Volume 52 Issue 7 - July 2014 : Polelo

Moseka phofu ya gaabo…

Author : Lucretia Chima

Gangwe le gape fa mme a bua ka kgokgontsho ya bomme batho ba akanya gore mme wa go nna jalo ke learogi le le setseng sesha morago. Ba tlhwae tsebe ba akanye gore gongwe bomme ba boloditse ntwa mo go borre ba dira mo go tweng nkwe nkgoga le nna ke go ikgogele o tle o utlwe manokonoko a go gogiwa. Mongwe rre yo o itshabang mekgwa a re, “bana ba tshipha ba tsaya mmala o le mongwe,” nnya kante yo mma Keabonye Ntsabane ga o foo, sa gagwe fela ke go tlhaba bomme le borre podi matseba gore tau e se nang seboka e siiwa ke none e tlhotsa.

Bangwe ba bitsa bomme bao maina a lesotlo bare ke basadi ba di rights ( ditshwanelo) ba ba rotloetsang botlhokatsebe mo go bomme le go tlhala banna ba bone. Ke sone se e reng fa go umakwa mme Keabonye Ntsabane, bangwe ba bo ba sa batle go utlwa sepe ka ene,sebe sa phiri e le gore mme Ntsabane o iketeile sehuba gore o  emela ditshwanelo tsa basadi ka dinao. Fela gantsi batho ba utlwa ka tsa ga morakile.

“Ga re rotloetse botlhokatsebe le boitaolo mo go bomme, seo ga se tiro ya rona, rona re agisanya malwapa e bile re tlotla lenyalo,” ga tshwaela mma Ntsabane.  Mme yo, ke mongwe wa batho ba ba di gogang ko pele mo dikgang tsa bong, bogolojang tse di amang bomme le bana ba basetsanyana. E re ntswa bontsi bo akanya gore bomme ba ba lwelang ditshwanelo kana tekatekanyo gareng ga bomme le borre, ke bomme ba ba sa nyalwang kana ba kgaoganye le banna ba bone ka botlhokatsebe, seo ga se a nna jalo. 

Puisanyo ya Kutlwano le mma Ntsabane, yo o neng a tlogela tiro bosheng e ne ya supa fa tumelo e, e se nnete.  Sister jaaka bontsi bo mmitsa o bua bontle ka lenyalo. Ntswa a ne a kgaogane le monna wa gagwe morago ga dingwaga tse di lesome ba nyalane, Sister o tlotla lenyalo, e bile o santse a tshedisanya le boorra matsalaagwe fela sentle.

 “Batho ba tsaya gore re ikgobokantse go rotloetsa boitaolo mo go bomme, mme ga go a nna jalo. Fa mme a na le mathata le rre wa gagwe ga re rotloetse gore ba kgaogane. Ga go monate go  nna o le nosi.,” ga bua mma Ntsabane yo o segofaditsweng ka bana ba basimane ba le bane mo tseong ya gagwe le rre Fox Ntsabane yo o sa tlhole a le botshelong. 

Mma Ntsabane a re bangwe ba akanya gore bomme ba ba itebagantseng le dikgang tsa bong ba lejwa ka leitlho le sele mme a re bangwe ke bomme ba ba nang le malapa a a renang kagiso e bile ba ise ba tshware phage ka mangana mo malwapeng a bone.

 A re bomme ka bontsi ba felela ba jela mo kgobedung ba ne ba sa solofela fa lefatshe le ka phetsoga ka bone. “Re isa batho ko baruting, le ko bagakoloding go aga malwapa, fa mosadi a sa dire sentle re a bua gore a ipaakanye. Mme fa go sa berekeng teng, ga re ka ke ra patika fela ka go ka felela gole borai.”

Mma Ntsabane fa a bua ka dikgang tse o kgona go lemoga gore o itse se a buang ka sone, ga a tlhoke go leba mo pampiring. Tota fa gotwe mmata phofu ya abo ga a se lentswe, e kare go ne go lebilwe Sister. Dikgang tse tsa go thusa batho o tswa kgakala ka tsone e bile fa gongwe a ithaopa. Mme yo, yo o tlholegang kwa Ramotswa ke mongwe wa dikgantshwane tse di supileng gore fa go na le maikaelelo go nna le maduo. E re ntswa a ne a sa a ka adira sentle mo lokwalong la gagwe la sekolo se segolwane Mma Ntsabane ga a ka a neela tshwene marapo jaaka bontsi bo dira. Kgaka e ntsho e fofa mebala re e bona e sule. 

Bontsi bo mo gakologelwa thata ka e le mongwe wa bomme ba ba neng ba lwela gore go nne le legae le bomme ba ba kgokgontshiwang ba ka sielang teng ka go lemoga fa go le gantsi e re mme a na le seemo masika le ditsala ba tshabe go mo fa boroko ka poifo ya gore mokgokgontshi o ka nna a ba tlhasela. Mo bogompienong lefelo le, le kgona go amogela mme le bana tota.” O diretse mo mafelong a le mantsi fa a sena go tlogela  borutabana. Ka a ne a rotloetsa bomme go tsena mo go tsa sepolotiki, Ntsabane ga a a tswa motlhanka wa mafoko a gagwe ka a tlogela tiro go ya go iteisanya boratlhana le ba bangwe.

 

Leina: Keabonye Ntsabane

Legae: Ramotswa

Bana: Bone

Dithutego: 2001 -Higher National Diploma Media Studies-Highbury College, UK

1993-Certificate in Basic Radio Production-DIBS, Gaborone

1988-Certificate in Primary Teachers Course-Tlokweng TTC

TSE DINGWE:

2008:GEMSA Media Literary training –Johannesburg, South Africa

2007: Alerts Projects-Johannesburg, South Africa. 

1994: Leadership and Practice

MAITEMOGELO 

2014-2009 Gender Links 

2008-2005 Red Cross Society Branch Development Coordinator 

2004-1997 Women`s NGO Coalition Information Officer. BOKHUTLO

Buy Online Now!