Volume 50 Issue 9 - September 2012 : Polelo

O sha ntshi o ogolang Mmamontsho?

Author : Keabetswe Idoh Dintwe

Kgomotso a golela mo lelwapeng loora Mogodiri, a itse fa e le gofejane ga MmaTonko le RraTonko. E ne e le ene mosetsana fela fa gare ga basimane ba le bararo e bong Tonko, Ditsile le Badisa. O godisitswe ka lerato le pabalelo e kgolo. MmaTonko o ne a nna ka go kgalema, a sa batle ba tshameka metshameko e e diphatsa jaaka go ragana. O ne a thusiwa ke gore ngwana wa baagisanyi, Kefilwe, o ne a rata go mo etela thata, ba bo ba tshameka diketo le go ja subi. Kgomotso le Kefilwe ba ne ba tsena mmogo kwa sekoleng se sebotlana sa Malekantwa, ba tloga ba ya go tsena se segolwane sa Reatile. O tsere lobaka lo loleele a sa itse go apaya. MmaTonko o ne a rata go mo direla ditiro tsa lelwapa ka bontsi ka a ne a sa ntse a gola. RraTonko o ne a tle a botse gore a ngwana wa mosetsana o ka tshwarwa jaaka galase e le ene a tshwanetsweng go rutwa tiro ya lelwapa, mmaagwe a itire tsebe se utlwe. Bomogolowe le bone ba ne ba sa batle go dira tiro epe e e bokete jaaka go rwalela dikgong le go ya kwa nokeng.

O ne a thusiwa ke gore o ne a na le karaki ya ditonki e a neng a rora dikgong le metsi ka yone. O goletse jalo mo kagisong , a sa itse gore o tsaletswe booraMogodiri.  Mashi a kgomo thobeng ke tswa ke le phepa, selabe se tla le motsayakgamelo. Mosi o nnile wa tswa ka bonya fa a le kwa sekoleng se segolwane, fa a dira mophato wa bobedi. Bangwe ba bana ba sekole ba ne ba a tle ba mmotse gore ke eng a tshwana le Gorata, a ba raya are ga aitse mme e bile ga se lesika le ene.

A ikaba ditsebe fa a utlwa dipotso tse di ntseng jaana, kana batho ba kgona go tshwana fela. Lerato le a neng a le fiwa, le ne le mo sirile matlho. Ya re letsatsi lengwe ba le mo moleng wa go phaka dijo, Kgomotso a dumedisiwa ke mme mongwe wa baapei a bidiwa Mmamontsho. “Dumela Kgomotso, a o a nkitse,” ga botsa Mmamontsho. “Nnyaa mma,” Kgomotso a araba. “Ke Mmamontsho, o fete o botse MmaTonko gore ke mang, o a utlwa ?” a mmotsa jalo a mo lebile ka kgatlhego e kgolo. “Ee mma, ke a utlwa.” Kgomotso a araba ka bonolo, a tloga a phaka dijo. Fela fa a sena go potela ka sekotlele sa dijo, Mmamontsho a bo a tlhaeletsa Ramodibe. “A o itse ngwana yo o neng a tloga fa?” “Ee,… o ka re ke wa ga MmaTonko…kante…?” a digela ka lentswe le le kwa tlase. “Nnyaa ruri MmaTonko, …” a tshegela kwa tlase, a baya loso fa fatshe, a tloga a  phunya kgang. “Heela, ngwana yo wa ga Baaitse o, o sale a mo aba a sa le mo diphatsaneng. Ke bona gore le ene ga a itse sepe, ke gore MmaTonko o ikaeletse go elama ngwana wa ga kgaitsadiake fela jaana. O batla go tsoga a re tima magadi.

Kana ngwana yo, Baaitse o mo tshotse le kgaitsadiake tota, yo ke mo salang morago, Tshepo. ”  Ditsebe ke magodu, tsa bo di setse di utswile mafoko a le, ga bo go senyegile. Kgomotso a palelwa ke go ja, a naya mongwe wa balekane gore a je, seipato e le gore o bolawa ke mala. O ne a gakgamaditswe ke kgang ya ga Mmamontsho. A eta a belaela gore a tota go tewa ene, mme tota a belaela ka gore go ne go buiwa le ene. A gakologelwa dipotso tse a tlholang a di botswa kwa sekoleng, a bona sentle gore ba ne ba raya jang ka gore Gorata ke ngwana wa ga Tshepo, monna wa madila.  Tshepo o ne a ruile dikgomo tse dintsi mme a tumile ka go rekisa madila, bogolo jang fa go le letlhafula.

Dilo tsa botshelo, maranyane maitsewe ke beng. Dikakanyo tsa nna mafaratlhatlha, Kgomotso a se ka a kgona le gone go bala ka nako ya go ithuta ya maitseboa, a letile fela go utlwa tshipi e lela. Fa a tsena kwa gae, a phanyega ka selelo, a tloga a ntsha gotlhe ka tlhaa le gore dikgang di tswa kae. Kgomotso a botsa mmaagwe tse dintsi go feta le tsone dithapo tsa leselo. MmaTonko a palelwa ke go tlhalosetsa ngwana, a betwa ke pelo, e e sa ileng mmotlana.  A itlhotlhora khiba a latela Mmamontsho, a ikana gore o tlaa mo itse sentle. Fa a tsena kwa ga Mmamontsho, a bula heke a suma, a kgomola lobati, madume a seyo.

Mmamontsho o ne sa ntse a reeditse seromamowa fa a utlwa motho a re, “Waitse ke ntse ke sa itse gore o a phadimoga. Mosadi fela yo o kana ka wena, o ka phanyega fela jalo, a bolelela ngwana dikgang tsa lelwapa la me? O ne o tsenwe ke eng fa o tlaa bua jaana Mmamontsho? Nkarabe o lese go nthotolela matlho” Mmamontsho a koloba ka motsotso, sethitho sa letshogo se ne se ela le mokwatla, pelo yone e itaya dikgopo, mathe a kgadile mo ganong.

A intsha ditlhong a re, “Ru..ruri ke kopa maitshwarelo, gone go balabala mo ga rona. Ke ne ke sa itse gore ngwana o gaufi,” a tshegatshega a ntse a latswa molomo o o pakotsweng ke ditlhong. MmaTonko a tswelela ka go omana. “O tsaya kgang e motlhofo, mme o sa ntse o tlaa e tlhalosa ka botlalo, ke hupetse mo go maswe e bile ke isa kgang e kwa kgotleng. O sa ntse o tlaa e latswa melomo gore o bo o itse. Nna se ke se batlang ke tlhaloso ya gore o sha ntshi o ogola eng mo mererong ya lelwapa la me. Ke tsile go go senyetsa tiro le gone.” MmaTonko a thubaganya lobati, a tswa mo lelwapeng la Mmamontsho a gwanta, le heke a e tlogela  e sa tswalwa.

Mmamontsho a sala a gadimagadima gore a go na le mongwe yo o ka tswang a utlwile tlhatlharuane e e neng e le mo ga gagwe, a saletswe ke gone go ikotlhaa fela, kana ga twe maikotlhao ke ngwana wa bofelo. A ipotsa goe kgang e fa e ka tswela kwa ntle, o ya go e tlhalosa a reng, monna wa gagwe ene o ya go mo raya a reng gone? Loleme lo a golega. Ya bo e le gone jaaka metsi a kgoberegile kwa gooraMogodiri, ga tloga ga latela dikgang tsa ga ke tsetse o gaisa ke otlile. Kgomotso a simolola go batlisisa kgang e, a itshoka gore a bo a bone ba tota e leng batsadi ba gagwe, e bong Tshepo le Moenyana.

Ka motlhodi wa motho o gaisa wa pidisetso, ba nna ba mo sokasoka gore a bo a fetogele booraMogodiri. E rile fa dikole di ema, a bo a tsenwe ke leoto la boraro, a simolola go nna le tsela ya “ke boa fale”, kante o ya kwa gaabo tota, kwa kalane e wetseng teng. Le mo lwapeng o ne a nna ka lerago le le lengwe. A tloga a bopama thata, mme a palelwa ke go ntsha kgang.

Kwa sekoleng matshwao a gagwe a wela kwa tlase fela thata. Barutabana ba kile ba re ba leka go mo gakolola ka kgang e ka e ne ya felela e ile kwa go mogokgo, ba itaya ka kwa ntle jaaka tlhobolo ya bujane. Fela fa a latlha pene ya mophato wa boraro, a bo a  ngwega a ya kwa Gaborone, a ya go nna le Tiego, yo a mo lomang serota.   ENDS

 

Buy Online Now!