Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Mareletsane- lentswe le le itsegeng ka nogapotsane

Author : Itumeleng Semele

Polelo: Itumeleng Semele
Ditshwantsho: Itumeleng Semele

Lesedi la yone le ne le bonwa ke motho a le kgakala ka e ne e tsamaya ka molelo. Fa e shakgetse gone, re ne re  bona ka go tsubutla ga phefo e tona le ditlhare go tshikinyega ko lentsweng.

Se e ne le tsone dikai tsa boleng teng ja noga e kgolo e e neng e itsege ka leina la nogapotsane. Noga eo, e ne e nna mo lentsweng la Mareletsane.

Mareletsane, ke lengwe la matlotlo a tlholego a a fitlhelwang mo motseng wa Oodi. Ke lone lentswe lantlha fela fa o tsena ka motse o tswa bophirima le iphaphathile ka tsela e tona ya dikoloi e e tswang Gaborone.

Gatwe go tswa goo lowe go ne go itsege sentle gore lentswe leo, le ne le sa tlakatlakelwe, ka go bo go nna nogapotsane. 

Mme Bonang Mmashadi Sepotlo wa kgotla ya Ramochine mo Oodi, yo o tsetsweng ka ngwaga wa 1918, ke mongwe wa matlhogoputswa a a nnileng lesego go bona noga eo.

O tlhalosa gore fa e neng e itiretse bonno teng, go ne go le bojang jo bontle bo goletse kwa godimo mme bo nna bo le botala ka dipaka tsotlhe.

E ne e ikhutsa mo tlhageng e ntle eo, mme e re batho ba feta ntlheng ya fa e ikhuditseng teng, e shakgala thata mo e neng e dira tshenyo e kgolo.

O ne o utlwa ka mosumo fela o motona wa sefefo se tsubutla, mme e re o santse o gakgametse gore go diragala eng, o bone lesedi la yone le phatsima mo matlhong a gago.

Dikgosi tsa motse le tsone di ne di boifa noga eo thata, ga twe e ne e re di ya tshekong koo, di felele fela fa tlase, ba tshaba go rumula mong wa thota.

Noga eo go ya ka polelo ya ga Mmashadi, ga e tsamaye mo tseleng, e iphaphata fela ka lentswe, mme o lemoge ka lesedi la yone ga e lelemela e itswaketsa ka ditlhare.

Go ya ka Mmashadi, noga eo, e ne e bopegile ka tsela e e sa tlwaelesegang. E ne e le noga e kgolo thata e na le tlhogo e tshwanang le ya potsane, gape e lela jaaka potsane, ke gone ka mo e neng e bidiwa nogapotsane.

“E ne e sa bonwe motlhofo, fa go ne go ka utlwala mo motseng gore mongwe o tlhotse a  e bone,  re ne re itse gore ke botlhodi, re tla utlwa dikgang tse di botlhoko jaaka leso,” ga bua mosadimogolo Mmashadi.

Mmashadi ke Legata ka mophato wa Sekgatla mme o gakologelwa sentle gore o ne a  bona noga eo  lantlha a  santse a  le lekgarejwana ka ngwaga wa 1941.

“Fa ke e bona ke ne ke na le makgarejwana a mangwe re thuga mabele go le lenyalo la mme mongwe fa kgosing,” a tlhalosa.

“Re ne ra tsenwa ke tsebetsebe re ipotsa gore go tla utlwalelwa eng se se botlhoko fa e bonwa e lelemela motshegare jalo.

Motse o ne o santse o le monnye thata o sena dikago tsa segompieno, ka jalo re ne re e bona sentle fela fa e ntse e itswaketsa ka matlapa re le gone kwa lenyalong.

Mme ya re re fetsa go keteka moletlo, ka maswabi mme yoo a tlhokofala,” a tlhalosa jalo Mmashadi.

O gakologelwa gore noga eo, e kile ngwaga mongwe ya latlhisa rraagwe mogolo, Sebakelo Pilane, tlhobolo a  ne a  rile o ya go tsoma dipela a  bo a palelwa ke go e boela ka a ne a tshogile thata.

A re ba bone monnamogolo a tla a sa tshola seshabo le tlhobolo a  e  tlogetse a tetesela a bolela gore o ne a ile go rumulana a sa itse gore lentswe le na le beng ba lone.

Go ne go se ope yo o sa boifeng fa go tserwe dikgang ka setshedi se, bogolo jang fa o reeditse motho yo a kileng a se bona fa a kaya ka fa se ntseng ka teng.

Potso jaanong ke gore a yone nogapotsane e ntse e teng gompieno ka re bona bontsi jwa batho ba agile mo tlase ga lone lentswe le, fa bangwe go bolelwa ba etle ba ye go rapela mo go lone bosigo?

Mmashadi a  re ene o dumela gore e santse e le teng ka bosheng jaana go ne ga  kuelwa borre bangwe gotwe e ba latlhisitse dibaesekele ba ne ba rile ba tsena ka fa polasing e ka fa morago ga lentswe leo.

Megopolo ya batho ka bongwe ka bongwe e a farologana ka kgang e, ka bangwe ba akanya gore nogapotsane e sale e sule ka gore bangwe ba etle ba bonwe ba pagame lentswe leo.

Fa bangwe mo motseng ba re, rre mongwe o kile a e fitlhela mo gare ga tsela ngwaga tse di lesome tse di fetileng e tlolela kwa bokone jwa Mareletsane kwa go belaelwang gore fa e ya teng e ya bo e ya go nwa metsi.

Le fa go ntse jalo, Mmashadi a re o hakgamadiwa ke basha ba ba sa ntseng ba latola noga eo. A re ene o dumela fa e sa le teng.

Buy Online Now!