Volume 52 Issue 2 - February 2014 : Mosasankegi

Rice e dira mathata kwa Tswapong!

Author : Kutlwano

A matsatsi a botsalo jwa morena ga ke kitla ke a lebala ka Modimo! Ija! Wetsho tlhe dumela! Ke ratile ke go tima madume. Kana fa ke di tshotse dikgang, ofitlhela ke shwegashwega. Maloba ke ratile go senyegelwa ke mmereko ke sena go seba moeteledipele wa rona. Sika la ga Efa ka o le itse le seke le tshwara ka tlhaa, mosetsana yo ke neng ke seba le ene a ba a ya go ntswa.

Ka menoga ka ene ka ba ka sala ke le mosetlha nna mosimane wa ga Mmanaana, tsa sala le ene mosetsana yo wa Mongwato. Fa ke bua le wena jaana, ba mo seegetse fa thoko. Nna ke reletse! Legale  a re e lese eo wetsho, e tloga e tsosa di letseng. Ka malatsi one a a botsalo jwa morena ka tsaya loeto. Ke dule fa ga Mmanaana fale ka leba kwa bophirima ka feta kwa ga -Ngwaketse.
 Hee! ka o ba itse ba  ga tlhong-ga-se-huparelwe, ba latola keresemose.

Batho ke bao ba itse go itlhonega tlhe!  “Owaii! rona re e utlwalela fela e buiwa, ga go na le fa e le sepe mo,” ba latola.  Ke a ba itse bao ke nnile le bone. Ke bo ke wela tsela tsotsi e tshesane, ka leba ntlha ya borwa ka ralala Molapowabojang, fa ke tsena mo Lobatse, ka ikona le seporo ka feta ka kgwa setshwe le babina nare. Kgomo go gamiwa tshetshana kgomo ya se gangwa ke basadi.

O fitlhele rre wa teng a le mo setilong sa dikgole phafana e le fa fatshe, o bona gore motho yo, o ipheditse tota. Bo ne bo ithumilwe ke setsweretshana, e re bo tsena mo ganong o utlwe bo nyaosa marama. Ke gabotse tse pedi fela, ke bo ke wela tsela. Ka namalala ka ba ka wela kwa Tswapong. Bakgatla ke ba segile fela ka fa thoko. Hei! batho ba ke ba tshaba jang! Matlhapa!

Fa ke ne ke fetile ka bone, ba ka bo ba mpadile ke a go bolelela! Batho ke ba matlho a bone o fitlhela a le mahibidu o kare ba ja matekwane. Kwa Tswapong ke tsene go sale moso. Go bifile  mosi o motala o kueletse mo malwapeng ka mmalwa, mahura a Holsum a nkgela boatleng. Fa ke botsa mongwe a re go apeilwe borotho. “Uhu! Jaanong borotho jo ke jwa mophako fa bo apeile lelwapa lengwe le lengwe jaana,” .

Makau a teng a ronoka mo mebileng ba rwele ditlhako tsa bolo. Mongwe fale a tlhalosa gore go na le metshameko ya kgwele ya dinao mme go tshamekelwa diphaphatha. “Jaaka go apeilwe diphaphatha jaana di tla bo di isiwa kwa lebaleng, setlhopa se se fenyang se tsaya diphaphatha tseo tsotlhe. Hei! ga tlhakatlhakana, ka ba ka bona gore batshameki ba teng mo Botswana.  Monna kana balatedi ba ditlhopha tse le bone ba eme sentle. Pina ke yeo ya re.

“Ga re batle sepe re batla borotho fela,” Fa e sa ile magoletsa jalo, mosimane ke yoo gatwe Snowhite, a e kgaupetsa ka nno ya ntlha. Fa a  tlhageletse gape, Motshwara-dino wa setlhopha se sengwe seo, leina la gagwe le nkgakelang ne banna……ehee! ba re ke ene Yeast, mme fa ba mmoka ba re ke ene Instant Yeast, a gana ka nno.

 Ditlhopha tsa nkgisana magwafa. Metsotso e le metlhano go re go ye bokhutlong  setlhopha se se kwa tlase sa tsenya motshameki gatwe Hot Dawg, sethakga sa motho ka mmaruri.  Owaii! go ise go ye kae Hot Dawg a lekalekanya dino, motshameko wa ya bokhutlong bangwe le bangwe ba bowa ka diphaphatha tsa bone. “Batho ba ratile go re jela borotho banna,” ga bua molatedi o mongwe.
 

Fa motshameko o tsweletse jaana bomme bangwe bone ba bo ba kgobokane fa lelwapeng lengwe. “Bale jaanong ba dirang fale,” mongwe a botsa. “Ba bona rice,” lentswe la araba. “Rice e rileng?” “Tsamaya o ye go iponela,” lentswe la ipoeletsa. Fa re tsena ra fitlhela mme wa lelwapa leo, a ntse montle a le sepirigwana jaana, dingwaga e le tse di fa gare. Motho wa Modimo a tletse ka boitumelo jo bo fetang jwa ngwana a reketswe semonamone.

“Gatwe go rileng,” ka botsa. “Batho ba Modimo tlhe ke ratilwe ke rice,”  “Rice!” ka botsa. “O raya jang o re e go ratile?”  Fa ba tlhalosa sentle mme yo o gatwe o rekile rice ya tastic phakela. A tsaya pitsa ya size 3 a e hipha yotlhe mo teng. Ka o e itse, ya buduloga ya ba ya diga sethibo.A ya mo baagisanyeng a adima pitsa e nngwe, ya e tlatsa tastic rice, a ya go adima ya boraro.

Le yone fela jalo ya tlala mo e penologang. Ga dubega mosadi a thuba lebelo a adima diemere tse di tshweu. “Nkadimang di emere hoo ke ratilwe ke rice!,” mosadi wa batho a tlhaba mokgosi. Yone e dira jang tastic, e sa mo fe sebaka, o kare le yone e dira ka bomo. Morafe wa phuthega ba tsile go bogela jaaka rice e dira diaaba.

 “Batho ba Modimo tla le bone jaaka ke ratilwe ke rice,” ba omoga ka motse ba e gelela ka dikotlele ba e isa magabone. “Bathong tlhe Mma Poifo o raitlwe ke rice,” ga buwa mme mongwe. Ka nako e, banna bone ba e ega mo pitseng ka dijana ba e e ja jaaka kabu. “Mmmmm utlwa hela gore e monate jang, e gaisa borotho,” Ya re fa le ya go dikela mongwe a bo a setse a ipitsa Tastic!  Bokhutlo

Buy Online Now!