Volume 52 Issue 10 - October 2014 : Entertainment

Slizer Sia Koo!

Author : Kutlwano

 

Artist: Flower Girls

Album: Ko Zanting.

Producer: Dr Tawanda

O ka tswa o ba itse ka tlhamo ya, “Ko ko re a tsena,” e ba neng ba itibola ka yone. Nnete ya re e buiwe, tlhamo e e ne e se yone sentle. Lokwalo, Ko Zanting, Re boile, Chelate le Botswana ke dipina tse di dirang tlhamo e, mme e bile di tseisa manya. Fa e le ba ba ratang go bina bone e le ruri matsalo a morena ba tlaa ja sentle ka tlhamo e. Setlhopha se se dirwa ke Mpho le Shinny ba ba nnileng ka lobaka le sethakga sa mmino Maxy. Ke bone ba ba neng ba binela Mma Digauta. Fela se se farologanyang mmino o wa bone wa disco le wa maloba wa Aferika borwa ke gore ba e tswakantse le modumo wa kwasa-kwasa. Fa ba tshikhinya marago fa, ba go tshwarisa kgakge.

Buy Online Now!