Volume 52 Issue 5- May 2014 : Entertainment

CD Review: Slizer 'Bazooka'

Author : Lesego Bogatsu

CD REVIEW

Artist:Slizer

Album: Bazooka

Produced by:Slizer creations

Recorded at: Slizer Creations

Slizer o ntsha Dibazzooka

Mogaka wa mmino wa Afro-Kwassa Slizer o dira go tlala ka diatla gape. Mo tlhamong e ya gagwe o tuka go gaisa le one magala a mahibidu tota.  Tlhamo e e nang le dipina di le lesome e rurifatsa tota gore Slizer ga ana mophadi. Fa o batla go mo utlwa sentle e bo e le mo pineng ya ntlha “Ga kena motho,” ya bobedi ya bazooka le ya bone “Ma-china”. Tota fela tlhamo ya mosetsana yo e monate fela yotlhe. Jaaka a buwa mo pineng, “O ntshitse dibazooka,”  Mme jalo fa tsena mo pineng ya Lesome, molodi wa pina wa relela jaanong o utlwala jaaka mmino wa house e e tlhotlheleditsweng ke mmino wa house wa toropo ya Durban. Tota fela gompieno o ne a itomile sankatle. E monate go sa belaetse. 

Buy Online Now!