Volume 52 Issue 10 - October 2014 : Entertainment

Ke tla go senyetsa bokgarebe!

Author : Kutlwano

 

Artist: Tsopena

Album: Modimo wa rona

Producer: Bullet Ketshabile

Uhu! Golo fa okare mmino wa disco o tla tuma thata mo go bomme.  Tsopena o dimakatso e le ruri. Pele fa ke leba tlhamo kwa ntle, ka re ke e e rorisang ramasedi. Fela fa ke e tshameka ka lemoga gore ke ya mosakaso.  E batla ba ba  jang tlhako fela, motho fa a le setwerere o ka tsamaisana le yone sentle o ka relela a bo a re tshutshu!  Fela pina ya gagwe ya borataro, Nyatsi, ke yone e barati ba gagwe ba tlaa e jang monate. O ikana sentle mo pineng e gore nyatsi e e mo thubelang lelwapa o tla e senyetsa bokgarabe. “O nyatsi ya ga mang, o nyatsa mang lwapeng lwaka, O sethuba malwapa ngwanyana,” ke bontlha bongwe jwa mafoko a gagwe.  Gone tlhamo yone ke yone!+

 

Buy Online Now!