Volume 55 Issue 1- January-February 2017 : Polelo

Dimawe: Boremelelo jwa ditso tsa Bahurutshe

Author : Idah Basimane

Lentswe la Dimawe mo motsaneng wa Manyana  le dule sekgantshwane sa ditso e seng tsa motse o le mo go lone fela mme e leng ditso tsa merafe ya lefatshe leno. Mangwe a mafelo a a nang le ditso a tlhomilwe leitlho ke morafe go tla go dirisiwa jaaka mafelo a a ka  okang bojanala.

Kgosana Phala Shalako wa kgotlana yoo ra Serope, mo motseng  wa Mmankgodi o boleletse Kutlwano gore go sa ntse go sa tlhaloganyesege sentle ka jaaana morafe wa Bahurutshi ba Mmankgodi bangwe ba re Lentswe le le nang le ditso tota le bidiwa Rakgopedi, le tota le leng mo Mmankgodi. Lentswe la Dimawe le le sutileng dikgato di ka nna lekgolo le masome a matlhano go tsena mo kgaolong ya Kweneng, ka jalo gatwe le kwa ga Manyana. 

“Gatwe Dimawe ke ene a nang le ditso mme rona Bahurutshi re itse sentle gore Rakgopedi ke ene a reweleng ditso. Maburu fa ba lwa le merafe ya Batswana ba ne ba tswa ntlha ya borwa fa Batswana ba ne ba nna kwa Dimawe, fa ba ba neng ba lebeletse maburu ba ne ba nna kwa godimo ga Rakgopedi .”

Shalako a re dingwe tsa ditso tse di fitlhelwang mo lentsweng la Rakgopedi ke mabitla a a lebegang e le a bogologolo. Batho ba ne ba fitlhwa ba kotame gore mabitla a seka a ja lefatshe, e bile a beilwe mo motlhabeng fa o ya tlase, ga bolela jalo Shalako.

O tsweletse a nankola ka ditso tsa Bahurutshi a re se se ka kgatlhisang mo motseng oo , e bile ba se beile leitlho mo go tsa bojanala ke legaga le le iseng le newe leina le le mo thabeng ya Mmankgodi. A re go fitlhetswe dinkgwana le marako a e neng e le matlo a batho ba tshidileng mo go one bogologolong. Go na gape le kgopu e go bolelwang e ne e le lefelo le go rutelwang bogwera mo go lone, ga bolela Kgosi Shalako, a tlatsa ka gore o rotloetsa Bahurutshi go nna le mowa wa go somarela ditsa tlholelego.

Bahurutshi gape ba ipelafatsa ka lefelo le gape le nang le ditso la segopotso sa mogaka wa boefangedi,  David Livingstone, kwa go nang le mabitla a le mane teng. Kgosi Shalako o boletse gore maikaeleo a ga Livingstone go tla mo Aferika e ne e le go gogela batho ko tumelong ya Sekeresete, go latedisa modi wa noka ya Nile le gore fa ba bona meamuso ya tlholego ba e tseele kwa ga Mmamosadinyana.

Motlhokomedi wa lefelo la ditso kwa diofising tsa ditso mo Gaborone, Tsenolo Kgosipula a re lefelo la segopotso sa ga Livingstone le amana le ditso tsa Bahurutshi ba mo nakong eo ba ne ba le ka fa tlase ga ga Kgosi Sechele ka jaana Livingstone a kgonne go sokololela

Kgosi Sechele wa ntlha kwa tumelong ya Sekeresete ka ngwaga wa 1847, a tlatsa ka gore ke yone ngwaga e  ka yone Livingstone a thibeletseng kwa Kolobeng.

Lebaka le lengwe le le ka tswang le amanya Bahurutshi le Livingstone ke gore, fa ba goroga mo lefatshing leno, ba fetile ba kopa tshireletso ka fa tlase ga ga Kgosi Sechele yo mo nakong eo a neng a setse a kopane le Livingstone.  A re go papametse gore morago ga ntwa ya Dimawe Bahuritshi ba ne ba tsamaya le Bakwena botlhe ba siela kwa Magagarapa mo kgaolong ya Kweneng, mme morago Kgosi Sechele wa ntlha a busa Bahurutshi go tla go disa molelwane kgatlhanong le maburu.  E rile ka ngwaga wa 1848 Livingstone a kopa Kgosi Kgosidintsi  yo e neng e le monnawe Kgosi Sechele go thibelela kwa Dimawe ka go ne go le leuba gape noka ya Kolobeng e kgadile mme ba dumela gore Dimawe e na le metswedi ya metse.

A re  ka jalo kwa Dimawe ga bo go na le merafe ya Bahurutshi, Bakaa, Bakwena le Batlokwa. O tsweletse a bolela gore nako e, ke e maburu a Aferika Borwa a neng a batla go gapa lefatshe la Batswana.

“Go ne ga nna ntwa  ka 1852, e e itsegeng mo ditsong, e e biditsweng ka lentswe la Dimawe.  Mo go yone go  ne ga tlhokafala masole a le masome a mararo le borataro a merafe ya Batswana e e neng e nna kwa Dimawe fa Maburu bone ba tlhokafetse ba le masome a marataro le borataro.”

Morago ga ntwa e Sechele o ne a tsaya Bakwena go ya go thibelela kwa Dithubaruba mo kgaolong ya Kweneng.  Livingstone o ne a tsamaya le Sechele ka ngwaga wa 1853 ka maikaelelo a gore o batla go ya mosiwathunya kwa Zambia. Kgosipula  a re tota ga go na lebitla la ga Livingstone kwa Kolobeng, mme go na le lebitla la ga morwadie e leng Elizabeth Livingstone yo o tshwotsweng ka kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le mane ka 1850 mme a tlhokafala ka Lwetse yone ngwaga eo.

“E re ntswa Elizabeth a tlhokafetse a sa le monnye, lebitla la gagwe le ageletswe go nna le lerako le letona le Livingtone a le biditseng la tsogo ya baswi.  A re lebitla le lengwe ke la ga Alfred Dolman yo a boletseng fa e ne e le lesole, mme a tsene mo Aferika ka maikaelelo a go tsoma le go tla go tsaya nama ya diphologolo a e romela kwa gaMmamosadinyana.” Go ya ka Kgosipula, Dolman o bolaiwe ke go ja maungo a naga a a sa jeweng. O boletse gape fa lebitla le lengwe e le la ga John Colman yo ene a ipolaileng ka tlhobolo dimmaele di ferabobedi go ya kwa Lions Park. A re Colman o ne a ipolaya ka a ne a bona a setse a le nosi e le motho mosweu Dolman a mo tlogetse.

O netefaditse fa tota Livingstone a tlhokafaletse kwa Zambia ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gagwe ka ngwaga wa 1873 ko lecheng la Banguela mme a fitlhwa kwa Scotland kwa mabitlen a Westmister. A re o tlhokafetse ka go bolawa ke malaria.
O iteetse kobo moroko a re Livingstone o ne a tsena mo nyalong le Mary Moffat ka Phatwe a tlhola gane ka 1845. A re pelo ya ga Livingstone ke yone e e fitlhilweng kwa Mpudu tree kwa Zambia, mme lefelo leo le sireleditswe go nna segopotso sa  ga Livingstone mo lefatsheng leo.

Buy Online Now!