Volume 60 December 2024 : Polelo

Bookelo jwa go ithutuntsha ka lenyalo bo ka boloka isago

Author : Charity Keobokile-Opelo

Lenyalo ke mpho e Modimo a ka go e neelang mo mosepeleng wa gago wa botshelo. Ke nngwe ya ditshegofatso tse bontsi bo di eletsang, mme e re fa o setse o le mo go le le fisang lenyalo, o gopole kwa morago ka jaana maikwatlhao one e nna e le ngwana wa morago. O tlaa dumelana le nna mmadi gore tshipi e e mo monwaneng o o ka fa molemeng e a berekelwa. E re le fa go ntse jalo, bangwe ba setse ba itseetse ditshwetso mo botshelong gore bone ga ba di tsene ka lenyalo ka jaana ba sa batle go itshela mmoko wa talane. Ba leba lenyalo e le dikgole, potso ke gore a mme lenyalo ke dikgole, kgotsa ke rona ba re le dirang gore le re sulafalele?

Botswana o mo gare ga dinaka tsa nare mabapi le dikgetsi tsa tlhalo tse di setseng di tlhobaetsa kwa makgotleng a ditsheko. Potso ke gore re dirang re le sechaba go tshwaragenela mathata a gore re nne le malwapa a a tiileng go ka godisa bana le gone go nna legae la kagiso le lorato mo banyalaning.

Lenyalo le batla o le diretse mosele wa pula ka go tsenelela bookelo ja go ithutuntsha pele ga o tsena mo lenyalong ko bagakoloding ba ba rutetsweng tiro, le gone go buisana le baruti gore ba le kaele tsela lo le bobedi jo bo mo botsalanong. Bookelo jo, jwa go sedilwa maikutlo bo thusa thata go go fodisa mo go tse di fetileng. Re bo bitsa Pre-Marital Counseling and Therapy ka puo ya sekgowa. 

Se se raya gore o a bo o fiwa kalafi mo tlhaloganyong le mo maikutlong, segolo-bogolo fa o kile wa tlhagelwa ke mathata fa o ntse o gola. E ka nna kgokgontsho ya bong, go tseelwa dikobo ka dikgoka, go sa fiwa lerato ke botsadi jo bo go tsetseng kgotsa sepe fela se se ka go dirang gore o palelwe ke go tshela sentle le molekane wa gago.  

Go tsenelela Pre-Marital Counseling go thusa thata go boloka isago ya lenyalo le bobedi bo eletsang go tsena mo go jone. Bobedi jo bo neelwa dithuto tse di yang go ba agela motse le go tsisa ledula la kagiso mo lenyalong. Se, e bo e le yone paakanyetso ya gore bobedi jo, bo tlhaloganye le gone go ithuta ka kgolo le kgodiso ya bakapelo ba bone go tswa kwa moding, ka tota bobedi bo kopana bo sa itsane mekgwa le fa e le medi ya malwapa a ba tswang kwa go one ka bongwe ka bongwe.

Dithuto tsa Pre-Marital Counseling di thusa go epolola dikgang tse baratani ba sa phutlhologang go buisana ka tsone, dikgang di tshwana le tse di latelang;

-Tsa Madi (Finances)

-Tsa Tumelo segolo bogolo dikgang di ama dikereke (Beliefs and Values)

-Tsa tlhakanelo dikobo mo lenyalong (Conjugal Rights)

-Bana le kgodiso ya bone, le ba ba kwa ntle ga lenyalo tota fa ba le teng (Children Maintenance and Parenting)

-Botsalano ja malwapa a bobedi bo tswang kwa go one gotlhe le ditso tsa bone (In-Laws- Family Roots and Relationships)

-Tlharabololo ya diphapang mo lenyalong (Dispute Resolution Mechanisms)

-Go epolola malwetse a bobedi bo ka tswang bo na le one gore ba tsene mo lenyalong ba ikemiseditse go tlotlana, go tlhokomelana le go neelana bothitho ja lerato

-Tsa go atolosa lelwapa mo go baakanyeditsweng (Family Planning).

Lenyalo ke therisano, morero le neelano. Ga le bate go na le kgaisano fa gare ga banyalani. Boikarabelo jo re tshwanetseng go bo tsaya re le banyalani ke gore yo o mo lenyalong le ene o mo itumedise. Intshwarele o ka go agela motse. Lefoko Intshwarelo, o le ithuta o santse o le mo botsalanong gore lenyalo le tle le go siamele kwa pele.

Ditshekatsheko di supa gore manyalo a gantsi a thubegang ka tlalo, ke a banyalani ba neng ba sa tsenelela thulaganyo ya Pre marital Counselling eleng tsone dithuto tsa ntlha tse di go phuthololang lenyalo pele o tsena mo go lone. Se, se raya gore bobedi bo felela bo itemogela tse di sa nnang sentle ka mokapelo ba setse ba bofagantswe ka kgole ya lenyalo, go sena poela morago.

Ka molao wa lefatshe la Botswana banyalani ba tshwanetse go ema sebaka sa ngwaga di le pedi go tsweng mo go letsatsing le ba nyalaneng ka lone pele ba ka pega kgetsi ya tlhalo. Ba molao ba gantsi re ba bitsang diagente, le bone ba supa gore banyalani ba ka tsenya kgetsi ya tlhalo pele ga ngwaga tse pedi di wela fela fa ba na le mabaka a a patikang a lekgotla le ka a reetsang.

Sekai: Go iphitlhela o nyalane le motho a lwala tlhaloganyo o ne o sa itse, jalo jalo. Se se molemo ke gore bakapelo ba monele marulana pele ba wetsa fa ba sena go wetsa ditumalano tsa gore ba tsena mo nyalong. Kwa bokhutlong betsho a re buisaneng. Ntwa kgolo ke ya molomo. Fa re na le bothata re bone ba tshidilo maikutlo nako e santse ele teng, go itsa go tsena mo nyalong ka mekgweleo, kutlobotlhoko, le go sa itshwarelana mo go feteletseng.

Lenyalo la lona le ya go nna ntlo-ntlo se thubege motsetse o mo teng. A re yeng Pre-Marital Counselling banyadi ba isago. Modimo a le thuse. Pula!!! ENDS

 

Buy Online Now!