Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo

Ba Thamaga ba nwa Ipelegeng moro

Author : Idah Basimane

Lenaneo la ipelegeng e nnile tebeleopele ya setshaba ya gore Motswana mongwe le mongwe a itse fa a na le tshwanelo ya go akola meauso ya lefatshe leno. Batswana bangwe ba dule mo lehumeng la nta ya go tla mo seemong sa goitse gore lemme le bale amogelang baka le boloka gore le ba solegele molemo. 

Onkarabile Thulanganyo yo e leng mongwe wa babereki ba ipelegeng mo kgaolong ya Mogoditshane a re ka Mabaka a Ipelegeng, Batswana  batlhapa ba bantle ba kgatlhisa.  Are bakgona go tsenya bana ba bone dikolo. E re ntswa babereki bangwe e le banalebogole, go tia moko ga bo ne mo tirong go kgona go supa fa lenaneo le Batswana ba salobolo go le letela.

O kgothatsa baba santseng bana le go inyatsa kana go goga dinao mo tirong ka goitse gore tiro ya bone e tshwana le tiro nngwe le nngwefela ka jaana ba kgona go ipolokela madi kwo dibankeng.  

Le fa go ntse jalo mogolwane wa ipelegeng mo kgaolong potlana ya Mogoditshane Thamaga Rre Zaccheus Moremi  a re matlo a mabedi ya mothusa mokwaledi wa di wa khansele le ya mothusa molaodi wa kgaolo a ne a tsentswe mongwageng wa madi wa ditlhabolo wa 2014-2015. A re ntlo ya mothusa molaodi e ne e filwe madi aa kanang ka dikete di supa le makgolo a matlhano. Go fitlha jaana ga e esi e fele ka mabaka a gore ba ne ba babalelwa ke tlhaelo ya metsi ee kileng ya wela dikgaolo dingwe tsa lefatshe leno, ga bolela jalo rre Moremi.

A re seemo sa mmu o o sa tlhatlhojwang le gofitlhelwa ga matlapa a magolo kwa tlakase ga lefatshe ke dikgwetlho dingwe tse ba kaopanang natso tse di kgonago dia mananeo aa tshwanetseng go fela. “Tota maikaelelo a rona ke go ntsha Batswana mo seemong sese beelang kwatlse sa botshelo.”     

Rre Simon Baipoledi,  molomanagyi wa lenaneo la Ipelegeng mokgaolong ya Borwa Legare mo lephateng la Dikgaolo le tlhabolo Mage, o n e a re matlwana a boithomelo aa kwa Western Primary School kwa Thamaga, a tshwanetse a kabo a fedile go agiwa ka Mopitlo ngwaga eno ya 2016. “Tiego e tsisitswe ke rakonteraka.  Bangwe ba bone fa ba sena go duelwa ba goga dinao mo tirong. Ke nngwe ya dikgwetlho tse re rakanang natso.” O ne a tlatsa ka go re konteraka ya  moagi, e kgona go emisiwa fa tiro e sa dirwe ka fa ditumalanong.

Erile a iteela kobo moroko Mogolowane yo o gokaganyang lenaneo la Ipelegeng entse e le mo Lephateng la Dikgaolo le Tlabololo Magae, Ontatheletse Pusoetsile a re mongwageng wa madi wa 2016-2017 puso e file lephata la gagwe madi aa kang ka 612 964 318 e le dididadike tsa dipula go dirisiwa mo mananeong a ipelegeng lefatshe ka bophara. Pusoetsile a re dikgwetlho tse gantsi di amang le lenaneo le mo dikgaolong ka bophara ke gore morafe o tshwaragana le kgwetlho ya go leta kgwedi tse tharo go ise go thapiwe ope mo go o ne ka jaana babereki ba Ipelegeng ba thapiwa kgwedi le kgwedi. A re se raya gore fa go thapiwa, tlhokomelo e remelela mo go ba e leng gone ba thapiwang, mo go raying gore baba gologolo go ba fa tlhobaetsego ya go ba kanna base ke ba thapiwe.  

Ka fa a boletseng ka teng kgwetlho e nngwe  e ne ya nna gore babereki babo ba rekang dijo kgakala le bone. Puso e ne ya tsaya tshwetso ka ngwaga wa 2012 ya go fa baberi dijo baduela dipula dile tharo, ga bolela jalo mme Pusoetsile. O ne a tlatsa kago re mo gompienong babareki ba duelela dijo dipula difera bobedi, mme e bile gape ba duelwa fela jaaaka mmereki mongwe le mongwe fa ba le mo malatsing a boitapoloso le fa ba lwala.  

Mme Pusoetsile o  boletse go re lenaneo la Ipelegeng le simolotse le thapa badiri ba le dikete tse masome mane, a tlatsa ka gore, le ne la tloga la tshologelwa thata ke setshaba mo e leng gore gompieno le thapa dikete di le thataro makgolo a mane metso ele lesome le borobabongwe ka na go feta foo mo kgweding e le nngwe lefatshe ka bophara. 

O ne a tswelela ka go bolela gore mathata a mangwe e nnile gotlhoka go tlhaloganya maikemisetso a lenaneo ga merafe le bo ne tota baba le tseneletseng. Ka jalo lephata le tsere kgato ya gotsibosa setshaba ka ditselana jaaka meletlo ya Tebelopele ya Setshaba, go ipelela letsatsi la badirele puso, go tshwara diphuthego tsa kgotla, diphuthego tsa dikomoti tsa ditlhabolo tsa metse le tsedingwe.  

Mmuso o ile wa lemoga  letlhoko la ditiro mo lefatshing leno mme wa tla ka lenaneo la Ipelegeng go tla le thusa Batswana mo ditoropong le dikgaolo. Pusoetsile o ne a tswelela kago re maikaelelo a le lenaneo le, ke go bula ditiro tswa mebereko tsa nakwana mme disolegela lefatshe leno molemo. A re fa go buiwa ka go tsoloosa itsholelo, mmuso okopile batho ba ba lebaneng mosetshabeng go fela babareki ba ipelegeng dijo kwa mafelong a ba berekelang kwa go o ne. Mme Pusoetsile a re baakodi ba lenaneo le baduelwa dipula tse makgolo matlhano le masome a le mane, fa ba ba baeteletseng pele ba duelwa dipula dile makgolo a le maratarole masome amabedi a dipula 

Mananeo a Ipelegeng go ya ka Mme Pusoetsile a akaretsa goagiwa ga matlo a badisa dikago, maobo a dikgotla, matlwana a boithomelo, go sela matlakala, go epe mesele ya metse le tsedingwe. BOKHUTLO

Buy Online Now!