Volume 52 Issue 04 - April 2014 : Polelo

TSHOKWE!..Ina lebe seromo

Author : Ndingililo Gaoswediwe

Tshokwe! Mogologolo o opile kgomo lonaka mo go sa mpampediweng fa a re ina lebe seromo, leina le ya mareelelong. Ba taya motse Tshokwe, tota ba leka go kgabisa leina Tshokolo. Nnyaya, le fa o ka le kgabisa, tshokolo yone e tla a nna le wena ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago, fa e rata e go buledise le kwa lebitleng tota.

“Leina le le tsamaelana le seemo sa morafe ka jaana o ise o nne mo seemong se go ka tweng o tlhabologile, bana ga ba tseye thuto ka tlhoafalo; ba tshaba sekolo ba sa ntse ba le kwa sekoleng se se botlana mme ba ba fetileng ba felela kwa go Form 3,” Kgosi Itumeleng Pelotona a tlhalosetsa ba bukana ya Kutlwano.

E re ntswa kgosi a bua gore bagologolo ba re Tshokwe o reeletswe go lebilwe tshokolo le itshoko ya morafe ya go batla motse ka lobaka, jaanong ina le motho o ka re le fetogile seromo. Tota le fa o le moeng, o ka itemogela gore itsholelo ya morafe o wa letso la Sesarwa e kwa tlase.

E re le ntswa motse o o le sego go bo o na le ditlamelo tsa botlhokwa jaaka metsi le motlakase, banni ba tlotlile matlo a Setswana, fa e le telebishine yone, ga se mang le mang a nang nayo. 

Kgosi Pelotona, yo o tlholegang kwa Radisele mme a goletse kwa Pilikwe, o mo Tshokwe fela ka tiro. Ntle ga Basarwa, o eteletse pele le matsenelela a morafe wa Sebirwa.

Nako tsa majwe a sale metsi, Kgosi o tlhalosa gore morafe o, e ne e le badisa ba Bangwato. Tshimologong, bontsi go bolelwa fa bo ne bo bereka rre mongwe yo o neng a na le moraka kwa Molabe, dikhilomethara fela di ka nna thataro go tswa fa Tshokwe a ikadileng teng tsatsi jeno.  

Mme ka paka di fetoga, lesedinyana la nna la rothegela mo go bone ba tlelwa ke maano a go isa bana sekolong gore ba seka ba tsoga le bone ba fetogile malata le badisa.

Ka dingwaga tsa bo 1970 ba fetsa mogopolo gore ba tla a ya go thibelela fa Motolo, fa thoko ga noka ya Shashe mme ka go tlhoka lesego maiteko a bone a seka a atlega. Kgosi a re ke gone e tla a re morago ka 1976 ba bo ba tla go tlhoma motse fa, yo o neng ya re morago ga ngwaga tse nne goromente a baya setempe go supa fa felo le jaanong e le motse.   

Kgosi Pelotona, yo o dirang a na le dithata tsa go sekisa, o tswelela a tlhalosa gore mo motseng wa gagwe go rena kagiso ka jaana dintwa di tshwana le tsa bogosi ba di utlwalela kgakala. “Go a tlhophiwa. Bogogi jwa motse bo kgona go bona mongwe a bo bo buisana mme fa go dumalanwa a bewe.”

Ezekiel Toteng le Maokane, ka tatelano ke bone ba ntlha go nna dikgosana tsa tetlanyo pele fa se tla a kotangwa ke Kgosi Malore, yo ene a neng a tlhatlosiwa maemo go ka sekisa. Ka go tlhoka lesego jaaka ba babedi ba ntlha, a ikela badimong. Ke ka moo e tla a reng morago se bo se fiwa Pelotona.

E re ntswa motse o go lebega go rena tidimalo mo go one, go nowa ga bojalwa e sa ntse e le kgwetlho. Tshotlego e ka se ba namoge ka jaana kgosi a lela ka majalwa a a tlhotlhwang mo malwapeng fa bangwe ba raka le one marang a ntlha tota ba tsogela kwa dinong.

Magare a magapu a bonala fale le fale, sesupo sa gore batho ba ke balemi. Kgosi a re sebe sa phiri ke diphologolo tsa naga ka di uputsa balemi ngwaga le ngwaga.

Mo nakong e, motho o ka ipotsa gore ka bontsi ga bo a itewa seatla, nnotagi e tsere taolo le ntlolehalahala e e ka dirisiwang go tlhabolola motse e fetogile moraka wa dihutshane; bokamoso jwa ba Tshokwe ke eng? Kana ba tla a ikgomotsa ka pina ya ga Thebe le Lebo ya Sokolo e e kayang fa “se sokola sonke…” 

Le fa bontsi bo dumela fa thuso e tswa kwa go Modimong, Kgosi Pelotona a re ya motse wa gagwe e tla a tswa kwa Majande, lefelo la ditso le le dikhomethara di ka nna lesome le borataro go tswa Tshokwe. 

Batshabi Malepa, yo o thusang go isa bajanala kwa Majande le ene o dumelana le kgosi fa itsholelo ya motse o e ka tokafadiwa ke lekgotla le le tla a bong le itebagantse le masalela a Majande a one a setseng a sireleditswe ke ba ntlo ya ditso.

Godimo ga moo, o tlhalosa ka setlhare sa mowana se le sone se ka ngokelang bajanala kwa motseng ka jaana se na le tshwago e tona e bogologolo e neng e le sebeelo sa mabele. Bokhutlo

Buy Online Now!