Volume 65 December 2026-January 2026 : Polelo
Khubamang o tsosolosa merogo le maungo a naga
Author : Pako Lebanna
Rre Botlhe Khubamang, yo o itshetsang ka go lema dijwalo tsa Setswana, ke rre yo o godileng a sa itse kgoro ya sekole; mme mo bogompienong bomankge ba dikole tse dikgolo ba tla ko go ene go ithuta ka dimela tsa setso.
“Ke godile ke disa, ke ne ka tlhoka go tsena sekole le fa e le se sebotlana tota. Go goleng ga me ke ne ka nna le keletso ya go tsosolosa dijwalo tsa rona tsa Setswana, ka ke bone okare dingwe di tlaa nyelela,” Rre Khubamang o ne a bolelela Kutlwano.
Baitseanape ba mafelo a temo ya ditlhare, ke gore di-‘forestry` le ba sekole se segolwane sa Botswana University of Natural Resource Management (BUAN) e e kileng ya bo e itsege e le Botswana College of Agriculture (BCA), ba na le thulaganyo ya go tla kwa ga Rre Khubamang ko Kopong, kwa a lemang teng dijwalo tsa Setswana.
“Ke na le thulaganyo le ba di-forestry le ba BUAN go ba rutuntsha ka dijwalo tse. Ba motlobo wa ditso, National Museum, ba rekile ditlhare tsa me, ebile ba di jwadile mo motlobong wa bone o mogolo mo Gaborone,” Rre Khubamang o ne a tlhalosa.
Motsadi wa bana ba bararo gammogo le bana ba bana ba babedi, Rre Khubamang yo o dingwaga tse 57, o tsetswe ko Kopong kwa a goletseng teng. O bolela fa a tshedile botshelo jwa modisa fa a ntse a fatlhoga, mme a felela a kgweetsa dikoloi tse dikgolo tsa dikgwebo mo Gaborone.
“Ke berekile ka lobaka ke le mokgweetsi ko ke neng ke thapilwe teng. Mme ka ngwaga wa 2009, ke ne ka tlogela tiro go itebaganya le go jwala ditlhare tsa Setswana, tiro e jaanong ke itshetsang ka yone,” ga bua Rre Khubamang.
O bereka go bapala dipeo tsa ditlhare tse mo nageng, a bo a di lema kwa tshingwaneng ya gagwe kwa Kopong. Dijwalo tse di akaretsa mmupudu, legalaba, morama, thoma, tshuge, kgopo, ntlhofi, nkgotlhwane, leruso, serowa, kgane, kgolola le thejane.
Thoma e tshwana le kwii ya Sekgowa (onion), fa ntlhofi le nkgotlhwane di tshwana le segwete (carrot), thejane ke molora wa Setswana o o tswang kgakala o dirisiwa go tlhapa, fa kgolola e dirisiwa go tlhotlha khadi.
Rre Khubamang a re boreaitse ba kgotha tikologo ka go bapala ditlhare tsa Setswana ka bontsi mme ba sa boe ba di jwala.
“Ke gwetlha dingaka tsa setso go itlwaetsa go jwala ditlhare tsa Setswana ka ke bone ba di dirisang thata e bile ba di fokotsa ka palo,” o ne a kopa.
Rre Khubamang o kgona go itshetsa ka ditlhare tsa gagwe di a rekwa. O kile a amogela seetsele sa National Vision 2016 Award ka ngwaga wa 2012, mme keletso ya gagwe ke go bona dibanka, dikompone le maphata a puso a mo thusa go atolosa kgwebo ya gagwe.
O wetsa ka go kopa Batswana go somarela ditsatlholego ka di kgona go nyelela. Go mo maruding a rona gore a re tsaya kgakololo e ka tlhwaafalo; ka go mo utlwa ka tsa ga morakile re ka thanya lomapo lo le tsebeng.



