Vol 66 April-June 2026 : Polelo
Tlhako le molomo e apesitse barui kobo ka letshoba
Author : Aubrey Maswabi
Lefatshe le kgabile le ntse letala morago ga gore Ramasedi a raolole pula madira di maswe ma dira dintle.
Mme morago ga tse tshotlhe, moruakgomo a bo a duduetsa a itse fa se ele botshelo. Motswana o itse gore fa dipula tse di namagadi di tshologile, botshelo bo nna motlhofo ka leruo le tsone dimela di phophoma ka boitumelo.
E re a e boka kgomo, motho wa mmala wa sebilo, a re ke yone ‘kotla masiela kotla dirojana, Modimo o o nko e metsi e kgonwa ke monna a tsala jaaka lesogo le kgaka, ka e tlhoka ka tlhoka boroko, ka e rua le gone ka nna ka botlhoka’
Fa motho a tsamayang teng a kopana le one Modimo o o nko e metsi, o tla a e bona e tlhatswitse mmala e phatsima e supa fa e akotse phulo, a ke podi kana nku tsotlhe tse di supa fa botshelo bo tsamaya sentle.
E se tsone fela diphologolo tsa se legae, le tsa naga tota di le dintle ka mmopi o di diretse tse di di tlhokang.
E rile mafelong a ngwaga o o fetileng, barua di namola tlala ba ile ba welwa ke seru sa gore go utlwalelwe mogare wa tlhako le molomo kwa baagisanying ba lefatshe la Aforika Borwa.
Se sa phirimisa dikakanyo tsotlhe tsa barui fa go simolodiwa kemiso ya motsamao wa dikgomo, dipodi, dinku le dikolobe, ka tse ele jone botshelo jwa Motswana.
Ya re ekete go tla nna le seferwana sa gore ba tswelele ka go rekisa tse baneng ba ditlhaoletse matlhabelo le gone go isa bana dikoleng, ga nna le selelo sa khurano ya meno fa mogare jaanong o utlwalelwa o tsene ka kampa ya Ramatlabama e puso e beileng sika loo poo ko go yone.
Selelo sa ya magoletsa ka jaana motsamao le go tlhaba mo malwapeng go ile ga emisiwa, mme se sa ama botshelo jwa Motswana fela thata.
Ka tlwaelo, ditiro tsa selegae fa ditshwarwa go tlhokana le tiriso ya leruo, ele go ntsha bogadi fa go nyadisiwa, le gone go tlhabela lone lenyalo, fela jaaka seopedi sa Mosotho se opetse pina e ereng ‘Ga gona mokete o o senang nama’.
Dintsho le tsone Batswana ba simolola ka go di apeela morogo wa khabeche le dikoko e le selo se se sa tlwaelesegang.
Rre mongwe o o tlhokomelang dikgomo tsa ga Rre Tumelo Khumo ko motseng wa Tamasane mo kgaolong ya Legare, Rre Goitseone Meshack o tlhaloseditse Kutlwano gore seemo se sa tlhako le molomo se mo tshidisetsa mo letshogong ka jaana se kgothakgothana le tiro ya gagwe.
“Kana fa seemo se sa tokafale tirong yame e mo diphatseng ka gore jaanong mong wa dikgomo o tla a felela a sa kgone go nkamogedisa ka atla bo a sa tlhole a kgona go rekisa, mme ke gone fa ke beileng botshelo jwame le ba lolwapa.”
Rre Khumo o boletse fa a tlogetse tiro ka bogodi mme a itse fa kgomo e le yone botshelo morago ga tiro, jaanong a beile fela mo Modimong gore ba tsa malwetsi a leruo ba kgone go lwantsha bolwetsi mme a kopa Batswana ka kakaretso go tsaya karolo mo go bo lwantsheng.
Morui go tswa ko Sedibeng sa Tlholaeeme, sekgala sa dikhilomithara di le lesome go tswa mo molelwaneng wa Central Kalahari Game Reserve, Rre Atamelang Serinane, a re botshelo jwa gagwe bo fetogile fela thata ka jaana a sa kgone go rekisa.
Rre Serinane, yoo o tlogetseng tiro ka bogodi a re fa a santse a dira o ne a duela badisa ba gagwe ka pei ya gagwe ya ko tirong.
“E rile fa ke tswa mo tirong, ka ke ne ke setse ke kokotleditse dikgomo, ke ntse ke rekisa fa ngwaga o simolola, mme madi a ke a bonang mo thekisong, ke one a ke a dirisang go duela badisa, ke rekele dikgomo dijo le nna tota ke itshetsa ka one, jaanong gompieno ke hema ka mathumbo go thata,” go bua Rre Serinane.
O boletse gore fa seemo se se ka tswelela se ntse jaana, o ya go felela a hokotsa badisa ka jaana o tlaabo a sa kgone go ba duela, jaanong a sa batle go nna le dikoloto.
Rre Serinane a re o ipotsa gore fa ba ne ba santse ba dirisa leokwane go pompa metsi, seemo se ka bo se ntse jang, a re mo nakong eno ba dirisa marang a letsatsi go pompa metsi.
A re go ya ka ene kgaolo ya Zone 11 o eletsa gore e kgaogangwe gane, go e fokotsa bophara, ka se jaanong se felela se kokonela morafe, a tlhalosa fa jaanong ba fetoga batlhoki le mororo ba ruile.
Go ya ka Pampiri ya dikgang ya Daily News, Tona wa Lefatshe le Temo Thuo, Dr Edwin Dikoloti a re seemo sa tlhako le molomo se amile itsholelo le matshelo a batho ka bongwe ka bongwe ka kgomo ele yone botshelo jwa Motswana.
Dr Dikoloti a re lefatshe la Botswana le amilwe thata ke kanamo ya bolwetsi joo mo eleng gore mebaraka e tshwana le ya Europe e emisitse ka nakwana go reka nama e e tswang kwano, a supa fa se se tsile go kokonela itsholelo le mohama wa thuo ya dikgomo.
Fa a lekodisa baruti go tsweng ko dikerekeng tse di farologaneng bosheng, Dr Dikoloti o boletse fa seemo se se tlhoka go fefogelwa go thusa lefatshe go boela mo maemong a lone a go nna lefatshe le le senang mogare wa tlhako le molomo.
Mongwe wa baruti a emetse kereke ya ZCC ya Naledi, Bishop Sir Wonder Masebola, a re tlhako le molomo mo kgaolong ya Bobirwa e tswa kgakala ka dingwaga tsa bo 1980 mme ene ya tsisa seemo se se lotobo mo thuong ya kgomo.
O kopile puso gore e thuse mephato ya baithaopi ka ditlamelo gore ba dise melelwane le diphatlha tsotlhe tse bolwetsi bo ka tlhagelang ka tsone mo lefatsheng leno. ENDS


