Volume 52 Issue 08 - August 2014 : Polelo
Motswedi wa Phatsimo
Author : Tshepo Metsi
“Ao! Phatsi!” ga utlwala lentswe la ga Gaotlhobogwe ka boitumelo a bona ntsalae wa lekgarebe a feta ka tselana e tshesane fa ga bone.
Phatsimo yo e neng e le gone a gorogang mo Maunatlala go tswa Gaborone a ikatumetsa fa legoreng go mo itekodisa. Gaotlhobogwe ga a ka a itsapa go bolelela Phatsi se a reng ke bokgoba jwa tiro ya go belegela mosadi wa lepodise ngwana mo Maunatlala.
“Ka re ke duelwa lemme fela mme ke tshwara mamina le makaka. Go apaya nna, fa e le boatla jwa ba bagolwane bana jone ga ke bue,” ya ne e kete Gaotlhobogwe o begela mmueledi wa tsa molao.
“Tswa tlhe o phatsime jaaka nna Phatsimo. Gaborone o tshwere gotlhe,” Phatsimo a ikgantshetsa ntsalae. O ne a mo itsise fa botshelo jwa toropokgolo Gaborone bo sa rone ope mosadi fa fela a phatsima.
Ee, kana bontsi jwa bone ba go jela nala teng bo ne bo sa tshwane le maloba fa bo tswa magaeng. Go ne go phatsimiwa fela jaaka mosenene o ntshitse moitlobo. Metsi a letamo la Gaborone a ba dumetse ka go ba setlhafatsa sekgoanyane.
Bangwe ba ne ba sa a kgotsofalele, ke ka moo ba neng ba fetola letlalo la bone go nna lebota la botaki le botshwantshi.
“Fa o na le maikaelelo o ka se sokole go bona letseno le le botoka kwa. Mosadi! O tlaa ja mmu fa o sa tlhwaafalele go batla mafulo a matalana,” Phatsimo a bolelela Gaotlhobogwe se a reng ke go tsoga maroko.
Fa go sa ntse go tlotliwa jalo raGaotlhobogwe a bula mojako wa ntlo a hupile segotlhola. O ba tsepile ka matlho gangwe fela a bo a setse a sosobantse phatla, leswe la go hupiwa ke mogolo la kgwiwa.
Rra Gaotlhobogwe o ne a sa le a lemogilwe ke morwadie gore ga a rata bokopano joo, ke fa basetsana ba katogana pele fa tshukudu e ba tshela dithole.
Taelano ya bobedi joo ya nna gone go tsholeletsana diatla fela. “MmaGao, o a bo a simolotse morwadio ka go sala salana morago le Phatsimo” raGaotlhobogwe a bolelela mogatse, jaanong a setse a boetse mo ntlong.
“Waitse fa e le yo ngwana o re fetotse batlhami ba pina ya malatsi otlhe. Gao! Gao!” mmaGaotlhobogwe a goa go bitsa morwadie. Ka mosetsana a ne a itse gore o biletswa kgalemo a tla a goga dinao, a ipaakanyetsa go tlhama polelo ya gore o ne a tšhotlha eng le ntsalae.
“Ngwanaka, tota o tlaa re utlwa leng fa re go bolelela fa Phatsimo e le mosetsana yo sa iketlang?” mmaGaotlhobogwe a botsa morwadie. Kana batsadi ba ga Gaotlhobogwe sa le ba lekile go aroganya motho le ntsalae ngogola morago ga go utlwa ka bangwe fa motswedi wa botshelo jwa go phatsima ga ga Phatsimo e le o o itshekileng ka leswe.
Mmoni wa tsotlhe a ba boleletse gore Phatsimo o fetotse banna motswedi wa dikatso.
Botsadi joo le jone bo kile jwa leka go itsese ba ga ene Phatsimo ka tsa podi ya tsela mme ba swaba nko go feta molomo fa ba bolelelwa gore ba lefufa mo lekgarebeng. Ba teilwe fela go twe “Ee, gakere wa lona o a palelwa! Tswang tlhe mo go Phatsimo.”
Fa e sale ka nako eo botsadi joo ga bo sa buisana. “O ne a mpolelela fela gore go bapaditswe ditiro di le mmalwa kwa Gaborone, nna e bile ke batla go ya go iteka lesego,” Gaotlhobogwe a bolelela batsadi a sa ba kope.
Mo bekeng e e latelang, batsadi ba go ithaya ba re ngwana o ne a le mo tshamekong ba lemotshiwa fela ke go phirima ga letsatsi a sa iponatse gore o kgokologetse Gaborone. Phatsimo ene o ne a na le rrenyana wa gagwe fa botala jwa mosokelatsebeng wa gagwe bo benyabenya. Fa a leba molaetsa ga supega e le wa tshoganetso; “Tlaa o ntseye, ke kwa Borakanelo.”
Phatsimo a tenega ka go bo ntsalae a ne a mo kgoreletsa go itewa ke phefo le Atamo. “Hei! E a bo e le mmadirabanyana Gao. Tota mosetsana yo o ntshaletseng morago?
Le gone o ne a tiisitse fa a re o batla go tla GC, ke mathata!” ga bua Phatsimo. Phatsimo o boleletse motho wa gagwe fa ene a tlotletse Gao ka tsa Gaborone a ithaya a re motho o tlaa iphataphatela fa a ka goroga mo Gaborone. Mo pelong Phatsimo a itlama fa a tlaa tsenya ngwana wa batho mo dijong. Ga duwa mmogo le Atamo ka koloi go ya go tsaya Gao.
Mo mosong Phatsimo a bo a sa le a feditse go tlhapa a eme sentle, fa Gaotlhobogwe ene a saletse kwa morago. Ka Phatsimo e ne e le sealogane sa bontle, o ne a tshwanelwa ke go bo simolodisa mo go setlabošane. Motho wa go letliwa ke ntsalae a bo a setse a feditse go tlhapa mme a bolelelwa fa go iwa go tlhola rre Orlando ka tsa patlo ya tiro.
E rile fa Gaotlhobogwe a fetsa go itshasa mafura a gagwe a tlwaelo, Phatsi a mo re pha! ka legofi mo marameng. “Mma o mpeletsang?” Gao a mmotsa. “Leba seipone ngwanyana!” seo e le phetolo ya tšhakgalo ka Phatsimo. Gao a iteba, ga senoga bosweusweu mo marameng a gagwe. “Ee, ke ne ke go fa, rethefatsa marama ao ka bopi joo!” Phatsimo a fa ntsalae ditaelo tsa ntlafatso.
Ba dule foo Gao a adimilwe mosesenyana yo neng o mo gagamaditse dirope, a rwesitswe le ditlhako tse di neng di tlhaba lefatshe ka motsu wa segai kwa seretheng.
Ka maswabi basetsana ba fitlhetse kolotsana ya legodimo e santse e ikganeletse kwa diofising tse di kwa godimodimo, ba tshwanelwa ke go latela Orlando ka dinao. “Gao! Gao! Nna ke tlaa go tlhoboga, ija! Ga twe mmaago o go biditse Gaotlhobogwe a lebile eng tota?”
Phatsimo a bua a garumela ntsalae yo neng a ikgoga se ka letagwa. Fa a tla go wetsa dikgato tsa bodilo jwa mathatlaganyane gone motsu wa setlhako wa kumuga, a utlwa mmele o repa.
Go ne go setse fela gore a re po! Ka Modimo yo sa jeng nkabo Gaotlhobogwe mosetsana wa legae a itshwarelela ka thito ya setlhatshana sa ditsebe tsa tlou go itsa kgobalo.
“Heela! Mma! O re senyetsa mokgabisa tlhe!” ga kgalema mokwaledi wa kompone ya Brighton. Bomme ba tshega sesadi ba itaana diatla fa boamogelong jwa kompone, ditshebo ya nna “Mmangwane`ago!” le “A o mmone?” Phatsi a goga Gao go tsena mo ofising ya ga Orlando.
“Oh! Le gorogile” kodu ya ga Orlando ya rora, pelo ya mogoma e tletse boitumelo. “Ee, ke rona ba, mosetsana ke ene yo” Phatsimo a araba rafifing wa gagwe wa pele.
“Gao, fa o ka nna bogoma mo mohiring yo ke go tlogela fa, o ka boela tlaleng ya Maunatlala ka lenao, gakere o a itse gore ga o na madi?” Phatsi a seka a mo lobela.
E rile Phatsimo a fetsa go mo itsese gotlhe le leina la wa ntsalae a ba sutela mo ofising go dira tiro mme a letlela ntsalae kwa boamogelong. “Ao babe! Ke tlaa go papamaletsa fela. Nna o fokisa mosese pele fa ke go fa mmereko wa go nna morongwa wa poso ya rona. A o a nkutlwa?” ga botsa Orlando.
Ngwana wa batho a ikutlwa a roroma mo a neng a roromisa le bodilo ka maoto jaaka ba borankana. O dule mo teng a ikgabeditse mosetsana, a ganne go tsholetsa mosese. Kwa boamogelong o fitlhetse Phatsimo a seyo ka a ne a sa bolo go benyabenyediwa molaetsa wa go re mosetsana o bodipa. Gaotlhobogwe a tlhola a sailasaila le toropo a sa tlhole a itse kwa a neng a go tswa le Phatsimo.
Morago ga go nna lobaka ka fa tlase ga moriti wa setlhare, Gao o ne a itshelelwa ke rre wa mofeti-ka-tsela. Rre yo wa go mo tshepisa fa a ka latsang tlhogo teng le ene ga ka a batla go fetwa ke bontle a bo lebile.
Gaotlhobogwe wa Modimo o tseneletswe ke motho a robetse bosigo morago ga go mo godumisa se a teilweng go twe ke molemo o o lapolosang kante ke jaaka a mo robatsa kga tsho!
E rile a thanya mo mosong a iphitlhela a sa tswala mme a tshoga jaaka Efa wa go ikgabetsa ka matlhare. Rre Obi wa go ikadima mosetsana ka dikobo a mmolelela fa a letlile mafelo a kgwedi gore a tle a mo fe madi a sepalamo go boela gae. Kae? Dikgwedi di ne tsa ba tsa nna tlhano Gaotlhobogwe a kibile kwa ga Obi.
O golotswe fela a setse a lemogilwe fa a le morwalo ke modiradilo rre Obi. “Tsaya o boele ga lona! Ga ke go batle fa!” Obi a fa Gaotlhobogwe lekgolonyana la dipula. Gaotlhobogwe yo batsadi ba neng ba sa mo tlhoboga a boela Maunatlala.
Gao o fitlhetse batsadi ba gagwe ba kopanetse moriti jaaka gale, e kete ba ne ba dupelela fa a tlaa goroga. Mosetsana a iphara fa go mmaagwe mo phateng, le eseng ka madume.
raGaotlhobogwe e rile go bona morwadie a suma go golola mowa wa khupelo a mo raya fela a re, “Ngwanaka, ngwana yo sa utlweng molao wa batsadi o utlwa wa manong.” Boikotlhao jwa ga Gaotlhobogwe jwa itshupa fela ka go tlhapa sefatlhego ka dikeledi.
Fa e le mmaGao ene e rile go bona dikeledi tsa morwadie tsa gagwe le tsone tsa elela, a tlhoka molomo. Bokhutlo


