Volume 52 Issue 5- May 2014 : Polelo

Botshelo leotwana...

Author : Kutlwano

Ngaka Thebe ya nna ene a tlhatlhobang molwetsi. Fa a re matlho leba! A fitlhela e le a gagwe madi. A se ka a tlhola a re kamoso. A rola diatlana, a apola baki, a latlhaganya ditshipi a re, “Yo molwetsi ga se dibonwa ke nna!” Kgosi fa a re a latlhele bofotshwana ka bogale go bona gore ngakanyana e e mo latlhelelang e ke efe, owaii! Ya tlola pelo e go tweng ga e ile mmotlana ka ebile dikakanyo di ne di ntse di mo farafere gale...ga buiwa a mabedi.

Rwaa! Rwaa! Rwaaa! Ya be e le gone go gata ga teng. E re fa o re matlho leba! O fitlhele motshetshe wa teng o nonofile go ka kgaoganya ntshi ka bogare. Leo ya be e le lekawana la maila go lejwa kwa

motseng wa Gabane, e a re fa a ipoka a re ene o tlhaga ‘`Ntswe le kwadilwe`.

Kgosi ke ene ngwana fela wa go tshega le go tlhonama mo lapeng la gagabo. A bo a ratilwe ke botshelo ka jaana e ne e le nkoko kwa komponeng ya Air Botswana. O ne a dira mmaiphitlhwaphitlhwane le lekgarebe

lengwe le a neng a tlhola le lone kwa makgoweng. Mantlwane a tlhatlhamologa fa jaanong ba iphitlhela ba tshotse lemphorwananyana mme ba le bitsa

Thebe.

Kgosi a bona fa a sa tlhole a tshwanelwa ke go nna a itsokoletsa, mme a ribega mogopo, batsadi ba o bona. Ba thulanya ditlhogo go gorosa ngwana wa Bakwena. Ka nnete mogolokwane wa lelela boatleng go kopanya malapa oo

mabedi. Lapa loora Kgosi la tshelela mo kagisong ba godisa bana ba bone ka jaana Thebe a ne a setse a na le monnawe,

Kagiso.

Basimane ba gola sentle ba akola lorato la batsadi boo babedi jaaka fa e le tshwanelo ya ngwana mongwe le

mongwe.

Wa mma, o mpotse tsa kwa ke tswang... ‘Taola tsa wa makgolela fa jaanong ba tiro ba romela Kgosi kwa mafatsheseborogo bone ba re a ye go ikoketsa kante ba duba motshelo. Ngwaga wa ntlha dilo tsa bo di apere tshiamo, tlhaeletsanyo e le e e ka kgotsofalelwang ke mongwe le mongwe. O o latelang a natefelelwa ke botsala le kgarebe ya

lekgowa, Precious. A ja tsotlhe tse a di tlhokang. Lekgowa le mo fepa ka lorato lotlhe. Hei, lorato lo losha o lo tshabe!

Lwa tuka mo kgosi a neng a lebala bothitho jwa dipounama tsa ngwana wa

Bakwena.

A simolola go ba lekola ka sewelo, kgabagare ga ya ela jalo. Neo a ipotsa gore a ke nnete go a diragala kana ke dikakanyo tsa gagwe fela. A bopama a etsa kgomo ya leuba. Bana le bone ba simolola go thaakanya ditsebe, ba botsa dipotso tse di

sa feleng.

Neo a tsaya lobaka go ya go ithola kwa go bomatsale. Owaii! Go itaya mpipi. Batsadi ba e baya gore ba mo letele fa ngwaga wa boraro o fela ka jaana o tlaa bo a menoga. Neo a lapolosa mogopolo a lebile tsela gore e mo nee motho. Tse di

yang maleng motho wa Modimo a tsutlaganya lemmenyana le a le amogelang a swelelela go godisa bana.

Ngwaga wa boraro fa o wela precious a huparela ngwana wa batho. A ikana fa ba tlaa kgaoganngwa ke loso. Kgosi a ineela, a batla tiro mme ka ditlankana tsa a di tshwereng ga seka ga mo tsaya lobaka, moragonyana a ba a setse a a gelela ka

emere.

A bolelela precious gore o tsena ka e e phatsimang mme ebile o e tsaya le dinamane. Precious o ne a le bana bararo mme rraabo a sale a ba tlogetse ka go mediwa ke leruarua le le marapo a thata,

AIDS.

 

Mokgwa wa pakega fa jaanong ba re ba itsholele yo ba mo tlhakanetseng, ene ba mmitsa Hope. Kana ga twe mogare o o ila botsetsi lobaibai. Wa fekeetsa Precious, a ineela a salwa morago ke Hope, Kgosi a sala a gakgametse, a itshopere

jaaka lemphorwana le tlhobilwe diphuka. A leka ka gotlhe go tshwaragana le bana gore motse o se thubege. Sebe sa phiri ya nna fa jaanong Kgosi le ene a

simolola go lwala.

 

Mogare wa mo fenyetsa a ba a tshwanelwa ke go leboga mmereko. A simolola go imela bana mo ba feletseng ba bona botoka e le go mmontsha tsela. Ngwana ga se wa ga ka otla...

A itse gore goora motho go thebe phatshwa. Rabaki a phutha diabana a wela tsela. A fitlhela Neo ene a sa bolo go itlhoboga. A ithutetse bana, Thebe e le ngaka, Kagiso e le morutabana, botshelo

e le relele.

Erile go bona sekgorokgoro se tla se thetheekela a le supa le le fa a re ‘Bakwena ba ntsetse!` Kgosi a tshwanelwa ke go gopola lebele le le kileng la mo amusa, a nna fela a re, ‘goora motho...` a fitlhela mosadimogolo e le monka a rweleng e ntsho tukwi, botsofe le jone bo setse bo iphile maatla jalo ba seka ba kgona go mo fa tlhokomelo epe e e kalo. A tsamaya jalo

a ikgoga Kgosinyana wa Modimo a ithoma le lone loswana tota.

 

Ya re tsatsi lengwe a utlwa o kare o tlaa tlhaela mme a tsaya karata a ikgogela fa ngakeng. Mo tseleng tokololo ya mo ganetsa, a phutlhama, a tla a itshelelwa ke mofeti le tsela a mo ragosetsa sepatela. Botshelo, o bo tshabe wa ga mma!!! BOKHUTLO

Buy Online Now!