Volume 52 Issue 04 - April 2014 : Mosasankegi
DILO TSA MO KITCHENING…
Author : Kutlwano
Ra bo re tswa le yo wa mmata wame wa mokwena. Motho ke yo o ka go timisa batho ka dimpa tse ditona. Di a bo di ntse jang!Nnya di gaisa le tsone tsa setotojane go jewa legwetla.
Di gaketse o kare tsa motho a tla bewa kgosi. Tsa ba tsa nkgopotsa maloba motho mongwe a tlhagana le ene a re e kare o meditse dubei e le metsi.
Owaii! Ka motho wa teng le ene a le setoutu fa go tualo o goletsa marokgwe a ba a ja tlhako. A sena sepe mosimane wa mokwena mpa e e kare ke ya raboko.
Kante golo fa ga re tshosiwa ke mpanyana tse ga re ise re bone sepe, dikgolo di etla. Nnyaa mokwena re tsene re mo raletse fa re ya fa pele ra leba ntlha ya lekgwapheng. Motlagana ke yo ra thibelela go bapa le one. Hee batho ba santse ba tshwere ngwao.
Fa re le foo mosetsanyana a tla a tabogile ka kopi, “Mme a re ke go reye ke re o mo pharanyetse lerole la sukuri,” Mosadimogolo a mo gela kopi e tletse.
Mme a seka a mo lesa a mo paselela. “Mmaago o nnetse go nwa majalwa fela ga a reke sukuri, o mo reye o re ga e yo e fedile,” ga bua mmagwe tsala yame.Nnya ra nna mo meriting wa setlhare setsidifatsi se le fa thoko ga rona fa.
Morago ga metsotso e se kae gatla mosimanyana a le mosetlhanyna fela go tshutshuma ga molongwanyana wa gagwe le mabogo go supa gore o ntse a ja sengwe se se monate.
O ne a sa apara kwa godimo ko tlase a latlhetse borokgwe jwa sekolo. Fa ele gore o ne a tsena sekole o ka tswa a ne a dira lekwalo lwa boraro. “Mme a re ke go reye ke re o mo lokele,” ga buwa mosimanyana. Mosadimogolo a tsaya kopi mo ngwaneng, fa bowa kwa ntlung a tla a gemotse letswai.
“Wa go loka eng mmago,” mosadimogolo a botsa. Mosimanyane ya ne e kete o tla gakwa ke mafoko. Kgabagare karabo ya nna gore ga ke itse.Ka ponyo ya leitlho mosimanyana a baakanya karabo. “re ya go loka mmantlolane o ne a tshwerwe ke dintsa,” “Ijoo! wa re mmantlolane e sebo le mo apeile ka poto yame,” Yo wa mmata wame a bo a ntshitse tlhogo a utlwa gotwe mmantlolane.
“Hey monna wa re la go loka eng? le ntsholele,” ngwana a wela tsela a o utlwile kgotsa jang ga go yo o itseng. Ka fa pelong ka re, “Fa o bona mpa tse di le ditona jaana di oletse bone bo mmantlolane,”
Owai ra tswa mo go bo mmantlolane dikgang tsa ya magoletsa. Fa re sale hoo, tota e bile re ne tsamaela go ya go tlatsa setsidifatsi. Mosetsanyana yo mongwe a goroga.
“Mme a re ke mo kopele chilisi,” “Ao! tota gatwe gompienong go rileng ka mme o rile..wa go tsenya chilisi mo go ene mmago?” mosadimogolo a buwa ka bogale. “Wa go e tshela gopane,”ngwana a araba.
Mosadimogolo a kukutlomologa a ya go tsaya pampitshana ya chilisi a fa ngwana,” Tota gone go ne go se thona.Fa o leba sentle itsholelo ya lelwapa le e botoka fela thata mo baagisanyeng. Go sita kang tota go na le semauso mme batho basa reke mo go sone mme ba kopa fela mo mosadimogolong wa modimo.
Fa re sa le foo monnamogolo mongwe a goroga. Morago ga matsogo a latolela mosadimogolo mongwe. Fela fa a e kete o tla hulara a ntsha kopo. “batho tlhe katsenyana e mo ntlung mo ke phaketse ke e bolaile, a ga lena mahuranyana hoo re gadike,” Mosadimogolo a fiwa thothinyana e e neng e setse mo lebotloleng.
Dijo tsa tla raya le tsone fela jalo. Fa re tsamaela go fetsa ngwana a goroga….Mme a re ke mo kopele letswai wa go loka lebogo la tshwene,” Ka tlhabega gore tota ke eng batho ba ba ja dilo tse di maswe jaana. Karabo ka seka ka e bona.
Fela fa ke ntse ke reeditse dipuo tsa batho ka lemoga gore ba fetsa madume ka gore, “a re go jewang gompieno Shombi rrago Moshombororo?” Fa jaanong re ya go tswa ka motse ra fitlhela setlhopha sengwe se le ka fa tlase ga setlhare se reeditse seromamowa ka setu.. “Katse e monate, o e somola ditshika o bo o e omisa o bo o tshela mafura a nku.
O tla ikgaola menwana ke a go bolelela,” Lentswe la utlwala mo seromamoweng. Setlhopha seo sa tshega ka boitumelo jo bogolo. Fa o ka re ke a hakgamala lentwe le lengwe la utlwala mo seromamoweng gape. “Nna ke rata mogatla wa tshwene. O o apaya ka ditamati, o bo baya phaletshe fa le e oma..Lekeletsa fela o tla mpolelela,”
“O mo kitchening,” lentswe la utlwa gape mo seromamoweng. “Ee nna ke itse tlhware,” “Tlhware?” “Ee tlhware e monate fela thata. E tshwana fela le nama ya koko, o e buwa sentle o bo o e omisa. O bo o segelela anyanse le tamati o latlhela mo teng. Fa go tsamaela go butswa o latlhela chilinyana. Ke go bolelela o tla tsamaya o tsoma dinoga mo sekgweng,”
“Nna ke itse Khudu,” Ga buwa lentswe le lengwe “khudu wa e tsaya fela o e apaya ka sekgapha se sa yone. Legale e apeiwa ke banna fela, fa e apewa ke basadi fa o khurumolola o fitlhela e tshabile,” ga buwa lentswe. “O tshela mokgwapha mo pitseng o bo o latlhela moretologa. Ke gone o tla utlwang gore khudu e tsamaya jang?”
“Dumela mo kitchening,” “dumelang nna ke itse segogwane,” ga buwa lentswe.. “Segogoganwe!” ga buwa lentswe la monna ka kgakgamala. “a se a jewa?” “Ee, se a jewa, o se karapa ka metse o bo o se omisa. Fa se sena go butswa wa se besa mo isong. O tla utlwa jaaka se relela,” Ba di buwa Batswana dibete tsame tsa ba tsa sala di kokobetse.. Fa re tswa ka itse sentle gore ke eng motsana o ja dilo tse di maswe o. Bokhutlo



