Volume 52 Issue 09 - September 2014 : Mosasankegi
Batlhophi a ko lo iketleng!
Author : Kutlwano
Go lo ka fa Radio Botswana ka fa kgaitsadiake Lesego Kgajwane o ntse mosima wa phika ka marago. Ngwana o wa Bakgatla o a sotlega, o fitlhela e bile mmala wa gagwe o fetogile a sa tlhole a le mosweu jaanong a le moshibidu. Maloba jaana ke mo reeditse mo seromamoweng o ka re nka tsena mo go sone ka kitla bangwe ka matswele.
A tshwere phage ka mangana. Maloba ra tsamaya, tota ke batla go iponela ka oo mabedi. Polotiki o e tshabele mo se se mitlwa. Ra ya go wela mo kgaolong nngwe ya botlhophi re setse seromamowa morago. Monna! ba sa reetse batlhophi le bo ntlhopeng. Ka ba ka bona gore kgwele ya dinao le polotiki ga di farologane thata.
“Atumelang bo ntlhophang le ikitsise batlhophi,” ga bua Lesego. Lentswe la gagwe la ribegwa ke loshalaba la batlhopi. Fa a riana ga ema rre yo o mo kgaraga a tsamaela ntlheng ya segoagowe. “Nna le a nkitse ke nna rre wa ntlo e tona e tshweu e e fa setopong fa o ya ko Gaborone. Maloba ke ne ke dule mo pampiring ya dikgang ke agela motlhoki…” Lesego wa modimo a mo tsena ganong.
“Rra ra re ikitsese batlhophi o ba bolelele maina a gago.” Hee! Monna a gana go utlwa. “Mma, ke a itse gore o tsaya letlhakore, o seka wa ntsena ganong ke ipolelela batlhophi. Ee go lo mo kgaolong e ya rona ga go na loso lo o ka sekeng o mpone mo go lone, ke a hitlha ke a nyadisa,” Fa a rialo batlhophi ba mo amogela ka loshalaba, seromamowa sa ba sa kgamiwa ke modumo. Owaii! fa e le Lesego wa modimo e ne mmanyana a seyo jaanong.
Fa go ntse jalo rre yole kana jaanong o tsweletse wa bua ga go ope yo o mo utlwang. “Didimalang batlhophi!, heelang batlhophi! le a tlhodia, didimalang,” ya bo e le Lesego. Morago ga sebakanyana modumo wa wela tlase, ga tla ntlhophang yo mongwe. “Ipolelele batlhophi rra,” ya bo e le Lesego. “Batho ba modimo le itse gore mo kgaolong e, re na le mathata a bogodu jwa leruo. Go na le matlo a matona a masweu mo kgaolong e ya rona a a agilweng ka madi a leruo la rona.”
Fa a rialo batlhophi ba gagwe ba mo tseeletsa ka leshalaba. “Ketleng pele, didimalang batlhophi, wena ntlhophang tlogela dikgang tse tsa gagwe tsa bogodu o ipolelele batlhophi,” e a bo e le Lesego. “Ehe mma, nnyaa nna batlhopi ba a nkitse, akere le a nkitse?” batlhophi ba araba ka mogolokwane. Lesego a mo tsena ganong gape, “Rra tswaya mo batlhoping o bue le nna,” ea bo e le jaaka Lesego a rumolane. “Mma o ntse o lesa rre yo fela a bua jaaka a batla, le nna ntesa fela ke bue, o tsaya letlhakore ke a bona go lo fa, ke eng o nkitsa go bua?” Ga tla ntlhopeng yo mongwe a ema fa pele ga segoagowe. Fa Lesego a re o sa ntse a tla bua, monna a thubega ka pina.
“Heela! Ga re se opele, ipolelele batlhophi,” Lesego a kgalema. Monna a seka a reetsa pina ya tswelela ya a kwa godimo a e opela ka botswapelo mme tota fa o e reetsa sentle, o utlwa e se pina e le go rumolana. Yole wa ntlha ole a eme sentle, fela fa pina e fela a tsena a ise a lalediwe. “Betsho fa le ka ntlhopha ke ya go aga sepatela le lebala la metshameko. Ke ya go batlela banana ditiro mo kgaolong e...”
“...ga re iketle ga ke ise ke go fe sebaka,” ga bua Lesego. A ganelela mo segoagoweng kgabagare a boa ka morago. Lesego a bitsa yo mongwe. “Wena rra o solofetsa batlhophi eng?”
“Le a nkitse gore ke motshameki wa bolo, le katara fa o e nnela ke a e letsa, metlae yone ga ke bue, ga go na ope yo o sa nkitseng fa. Nna ke a go le tsisetsa metsi, ke bo ke le agela mmolo mo kgaolong e ya rona,” fa a rialo batlhophi ba mo tsaya ka leshalaba. Owai mmata a ntsaya ka letsogo a re “monna a re itsamaele re tla bowa tsatsi lengwe”. Ra wela tsela, di tla sala di bonwa ke Lesego. Fela re mo tlhomogela pelo. “A o tla kgona go tshereganya batho ba itaana ka noga e utlwa.” BOKHUTLO



