Vol 66 April-June 2026 : Polelo

Barolong ba tlaa fetola Sejadikgomo go nna motlobo wa ditso

Author : Idah Basimane

Ele ruri motlapele o iteile kgomo lonaka fa a re senamphatshwana sa morwadia kgosi se bonwa mogang bojale bo aloga. 

Ke boammaruri jo bo sa jelweng pheko, e bile bo papametse ka morafe wa Barolong, ba bina Tholo. 

Ba sa le ba itshupile gore ba tlaa nna morafe o o pudimatseba ka go somarela ngwao ya bone go re ba seka ba latlhegelwa ke serodumo sa setso se ba simologileng ka sone.

Morafe o o balelwa mo go e e tsenang mo seatleng e go ka fitlhelwang matlotlo a kgale jaaka dikago tsa dikgosi tsa bone.

Ka fa go lebegang ka teng, morafe wa Barolong ba ba mo Botswana ga o ise o kgaogane le o o kwa Aferika-Borwa. 

Lefelo le Barolong ba ba mo Botswana ba thibeletseng mo go lone mo nakong eno e ne ele masimo a Barolong ba Aferika-Borwa. 

E rile fa molelwane o tla go bewa, ga fitlhelwa gore Barolong bangwe ba ntse ka fa ntlheng ya Botswana. 

Kgosi e e sekisang mo kgotleng ya Goodhope, Kgosi Mooketsa Marumolwa a re Barolong ba ne ba tswa Aferika-Borwa kwa mafelong jaaka Mafikeng, Ganyesa, Taung, Dithakong le a mangwe.  

Ba gorogile mo lefelong le ba ntse ba buswa ke Kgosi Lotlaamoreng I.

Jaaka ditso ele tsone tse di fang motse boleng, kago ya Sejadikgomo ke ntlo e bogogi jwa motse bo nang le keletso go e fetola go nna motlobo wa ditso. 

Kago e e agilwe ka ngwaga wa 1937, ka nako e Barolong ba neng ba sa ntse ba thibelela mo lefelong le gompieno le bidiwang Goodhope.

E ne e dirisediwa go tshegetsa meletlo ya dikgaisano tsa moopelo, le go nna lefelo le dipuisanyo tsa puso tsotlhe di tshwarelwang teng. 

Kago e, e santse e supa seemo sa meago ya bogologolo, jalo ka bo yone ke ditso tsa motse wa ba bina Tholo.

Fa Kutlwano e jetse nala kwa motseng o, mothusa Kgosikgolo ya Barolong Kgosi Buti Quintin Motshegare, o ne a bolela gore maago a Sejadikgomo, ga mmogo le ntlo ya ga Kgosi Lotlaamoreng I ke matlotlo le tlotla go supa kgolo ya morafe wa Barolong le motse wa bone.

O tsweletse a re Sejadikgomo e agilwe ka nako ya fa Barolong ba simolola go tshwara dikgaisano tsa moopelo wa dikolo.

“Morafe o ne wa dumalana go koleka dikgomo go aga kago e mo nakong eno e bidiwang holo ya dikgomo. E ne e agelwa go dira ditiro tsa morafe le tsa puso,” go sedimosa jalo Kgosi Motshegare.  

O tsweletse a re motse o setse o na lekgotla le legolo la tsamaiso ya ditlhabololo tsa motse, le le nang le keletso ya go fetola dikago tse go nnang fa bajanala ba ka bogeleng ditso tsa Barolong teng.

“Le dithoto tsa kgale di tlaa bonelwa teng ke baeti. Re santse re betla tsela, mme go na le bangwe ba re setseng re kile ra ba bontsha matlotlo a,” go bolela jalo Kgosi Motshegare. 

O nankotse fa morafe o na le keletso e bile o rata go dira sengwe ka matlotlo, ka jaana ditso tsa bone di ntse di itirisediwa ke mongwe le mongwe fela, go balelwa le ditshaba di sele. BOKHUTLO

Buy Online Now!