Volume 60 December 2024 : Heritage

Boikarabelo ke jwa rona rotlhe

Author : Kutlwano

Mmamalome

Ke kwala jaana ke  tshwenngwa ke go bona bangwe Batswana ba ikogela morago kgotsa ba ntse moriti o tsididi go ka bega dingwe dikgang tsa tswhenyetso sechaba e e dirangwa go dirisiwa dithoto tsa setshaba. Gangwe le gape bangwe ba ikgatlholosa go tsaya boikarabelo jo bo rileng fa ba bona dikgang tsa mofuta oo di diragala.

Nkele Kgagodi

 

Setlogolo Kgagodi

Kgang ya go nna le boikarabelo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa mongwe le mongwe, ka gore kwa ntle ga go nna jalo ba rotlhe re tla nna re amega ka tsela e e sa kgatlhiseng e bile go tlaa paledisa le yone puso go ka tlamela Batswana ka mo go nametsang. A re tseyeng boikarabelo, dithoto tsa puso ke tsa rona rotlhle tiriso ya tsone ga e a tshwanela go sokamela ntlheng kgotsa di  dirisiwa ka ditsela tse di seng maleba. Kopo ke gore a rotlhe re bege dikgang ts tshenyetso setshaba

Buy Online Now!