Vol 66 Issue 26 October-December 2026 : Polelo
Go a iphataphatelwa ko Gaborone Bus Rank
Author : Idah Basimane
Motlapele o iteile kgomo lonaka a re mmatla kgomo kodumela o etse mhata sediba, a bo a ipoeletsa gape Motswana wa sekei a re, metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi.
Pele botshelo jwa gagwe bo fetoga, Badumetse Phaladi o ne a tshela fela ka matsekane, ka bonongnong le mohau wa modimo.
O feletse fela ko mophatong wa boraro kwa sekolong sa Dikgatlhong Community Junior Secondary kwa Kudumatse mo kgaolong ya Legare.
Botshelo jwa gagwe bo fetile jwa tokafala fela a sena go tsenelela kgwebo e potlana ya go rekisa didirwa tsa Table Charm.
Mo nakong eno, kompone ya gagwe e rekisetsa didirwa tseo tsa Table Charm kwa maemelong a dipalamo mo Gaborone.
Kwa maemelong a dipalamo, mongwe le mongwe o a iphataphatela mo o ka lemogang fela gore fa, phokoje go tshela yo o dithetsenyana.
Badumetse o lesego ka jaana o na le bareki ba ba tswang bokgakala jaaka kwa motseng wa Maun, mme bontsi jwa bareki o kopana le bone mo maranyaneng.
Le fa a sena lebaka le le kalo a le mo kgwebong, Badumetse yo o dingwaga di masome mabedi le botlhano wa kwa motseng wa Sefhare kwa kgaolong ya Tswapong, o kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe jaaka e le tshwanelo.
O na le ngwana wa mosime mme o kgona go mo tlhokomela ka tsela tsotlhe fela, go balelwa le go mo tlamela ka tsa botsogo.
Fa a sale a simolola kgwebo ya gagwe, a re ga a ise a wele dingalo ka tsela epe fela fa e se go tsena gone mo maranyaneng go batla bareki.
“Bontsi jwa bone ga ke ba itse, ke kopana le bone mo maranyane ka ke rekisa kgwebo mo go one thata. Ke tlaabo ke tsenya dilwana mo maranyaneng, mme e nne bone bareki ba mpolelelang se ba se batlang,” go bua jalo Badumetse.
Seemo sa theko mo letsatsing se laolwa ke gore o buile le bareki ba le kae. O kopa puso go ba thusa ka dikago tse ba ka rekisetsang mo go tsone mo lefelong le ba berekelang mo go lone.
A re go rekisa didirisiwa tse di tswang mo dikomponeng tse di farologanyeng go kgona go thusa motho gore a itshetse ka jaana ditiro di seo mme a re puso e le yosi ga e kake ya kgona go batlela batho botlhe ditiro.
“Mowa wa go ipelega o tshwanetse wa nna selo se Batswana ba se tlhomang kwa pele fa go buiwa ka ditlhabololo,” ga bolela jalo Badumetse.
Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bagwebi ba supa dikgwetlho tse di farologaneng go tswa hela gore motho o mo kgwebong efe.
Irene Sefela, yoo tlholegang kwa Kanye, ene o simolotse kgwebo ka ngwaga wa 2021 morago ga seru sa COVID-19 se se neng se amile lefatshe ka bophara.
“Ke goroga mo maemelong a dipagamo tsa setshaba ka nako ya borobabongwe mo mosong mme ke golole maitseboa ka nako ya borataro. Go a kgonega gore ke tlhole ke sa bona bareki,” go bua jalo Irene, yo kgwebo ya gagwe ya dinkgisa mmele monate (perfumes) e dirang dipoelo tse di ko tlase ga dikete tse di lesome tsa Dipula mo kgweding.
A re kgwebo ya dinkgisa mmele monate e tsamaisana le dipaka tsa ngwaga, mme theko e wela tlase ka paka ya mariga.
O ikuela mo pusong go fokotsa lekgetho le le amang bagwebi ba ba botlana mme a re gape puso e nne le seabe mo go rutuntsheng bagwebi ba ba botlana ka go dirisana mmogo bogolo jang fa go buiwa ka ditlhotlhwa.
Leatla Tebele, yo le ene a tlholegang kwa Kanye, a le mo kgwebong ya go dira dinala, a re ba ne ba dira dipoelo tse di botoka pele ga seemo sa itsholelo se wela kwa tlase.
A re o na le dingwaga di feta lesome a ntse a le mo kgwebong, mme o setse a eletsa go e tlogela a leka botshelo ka tsela nngwe.
“Ke goroga mo bus rank ka 8am mme fa kgwedi e fela ke kgona go bona sengweynana, go bo go boa go wela kwa tlase fa e simologa,” go bolela jalo Leatla. ENDS



