Volume 52 Issue 04 - April 2014 : Entertainment
DIKGOSI DI KGETHILWE
Author : Mpho
ARTIST: AREGOPOLENG GOSPEL BOYZ
PRODUCED BY: SAMUEL MOENG AND TSEPO OAKILE
ALBUM: DIKGOSI DI KGETHILWE
Basimane ba batlhano ba, ba ikopantse go bopa setlhopha se se opelang efangedi ka setswana. Tlhamo ya bone e e bidiwang Dikgosi di kgethilwe, e na le dipina di ferabobedi. E galaletsa modimo gape e kgalema boleo. Fa o se motho yo o pelo e thata, basimane ba ba ka go tshwarisa mowa e le ruri. Mantswe a bone a segegile e bile a ka go gopotsa mogaka wa maloba Oleseng. Pina e teng mo rekoteng e ya re Botlhoko ba ditaba. Fela e bua ka moruti yo o kgaoganyang banyaladi. Ga se ga dipotso gore bao ba ba ratang dipina tsa efangedi ba tshwanetse go nna le tlhamo e ya Aregopoleng Gospel Boyz.
© Kutlwano 2013 All Rights Reserved.



