Vol 66 April-June 2026 : Polelo
Lecha la Kgoro le ka fa motse serodumo
Author : Idah Basimane
Motse wa Kgoro o ikadile fa gare ga merafe e mebedi, e leng Bangwaketse ba ga setlhong ga se huparelwe, ba ga mokgalo o mmitlwa, le matlogela temo e ntse sefolela, ba bina Tholo ba ga Morara noto, Barolong.
Motse o o itsege thata ka ditso jaaka dithako, kana meago e Matebele ba neng ba nna mo go yone fa ba lwantsha merafe e mengwe go lwelwa lefatshe. Motse o o bidiwa Kgoro, mme gape ke lone Lecha le le neng le tshologelwa ke ditshabatshaba fela go simogeng fa batho ba ntse ba le etela go tla go bogela bontle jwa lone.
Boammaruri jo bo sa jelweng pheko ke gore fa sika lo-o-motho le tsenang teng, tikologo e a kgotlelesega. Go lebega dinonyane tsa mefuta e e farologanyeng di ne di tle di etele Lecha le. Mo nakong eno, ditshidi tseo tsa tlholego tse di bonwang kwa mafatsheng a sele tse di neng di kgatlha batho ba motse go di lebelela, ga di sa tlhole di le teng.
Go a lebega Lecha le pele le ne le sa sirelediwa go dirwa tshotlhe eseng ka fa molaong go balelwa le go tshwara ditlhapi le mekabaowane fa e tsile go nwa. Lecha la Kgoro le na le bontle jo bo melediwang mathe ke merafe e mengwe, go balelwa matlapa a a dirisediwang go kgabisa malapa le dikago ka go farologana.
Matlapa a le one a ne a itirisediwa ke batho kwa ntle ga taolo ya bogogi jwa motse. Fela jalo batho go tswa kwa dikgaolong di sele ba ne batla go itseela matlapa a go kgabisa metse ya bone, go balelwa le baba tsenang ka bokukuntshwane.
E re ntswa mo nakong eno Lecha le le santse le kgadile, boeteledipele jwa motse bo na le dikakanyo tsa go le dira go re le nne le dikago tsa setso tsa itloso bodutu (Cultural Village), le lefelo le go ka tshwarelwang meletlo ya ngwao teng.
Mothusa Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Buti Quintin Motshegare, o boleletse Kutlwano gore batho basweu ba ne ba etela lefelo le go iketsha bodutu fa thoko ga lone. A re ba ne ba gogwa ke bontle le tikologo ya lone.
Kgosi Motshegare a re mo nakong eno tlolo molao ga e kalo. O tlhalosa gore, lekgotlana la morafe (Trust), komiti ya ditlhabololo tsa motse le morafe ba beile leitlho ka ba batla go fetola lefelo le gore go duelwe madi a a ka tsholetsang boleng jwa Lecha le motse wa lone.
Boleng jwa Lecha la Kgoro bo botona ka le na le matlapa a a lebegang o kare ke a kopore. “Fa re kabo re le dirisa ka botlhale motse wa rona o kabo o balelwa mo motseng e e nang le bojanala jwa maemo a ntlha. Trust ya motse e tsweletse ka manaeo a go fetola Lecha le go nna sengwe se se ka solegelang motse mosola,” go bolela jalo Kgosi Motshegare.
Kgosi Motshegare o tlhalosa ebile a gwetlha Barolong go nna moko o thata fa go buiwa ka ditlhabolo tsa motse wa bone. O ba gakolola go ikemela ka dinao, go sa neele tshwene marapo ka gore puso ga e kake ya kgona e le nosi go tlhabolola metse ka bongwe ka bongwe.
“Re tshwanetse go nna le mowa wa boipelego. A re lebaganeng le tse re ka di kgonang, puso le yone e tlaa dira fa e kgonang teng. Motse o tshwanetse go tsamaisiwa ka fa batho ba one ba ratang ka teng, e seng fela go emela go neelwa sengwe le sengwe ke puso,” go bolela jalo kgosi Motshegare.
Setshaba se tshwanetse go itirela go dira madi a go tsosolosa ditlhabololo, eng fela go emela puso ka jaana letsema lele thata ka beng. Kgosi o tswelela a gatelela botlhokwa jwa mowa wa go dira tiro batho ba le seopo sengwe, a tlatsa ka gore gape o tlisa kagiso mo setshabeng.
Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Letlaamoreng wa bobedi, ene o kopile Barolong go nna mowa mongwefela go tsweledisa ditlhabololo tsa motse. “Ke ba kopa go re re tshwaragane gore se se tlaa dirwang se re solegele molemo,” go gakolola jalo Kgosikgolo Letlaamoreng wa bobedi.
Motsana wa Kgoro o nale batho bale 818 go ya ka palo batho ya ngwaga wa 2022.


