Volume 60 December 2024 : Others
Ditlhabololo tsa motse wa Medie di saletse kwa morago
Author : Kutlwano
Medie ke motse o o ikadileng kwa borwa botlhaba jwa Molepolole. Mo Motseng o, go na le merafe ya Basarwa le Bakwena ka dipalo di ka nna sekete le makgolo a mabedi le masome a mabedi le botlhano
Motse o, fa o tshwantshiwa le metse e mengwe, ke motse oo saletseng kwa morago ka ditlhabolo ka gona le sekole se se botlana le kokelwana.
Bontsi jwa banni ba bereka mo Ipelegeng, ke ka moo e rileng banni ba utlwa fa go tlaa simologa moepo wa kopore, ba nna le tsholofelo gore ba tlaa bona ditiro go tokafatsa matshelo a bone.
Mo puisanyong le moeteledipele wa komiti e e kopanyang moepo le morafe, Rre Gideon Merriweather o tlhalositse go re ditlhabololo tse di dirilweng ke khamphani ya Minergy mo motseng, ga dikalo, fa e se go gokela motlakase fela.
O boletse gore khamphani e, e simolotse tiro mo motseng ka 2017. A re, le fa morafe o amogetse khamphani go ne ga nna le matshwenyego mabapi le lerole, monko wa magala, le go thubega ga matlo fa go thuntshiwa kwa moepong.
“Ka matshwenyego a a kana, re kile ra akanya gore puso le moepo di fuduse motse, mme maitemogelo ya nna go re go ka lopa puso madi a mantsi,” ga tlhalosa jalo Rre Merriweather.
A re ba ne gape ba nna le kakanyo ya gore morafe o tlhatlhojwe bolwetse jwa kgotlholo e tona gangwe mo ngwageng, le go ne go re matlo a a thubegileng a baakangwe, mme go lebega go se nko e tswang lemina ka se ba se kopileng.
O buile a sa kgwe mathe ka tsela e e tswang mo Lentsweletau e ya Medie, a re ke yone e kgolo e baeti le ditlhabololo di tlang ka yone mme seemo sa yone ga se jese diwelang.
A re e dikhuti, fa pula e nele seemo se a kekela, e bile lerole lateng le setse le amile masimo a a fa thoko ka jaana go balemi ba setse ba itlhobogile.
Fa a bua ka mafelo a bojanala le ditso mo motseng, a re ga go kalo fa e se matamo a mabedi, e bong la Medie le Dikalakolane.
O tlhalositse gore ba kopile khamphani ya moepo gore e tlhabolole matamo gore a kgone go tshegetsa metsi a mantsi mme nako kgolo ke eno. O tsweletse a re, se se dira go re ditlhabololo tsa motse di salele kwa morago.
Fa a akgela ka go dirwa ga tsela e kgolo e e tshwanetswengw go tlhabololwa, Molaodi wa Letsweletau/Lephephe, Puso Gaotlhobogwe a re puso e ntshitse bontlha bongwe jwa madi, fa moepo wa Minergy o ntshitse bontlha bongwe.
Gaotlhobogwe o netefaditse gore ga go kalo mo go dirilweng ka ditlhabololo kwa motseng wa Medie.
Moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Kgomotso Motlhagodi a re leina Medie le tswa mo kgannyeng ya gore bogologolo fa barongwa ba kgosi ba le mo letsomong, ba ne ba tsena kwa motseng wa Medie, mme ba fitlhela dithakadu di epile mesima golo gongwe.
“E ne ya re ka jaana mesima ya dithakadu e ne e tswela metsi, ba ne ba nna foo ba sa boe ka bonako. Ka jalo lefelo leo la bidiwa Medie, go raya go re ba ne ba diega,”go bolela jalo Motlhagodi.
A re go matshwanedi gore tsela ya Lentsweletau-Medie e tshelwe sekonetere. O tlhalositse gore ditlhabololo tsa motse di akaretsa go tlhabolola leobo la kgotla le matlo a ba komiti ya ditlhabololo tsa motse a ba berekelang mo go one.
Fa iteela kobo moroko, Kgosi Moatlhodi Kgabo wa Medie a re selekanyo sa palo ya batho se wetse kwa tlase fa go lebeletswe palo ya batho e e fitileng.
A re se se ka tswa se dirwa ke gore batho le fa ba nna kwa motseng, ba balelwa kwa ba tsholetsweng teng. ENDS



