ya ga Samantha Mogwe yo o neng a dira go swela. Ya re a hetsa Letso le ene a tsholetsa serodumo sa mmino wa kwaito. Letso yo o neng a le mo setlhopheng sa DaVet Crew mo dingwageng tsa maloba o itiretse leina mo mminong o.
Pantsula for Life jaaka balatedi ba gagwe ba mmitsa, o ka go gopotsa mongwe wa baopedi ba setlhopha sa Trompies. Fa mosimane wa keledi, A.T.I, a tsena mo seraleng ga re tuu! Mongwe le mongwe a mo tlhomile matlho, a batla go bona gore gompieno o ba tsholetse eng. Ka bona le bone ba ba tswang kwaa! ba lebile ka kakabalo.
Fa a tla go opela Ke Lekhete ga dubega, banna le basadi ba dira go swela. Zeus le ene a supa gore ke eng a gapa dietsele. Ka ipotsa gore tota baopedi ba mo gae ba tlhaela fa kae, fa ba bapisiwa le ba ba tswang kwa ntle? Bokhutlo



