Volume 52 Issue 5- May 2014 : Entertainment

Ramozara 'Lapara la Koko'

Author : Lesego Bogatsu

Artist: Ramozara

Album: Lapara la Koko

Produced by: Thembeni Ramosetlheng

Recoreded at: Kwena ya nnete Studio.

A wa mo itse Ramozara, Monnamogolo wa go re pina ya mo vrovaya. Monnamogolo o wa setoutu o a bo a ntse a bua jone botoutu jwa gagwe.  Tlhamo e ya gagwe e e nang le dipina di le boferabobedi e monate ammaruri. Pina ya ntlha, “Ramozara ke Mogaka,” e tseisa manya ammaruri. Pina e ba e kgadikanya ga monate. Ka nnete Rrago Zari jaaka a ipoka ke mogaka wa bagaka. Fela tlhamo e na le dipina tsa Afro Kwassa, tota e le gore Ramozara o ne a sa batle go tlogela barati ba mmino o kwa ntle. E wela jalo ka pina ya, “kemokgethele ke bona gore e ka nna wa lenyalo,” E monate e reke o tla ikutlwela.

Buy Online Now!