Volume 52 Issue 08 - August 2014 : Entertainment
Ga go sa Ragwa Ka lenao
Author : Kutlwano
Artist: Maghebula
Album: Ga go sa Ragwa Ka lenao
Producer: Dr Tawanda
Maghebula ke mongwe wa badiragatsi ba iketeileng sehuba gore ba tlaa emela mmino wa Setswana ka dinao. Fela Maghebula ga a farologane thata le moopedi ka ene, Shumba Ratshega.Fa o sa mo itse o ka ba ware ke ene Shumba ka sebele. Selo se, ka se aname le dipina tsa gagwe, se ka mo digela kwa tlase. Lentswe le tlhamo o na le tsone, jalo o na le kgwetlho ya go farologana le baopedi ba bangwe go ipatlela balatedi. Tlhamo e ya gagwe e e nang le dipina di le thataro ke ya bone mme go ya ka ene o batla go ipona a le kwa setlhoeng sa moopelo wa Setswana.
© Kutlwano 2013 All Rights Reserved.



