Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Mosu: Kanana wa Botswana

Author : Tachila Kayawe

 

Phefo ya motse e utlwala e le tsiditsana go feta ya mafelo a mangwe. Fa go lelwa ka mogote o o feteletseng lefatshe ka bophara,mo motseng wa Mosu mo kgaolong ya Boteti ya bo e le polelo fela.Motho a gopole temana ya Thamaga e e buang ka lefatshe la mashi le dinotshi, polelo Tachila Kayawe

 

Potso e e maleba ya nna gore ke eng motse o o nale tshisibalo le seriti sa selekanyo le selebego se?

Ditso di supa fa kgosi ya Bangwato Khama wa boraro ngwana wa ga Sekgoma le Keamogetse a tsholetswe mo motseng wa Mosu ka ngwaga wa 1823 morago ga kgorogo ya morafe wa Bangwato go tswa motseng wa Serowe ka dingwaga tsa 1800. Ditso di supa fa e ne ya re morago Bangwato ba fudugela kwa kwa motseng wa Kedia ko ba fitlhileng ba nna sebaka se sekhutshwana mme ba tloga ba fetela kwa le Palapye ba tloga ba ikgata motlha ba boela Serowe. 

Khudugo e go ya ka motlhokomedi wa matlotlo a tlholego mo motseng wa Mosu, rre Obonetse Maoto e diragatse ka nako ya dintwa tsa matebele,e go bolelwang fa ba ne ba bolaya merafe ba bo ba e tseele le leruo.

Seo sa baka gore Bangwato ba siele ko Mosu mme ba ya go thibelela ko thabeng e e ka nnang dikhilomithara tse supa bophirimatsatsi jwa motse wa Mosu. Thaba e e tumileng ka leina la Mmakgama.

E re ka Modimo o sa je nkabo,fa ba goroga ko thabeng eo ba fitlhela lerako le go dumelwang fa le agilwe ke batho ba morafe wa Great Zimbabwe ka AD 1300 mme ba le dirisa ele matlo a bone a borobalo le boapeelo.

Ka fa molemeng fa o fologela  thaba go motswedi wa metsi o o sa kgaleng o o bidiwang Mosu Springs. Ditso di supa fa motswedi o o ne o dirisiwa ke Sekgoma le ba lelwapa la gagwe go nwa le go nosa leruo la bone. Metsi a mo nakong ya gompieno a dirisiwa ke banni ba motse wa mosu go nosa leruo..

Metsi ao bane ba a somarela ka go a baya mo dinkgwaneng le go apaya ka tsone mme go bonala masalela a dinkgo tse di thubegileng fela.

Kgotla le yone e a bonala,Maoto o boletse fa go ne go nale setilo se go dumelwang e ne e le sa Kgosi mme mo nakong ya gompieno se seyo ka pelaela ya gore se tserwe ke ba ba dinalanyana.

Lerako le la Mmakgama go dumelwa fa e le lefelo le le boitshepho ka go twe le nale masego a lenyalo, tiro kana kopo dithapelo dipe fela.Go bonala le madi a ditshipi a go tweng bangwe ba a tlogela foo e le tebogo morago ga merapelo e ba dumelang fa e tlaa arabiwa.

Bangwe go supega fa ba kgona go lala koo ba dirile merapelo,ba gotse melelo ba tshubile le dikerese,se se supiwa ka magala a a bonalang gone foo le molora wa leiso.

“Batho ba ba gotsang molelo fa, ba senya bosupi jwa masalela a a bonwang mo matlotlong a, selo se ga se ka fa molaong, ba tshwanetse gore bogolo fa ba fetsa ba ole melora ya leiso go itsa go latlha boleng jwa bontle jo.” Maoto a latlhela.

Masalela a mangwe a a bonwang ke a dibaga tse dintsho le tsa mmala o mosweu tse di dirilweng ka dikgapha tsa mae a bo-mmantshe. Maoto o tlhalositse fa bajanala ba duela madi go bona matlotlo a le mororo a sa rekisiwe sentle mme madi ao a thuse go agela batlhoki, go ba gokelela metsi le dithuso tse dingwe fela tse ba di tlhokang.

Motlhokomedi wa matlotlo a tlholego one a tlhalosa fa ba moepo wa letswai wa Sowa bane ba aga serepodi (viewing deck) se se dirisiwang go lebelela bontle jwa makgadikgadi go tswa ko godimo ga thaba,a mangwe madi a dirisiwa go gopa tsela e e golaganyang matlotlo a tlholego otlhe le toropo ya Sowa go tlhofofatsa motsamao.

Serepodi se se diretswe pabalelo ya batho go itsa dikgobalo ka mantswe mangwe a kgona go kgokologela fa fatshe ka bajanala. 

Kgosi Thanyego Pemole wa motse wa Mosu o tlhalositse fa e rile morago ga phuduso ya batho ka dingwaga tsa 1945 ke Tshekedi Khama ba tla go nna mo motseng wa Mosu ba gogwa ke kgosi Letsweletse Gopolang.

Merafe e e fitlhelwang mo motseng wa Mosu ke Basarwa,Bangwato,Bakalaka,Baherero le Bakhurutshe mme botlhe ba na le direto tse di farologanyeng. Dikgotlana tsa motse o di thataro.

Matlotlo a mangwe  a tlholego mo motseng wa Mosu a akaretsa  Kaitshe escarpment ko go dumelwang fa go ne go nna rre mongwe a tswa Zimbabwe wa morafe wa Bakalaka a bitswa Kaitshe,go nale lerako la dimmithara tse di le 100 by 100.Letlotlo le le ka nna dikhilommithara dile lesome le botlhano go ya go botlhabatsatsi jwa motse wa Mosu.

Mosu escarpment ke ko go dumelwang fa balemi barui ba bogologolo bane ba lema teng ebile ba dirisanya le ba morafe wa Leopard Kopje go reka dinaka tsa ditlou,digalase le letswai.

Unikae springs ke letlotlo la tlholego ko metsi a nnang a ela fela ngwaga otlhe.Motswedi o ga o kgale le fa go ka nna leuba.Metsi ao a dumelwa fa a na le dithata tsa phodiso le go tlosa senyama le mewa e e maswe fa motho a a nwa kgotsa a tlhapa ka one.

Matlotlo a a kafa tlase ga komiti ya tlhokomelo e e bitswang Gumakutshaa Conservation Trust e mo nakong ya gompieno e iseng e simolole go nna mo tirisong.

Kgosi Pemole are motse wa Mosu o tswa bogologolong e le wa sekeresete ka batho botlhe ba ne ba tsena kereke ya Lontone. BOKHUTLO

Buy Online Now!