Volume 52 Issue 6 - June 2014 : Mosasankegi

BA GA MAILA…

Author : Kutlwano

Lentswe la utlwalela tlase, “e le gore ba biditswe ke mang? Ba kgatlhantshe o utlwe gore ba batlang,” Ya ne e ka re re tla boela morago, ra beta pelo!ra atamela!  Ga re tuu. Kgotso ya ne ekare wa etseetsega.  Fa re ya re labile mojako monna a tomoga fa fatshe a re kgatlhantsha ka madume.

 “Dumelang borra, a le a thuswa”  Kgotso a araba ka gore o kopa metsi, emang fa setlhareng  foo ngwana o tla lo tsisetsa metsi, monna a ribela gape kafa lekotswaneng. Ra leta mo setlhareng se se mo patlelong..Metsi a tla ra nwa, kgotso a tloga a kopa molelo go tshuba sakerese! Monna wa kgantele a ribela a mo utlwa.

 Lentswe la gagwe la tla le tsewa ke phefo. “Ba reye o re ga re na molelo,” Ngwana a fetisa mafoko jaaka a ntse..Fa o ka re ra tsamaya, ra bona mosi kwa isong, yo kgotso a kopa go tshuba sakerese ko isong, monna a tomoga gape a latlhela mokgwaro kwa ntle. O tseye o tsamaye ka one, a bowa a ribela gape. Ra rata go gamarega..ntseane tota golo fa go diragalang.

 Ka go ne golo letlatlana yo Kgotso a kopa gore re tsene mo lwapeng re ikomose. Monna a goletsa borokgwe ka dikgono, go lebega mabogo a gagwe a patlapatlile, yo mongwe fale a tsholeditse mabogo a a tshikhintsha go bonala a batla mabogo a hempe ya gagwe a boela kwa  morago. “A le tsogile borra” banna ba phaphama. “le bomang le etang bosigo jaana!” “ke rona re ntse re kopa metsi,”ra arabela gongwe.

 Fa re sa letile matsogo lentswe la mosadimogolo la gowa ka fa maapeelong. “Re ka kwano!” Ra leba ntlha ya gagwe, Ra rakana le ene ka lefelo. “Le kopana le rona re feela jarata e e leswe,” Ka kwa segotlong ko banna ba leng teng gorile tu! Mosadi a feelela matlakala mo ditlhakong tsa rona, ra mo hapoga ra leba ko isong. “Go ko go mosi tla lo nne fa,” a bua jalo a sena go gowa ngwana gore a tsise ditilo. “kgotletsang metsi ao ame ke tle ke tlhape,” mosadi a buwa le bana

Ra lebana, ra ipotsa gore metsi a go tweng a kgotlediwe ke a antseng jang a a nkgang monate jaana. Rona rona re ne re utlwa go nkga nama ee mafura. Ra nna re letile kgantele monna a tswa ka kwa segotlong, “A tlhotse borra borra, nna ga re a tsoga ditonki tsa rona di a swa, fa le bona o kare ke a le bihela jaana, ke ntse ke buela tonki dintsa ka fa segotlong kafa,” a re itsese.

Ra nna raja dikgang foo fa o kare lefifi le tla wa, ra itekodisa fa re kopa boroko. Kgotso a tlhalosa fa re le mo patlong ya dikgomo mme o kare di itlwalelwa ntlha ya molapo wa bojang.  Mosadi  a gana go utlwa, “tota le tla robala fa kae,” ya re a ise a fetse monna a mo tsena ganong, “ ke tla ya go ba kopela ka kwa ga mme kakwa,”  “Owai gare ga se gore re batla go robala re tla lala re itisitse mo molelong mo,”  Fa  re sa rialo ngwana a kua ka selelo, “mama ke batla nama,”  Mmmagwe a mo kgadiepetsa.  “Tswa mo go nna o ye tshameka kwa,”

Fa re sale foo ga utlwala gore se se mo pitseng sa sha, mosetsana a tlola a khurumolola. Fa rialo monko wa nama e e mafura wa re apesa mosetsana a tlhatlola. Fa re ntse foo gatla bogobe bo le bosetlha, mosadi a kopa gore re tshelelwe sukuri. “A batho baba re tima nama,” ka buela ka fa pelong.

Ngwana a tla gape a lela, “mama ke batla nama,” mmaagwe a mo omanya gape. “A le ne lere go lo fa tonki e sule. Mosadi a araba ka maitseo, “Ee ke yone e o boneng re e apeetse dintsa eo maswe fela ga lo kake lwa e ja,” Kgotso a tomoga a re mpe ke e bone nna kana kwa ga rona re ja tonki, a fitlha mo isong a khurumolola, a tsaya masufu a le mabedi.  Ra e setla go utlwala gore ga gona le fa ele tonki, nama e keya kgomo. Dikgang ya ne e kete di a sulafala

“Mme ga e maswe toki e ya jega,” ga buwa Kgotso. Fa re fetsa ra ipoeletsa, Kgotso a kopa pampiri a tsenya masufu a mangwe mo teng, a ra kopa tsela. “Re lebogile ba ga maila, mpe re raleleng bosigo re tla itapolosa kwa pele,” Fa re sa tsamaya sekgale ra utlwa selelo sa ngwana “Ga ke itse gore ke eng o le sehatlha jaana ngwanyana ke wena, ya gago ke yone e ba e jeleng ele,” mosadi a omana. ENDS

Buy Online Now!