Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Xakhwe ke Matwetwe

Author : Mothusi Soloko

 

Morago ga mosepele wa dioura dile pedi ka mokoro, re raletse makgobokgobo a Okavango ra wela mo setlhakatlhgakeng sa Jao. Go ne mo go monnamogolo gatwe Mabotsa Xakwe.

Ammaruri lefatshe ke le tsamaile, matlho ame a bone ditiragalo di le dintsi, fela fa gotwe kadija,  ke ne ka bona gore ke ntse ke sa itse gore go tewa motho wa seemo se se ntseng jang.

 Ya re fa ke mmona jalo ka gopola rre, pele a  tsiediwa ke bomatlhogojane ba ba ipitsang dingaka ba mo gae. Kana a bowa gaufi le lebitla motho wa modimo a beile fela mo ngwaong.

Ba sa moaketse! Fa re tsena fa yo mongwe a re selo se epetswe mo lwapeng, yo mongwe a re se mo sakeng, yo mongwe a re thokolosi! Nnyaa re bina pina go sa lele sepe. E rile go fodisiwa ke sekgowa a ragela ngwao eo ya gagwe kgakala.

 Ke sone se ereng ke bona rre Xakhwe ke gopole gore fa e ne e pele, o ne a ka tswa ka kgomo di ka nna tharo mo sakeng la gaetsho.  Tota mosepele e ne e se wa letsomo la nkadilatlha, re ne re le mo letsomong la dikgang.

Fa re wela foo, ra fitlhela bangwe ba re emetse mo letshitshing la noka, kgakajana kgosi atla a tshematshema. Ra kgantlhantshiwa ke molelema wa noga, e feta fa pele ga rona o kare e tsewa ke phefo. Owaii nna wa-ga-Mmanaana ka e paralala fela ke sa boifi sepe!

 Kana ya re fa ba mpoka mo gae ba re, “Ke monkana wa phika le mokwepa, ke seboko se se tlhogo khibidu sa go jewa ke tladi ya bolawa ke mogoshane, ke mogau wa go jewa ke nare ya omelela nko.

Ke more o ko ntsweng o o sekeng o tshwarwa ka o baotshwari ba somoga mabogo”. Fa e le ba ke neng ke na le bone, ba gasama jaaka dikokwana di tshaba segodi. Ya re fa kgosi a ntse a re lekodisa motse jalo, a re bolelela ka matwetwe mongwe yo o latlhegetsweng ke pono. “O teng o kafa, ke ene a tshwereng motse,”

 Fa a rialo ka rwalarwala morafhe o ke neng ke tsile le one raya go wela kwa ga Xakhwe. Ra mo fitlhela mankge, kana ke raya kadija, motho a go lebe ka matlho fela a bo a go tlhalosetsa botshelo jwa gago jotlhe. Jaanong yo ka matlho ga ayo, o go utlwa ka mosumo a bo a itse gore o jewa ke eng. Fa ke tsena ka mo gadika ka dipotso. Fa okare di tlaa pala, a gowa ngwana gore a mo tlele ka thobane ya gagwe. Mosimane a itlola ka ponyo ya leitlho thobane ya bo e gorogile.

 Thobane e ke yone matlho.  Re ne re na le ramapodise wa Seronga Constatine Chilambampani. Fa thobane e goroga jalo, matlho otlhe a fitlhela a lebile ramapodise, a seka a re ka moso a wa ka lengole. 

A tlhwaa ka tsebe go utlwa gore thobane e bua e reng.Thobane e ga ke e tlhaloganye sentle, fa re sa tlhwaile tsebe jalo, ya tlogela ramapodise. “Mongwe mo go lona wa lwala,” ga bua ngaka. Ya ne e kete ke letsatsi le jeso a neng a tlhalosetsa barutwana ba gagwe gore  mongwe wa bone o tla mo itatola. Morafhe wa bowa ka morago go se nene.

Gatwe re ipolele ka bongwe ka bongwe. Ga simolola rre wa lesole. “A ke nna ke lwalang,?” a botsa thobane. Monnamogolo fa a re o e tsaya fa fatshe ya tshopoga,” “Ga se wena” ya nna karabo. 

A tla le bone jalo. Kgabagare a botsa gore ke mang yo o fatlase ga gagwe. Ka ipolela, “ke nna yo ke ntseng ke go botsa dipotso”. Fa ke rialo a tshwara thobane, ya gana go ema. A leka la bobedi, thobane ya tshophoga mo menwaneng ya gagwe. “Ke wena o lwalang”. Ba ke nang le bone ba omelela ka ditshego. “Ke bolawa ke eng,” “O bolawa ke metsi,” ya nna karabo.

“A rileng metsi?” “A molelelo,” “A dirwa ke eng molelo?” “A dirwa ke bolwetse,” “bolwetse jo go tweng mang?” “Rasephiphi!” Ba ke nang le bone ba se kgweeletsa kwa godimo. Ka mo tlogela ka masome a mararo a dipula. A itumela jaaka ngwana a reketswe semonamone.

Fa re tswa mosimane yo mongwe wa Mokwena a ya ntlheng yame. “Moree a go epele, yo ke ene tota le wena wa mmona.” Ka moaraba ka monyenyo. “Ga ke dumele mmata.” BOKHUTLO

Buy Online Now!