Volume 54 Issue 10- October 2016 : Polelo
Moruti Seoke: morongwa wa modimo
Author : Itumeleng Semele
Go lemogile jalo Moruti Ramfi Seoke yo a gogileng kereke ya Dutch Reformed Church mo kgaolong ya Kgatleng mo Botswana dingwaga di le masome a mararo le bofera bobedi (38yrs).
Moruti Seoke ke mongwe wa bao ba Modimo a neng a ba ipeletsa, mme a mo tlhaola mo bontsing gore a nne naye a tle a mo rome go rera mafoko a a molemo mo bathong ba gagwe.
Ditso di supa fa e le ene moruti wa ntlha wa Motswana go etelela kereke ya Dutch Reformed Church mo lefatsheng la Botswana.
Kereke ya Dutch kgotsa DRC jaaka e tlwaelesegile go bitswa mono gae, ke nngwe ya dikereke tsa ntlha mo lefatsheng leno, mme tshimologo ya yone e ne e eteletswe pele ke baruti ba batho basweu fela.
“Ke tsaletswe mo kerekeng ya Dutch mo kgotleng ya Madibana ko Mmathubudukwane dingwaga tse di masome a ferang bobedi le bone tse di fetileng(84), ka golela mo go yone go fitlha ke nna moruti” a tlhalosa jalo.
O gakologelwa sentle gore o kolobeditswe mo kerekeng ya Dutch ka ngwaga wa 1956 a sale lekawana, ke moruti JC Mentz wa motho mosweu yo o neng a okametse phutego ya Mochudi ka nako eo.
A re ka a ne a le ngwana o kutlo e bile a le boikokobetso thata, moruti Mentz o ne a mmaya leitlho mme a netefatsa gore o nna gaufi le ene go mo ruta lefoko la Modimo ka go nna a bala Baebele nae .
“Ke ne ke ya sekolong mo mosong, morago ga sekole ka thapama ke ye kwa go ene go ithuta lefoko la Modimo mme kwa morago ke mo thuse mo tshingwaneng ya gagwe ya merogo a ntuela ka madi a ne a tlhokwa ka nako e o”, ga tlhalosa jalo Moruti Seoke.
Go ya ka ene, Moruti Mentz o ne a itumedisiwa thata ke ka fa a neng a letlhaga e bile a rata lefoko la Modimo ka teng mme se o sa mo mo gwetlha go mo kopela madi a go tsena sekolo sa boruti ko ofising kgolo ya boruti kwa Bloemfontein, South Africa.
“Mme ka go se sepe se se thata mo Modimong , ka 1957 ke ne ka segofala ka bona phatlha ya sekole ya go ithutela boefangele sebaka sa dingwaga tse tharo ko Stofberg Memorial School of Theology kwa Vereeniging, South Africa,” ga tlhalosa jalo moruti Seoke.
Mme ga go aka ga felela foo, ofisi kgolo ya kereke e ne ya tswelela ka go morotloetsa mo dithutong tsa gagwe ka jalo ya re ka 1960 a ya Petersburg go ithutela boruti jaanong sebaka sa dingwaga tse dingwe tse tharo.
Morago ga dithuto tsa gagwe o ne a boela gae ko a fetileng a tlhomamisiwa go nna moruti kgwedi ya Mopitlo e le 28, 1964 mo kereng kgolo ya Dutch ko Mochudi, mme e bo e le yone tshimologo ya mosepele wa gagwe wa go etelela phutego ya Modimo pele.
A re o ne a direla mo phutegong ya Mochudi ka lobaka go fitlha ka 1972 fa a bilediwa ko phutegong ya Sikwane kwa nnileng dingwaga di le tlhano teng a tsaya mo go Moruti Esterhuizen wa Afrika Borwa.
Ke ne ka boela ko phutegong ya Mochudi ka 1977 fa kereke jaanong e ne e ipelela dingwaga tse di lekgolo (100) e ntse e le teng, mme ka nna ko Mochudi go fitlha ke ikhutsa ka bogodi ka ngwaga wa 2002.
Moruti Seoke ke modisa yo o molemo e le ruri, sekao sa motia mo sechabeng sa Botswana le mo kerekeng ya Modimo lefatshe ka bophara, go nne le fa kereke ya gagwe e ne e etle e aparelwe ke dikgwetlho ka go farologana ene o ne a sa la a itshwareletse ka seikokotlelo sa gagwe.
O tshetse botshelo jwa gagwe jotlhe jaaka modisa wa dinku yo e a reng fa letsomane la gagwe le timetse a le senke mme a le golole lotlhe mo mafelong otlhe a le falaletseng kwa go one.
A re o dirile go le gontsi thata mo kerekeng a kgothatsa a bo a sokolola bao ba ba neng e kete ba tla tlelwa ke boitlhogo mo tumelong nako ya fa kereke e aparetswe ke mathata.
Mo ditsong tsa yone, Kereke ya Dutch mo lefatsheng la Botswana e kile ya aparelwa ke mathata a pheletsong ya one a neng a tsala makgamu mo phutegong fa bangwe baphutegi ba ne ba felela ba tlogetse kereke gotlhelele.
Tse tsotlhe tse o fa di dirafalela phutego ya gagwe, Moruti Seoke a re o ne a sala a kakatletse tumelo ya gagwe mme Modimo wa mo tlatsa ka nonofo gore a kgone a dirise lefoko ja one go bopa phutego ya Dutch e re e bonang gompieno e godile e bile e tsweletse ka go anama le lefatshe la Botswana.
A re ga a ise a ke a lebale maikano a gagwe a a neng a ikana ka one fa a ne a tlhomamisiwa go nna moruti gore tiro ya gagwe e Modimo a mo e bileditseng e raya eng.
Le fa go ntse jalo a re mosepele wa go etelela phutego pele o ne o se botlhofo ka o ne o na le dikgwetlho tsa one bogolo jang pele lefatshe leno le tsaya boipuso. A re pele ga boipuso go ne go sa ntse go na le kgetholo ya letso ka mmala fa gare ga baruti mo kerekeng.
O tlhalosa jaana gore o ne a fitlhela kereke ka ditso tsa yone e ne e ntse e eteletswe pele ke baruti ba batho basweu, mme seo sa tsala kgethololo fa gare ga baruti ba batho bantsho le basweu.
A re sekai se a se gakologelwang ke gore ka tshipi mo kerekeng batho basweu ba ne ba nna ntlha e le nngwe fela le dikgosi ba sa tlhakane le baruti ba batho bantsho.
Go ya ka ene pele ga boipuso, go ne go na le molao (policy) o o papametseng o o neng o itsa baruti ba batho bantsho go ka nna mo ntlong e e agilweng ke mission e le gore e tshwanetse ya nna ba baruti ba basweu fela.
Mme sone seemo seo fela ka bonosi jwa sone se ne se tlhoka gore o bo o le pelotelele, o le boingotlo gape o le boineelo mo tirong e o e bileditsweng ke Modimo.
Gompieno Ramfi o setse a ikhuditse mo tirong ya go etelela kereke pele ka mabaka a bogodi, mme ke mogolo wa kereke yo baruti ba mo tshephang thata mo ditirong tsa Modimo tse di akaretsang go fitlha, go kolobetsa le go jesa selalelo.
A re mme o ikhuditse ka pelo e tshweu ka jaana o tlogela kereke ya gagwe e tiile thata e na le diphutego tse dintsi thata e bile e na le baruti ba ba fetang lesome le borataro ba ba rutetsweng boruti mo Botswana, a re se ke se supo sa kgolo le tswelelopele mo tirong ya Modimo.
Moruti Seoke o amogetse dietsele tsa tlotla le tsa go mo lebogela go dira tiro ya Modimo ka boammaruri le bopelotele, go tswa mo go Tautona wa Botswana , mo go Kgosi Kgolo Kgafela wa bobedi le mo kerekeng ya gagwe ya Dutch.
A RENG KA SEABE SA KEREKE MO KGOLONG YA LEFATSHE LA BOTSWANA
Fa o botswa ka seabe se kereke e nnileng naso mo kgolong ya lefatshe la Botswana, Moruti Seoke o tlhalosa fa kereke e le yone e bopileng Botswana wa gompieno ka e tsile ka lefoko la Modimo ya ba ya ruta batho go bala le go kwala.
A re kereke e nnile le seabe se segolo gape mo mohameng wa botsogo mo lefatsheng leno ka e tsile ka dikokelo le baoki.
Moruti Seoke a re o itumelela boipuso jwa lefatshe le no ka bo tsile ka diphetogo tse dintsi tse di akaretsang thuto, bongaka le kgololesego ya go rapela.



