Volume 52 Issue 08 - August 2014 : Mosasankegi

Monate ga o phuthelwe ka kobo...

Author : Kutlwano

Basotho ke di kgeleke! Batho ba fa ba dira tiro ke batho ba go tsenya marapo mo dinameng. E re ka ba segofaditswe ka puo e monate, o ka tlhola fela o ingatile ka ditshego.

Mothaka o wa mmata wame, Boikobo, ke a bo ke ne ka mmolelela, ke mo raya ke re mosadi ga a tsewe ditshabeng. Kae! a seka a ntheetsa a ba a ya go wela Lesotho. Gompieno jaana ditiro tsa rona di eme e le lebaka la gagwe fela.

Mme fa e le la gompieno ga ke tsene gope. Ke ka mpa ka lebega jaaka motho o o bosula. E seng jalo mosimanyana o o ka tlwaele. Ga a nke a gakololwa. O neetswe legodu jaanong le a mo fisa a re ntshwarang. Mosadi fa a inama o ikantse mosese wa morago.Gone ga ke gane o ne a mmone ngwana o reng Basotho ba mmoka ba re,

“Ngwana ke cha mpa le seatla mme fa o kare ke nwe metsi nka nwa le bolele, ke nwa jaaka ntja ke nwa ka loleme. Ha e le tlhafu tsa hao tsona e ka thupa tse ntle tsa ho aga mokhukhu. Ngwana rato laka ho wena e ka diba se motlhodi o maatla, o lesapo la pelo yame,” Ba tsewa ke sefefo sa lorato jalo, sa tsubutla ka bone kgwedi di ka nna tlhano, ya borataro molekane a oketsa mosepele ka gore wa nyala.

Gosita kang ka gore ke lekile go bua le ene ka ba ka mo gopotsa gore Basotho ba re, “nka nako ho motseba,” ga tsena ka fa ga tswa ka fa. Pelo ya mmata wame e phophoma ka boitumelo, ya re fa a gopotse kwa dithabeng kwa ga ntate Moshoeshoe le mmereko a a tlole godimo o ka re podi e tlola potsane. Motshelo o tswa go dubega ka tsatsi la lenyalo.

Ra tlhola jalo kwa dithabeng, go jewa koma Kgomo e le segangwa ke basadi. Motswana a re ke mabele mabelega batho, Mosotho a re mabele nka bolawa ke wena nka thaba. Phafana e dikologa.

Fa e le banyadi bone ba bo ba thuntshitse dithole, ba ja tlhako. Ba ne ba feta baya go tsaya dinepe fa majweng, kgantele ba eme fa metsing, nnya khamera e lelela boatleng. “Tlhakola monyadi, tlhakola monyadi,” mongwe a buwa. Fa a rialo mosetsana a tlole a sutlhe monyadi lerole. Le ba tlhabetse mme le bone fela jalo ba le aramela.  Jalo gatla nako ya dibui. Malomangwe Boikobo a nna mokhutshwane.

 “Re a leboga betsho go bo le re godisediste sego sa metsi. O montle mosetsana o e le ruri, ngwetsi re e bone ya motia,” Fa a ise a re ke feditse ba tsena ganong ka mogolokwane, ya bo e le gone jaaka a digetse.

Basotho ba emisa Maloma monyadi, serintlha sa mosotho. Mpa ya gagwe o ka re o meditse dubei. Phafana o ema jaana e le mo seatleng. Motho wa ga moshoeshoe puo a itse go e ala.

“Sesotho sa re tshimo o e lema ka matsoho, ha dijo tsa yone di butswitse, o di kotula ka matlho,” Ga re tu! Basotho bamo leba, kaba itse gore ke motho wa dimakatso. “Batswana ngoana wa rena keo, o montle sefatlhego, wa sebetsa ka motsogo a hae. Fela ke batla go le lebohela tiro e le itseditseng yona,”

Ke fomane molatsa wa lona thapamengng ya letsatsi, ka leboga modimo o maatla gore fa e le nnete gore ngoana ona wa rena wa nyalwa ke mafoko a nametsang thata haholo. Kana ke ne ke sa tsebe gore ngoana o ke tla etsang ka ena. Jalo lona Batswana la re tswa thuso.

Ngoana o w arena re a mo rata, empa jalo nnete ya sala. Ha ho tla tabeng tsa banna ngoana ona ke ne ke sa mo tshephe. Ngoana o na o ne a sebedisa mantswe a reng, “monate ga o phuthelwe ka kobo,” jalo rena re ne re itlhobogile, re sa itse gore motlhamongwe re tla bo re dutse ka mo re ja lenyalo la motlogolo wame.

Tiro tse mpe o di editse kaofela jalo lona la seka la sheba tiro tse mpe la mo kgetha fela a nya matsetse. Ke yone tshupo e batsha ba reng ke true-love,” Ga didimala mo o neng o ka utlwa nnale a wela fa fatshe. Maloma a hupa phafana a tswelela.

“Dilemo tse dintsi ngoana o na a sa phele le rena mo hae. Selemo sa ntlha ramo utlwalela ko Lebowa, a tshola ngwana le moshiane wa koo, fa a tloga koo a bolaya ngoana a tshebela Soweto. A fitlha a dula le moshiane wa MoZulu dilemo tse pedi. Jalo ra nagana gore o tsamaya tseleng tsa tshiamo.

Ditaba tsa kena mo Lesotho gore jalo ha ba se mmogo ka gore ngoana wa rena o sentse mpa, Jalo Keletso a ya chankaneng dilemo tse pedi kwa Gauteng. Re ne ra makala ka ntho a entseng yone. Motlogolo wame a na le botsotso ba Swaziland ba kena banking mo Aukland park,ba bolaya batho nka tshelete e ngata,” Morafeh wa makalela kwa godimo.

A ema go se nene a seba Boikobo matlhong, a tloga a bitsa leina la gagwe.  “Boikobo!” Mmata a phaphama fa a utlwa leina la gagwe le bidiwa. O kare ke motho a le mo torong. Fa e le mosetsana e ne a bo a labile malomangwe ka matlho a geletseng dikeledi.

 “O monna banneng, o monna tia. Ga ke tsebe gore o entseng ngoana o wa rena go re a be mosadi yo montle jaana.Le gore tshiamo e kenelele pelong ya hae. Re ne re tsamaya ka tlhogo fatshe e le tiro tse mpe tsa ngoana ona, jalo lona Batswana lo entse ntho e ntle haholo re a le lebohisa, modimo o le sebeletse matshelo a lona a phethege ha monate,” fa a tsamaela go wetsa Boikobo a sokamela ka go malomangwe.

“Malome!,” Ra Bashi a araba ka go duma, “Hhmmm,” Boikobo a bula molomo, o phaphaletse mafoko a gana go tswa ka molomo. A tloga a nyera mo setilong. Bokhutlo

Buy Online Now!