Volume 52 Issues 11&12 (November-December 2014) : Mosasankegi
Bakgatla ka lereka!
Author : Kutlwano
Maloba ka ditlhopho ka rata go bolawa ke ditshego. Nxa! Ke ntse ke sa itse gore selo se ditlhopho di monate jaana. Batlhophi o tshabe ba ba didimetseng, fa e le rona ba ba tsosang modumo, Owaai! Re ka bolaisa ntlhophang stress. Ka ba le leratla! E nne e kare ntlhophang o ile palamenteng go ise go tlhophiwe.
Motho wa modimo a thanye fela fa di balwa, a ipotse gore morafe o o neng o mo solofetsa tlhopho o ile kae. Gatwe ka fa Takatokwane ka fa gone ga bo go diragala se sele. Batho legale ka o ba itse ba tsamaya ka loleme!
Ga re itse gore a e a bo e le nnete kgotsa ditsiabadimo fela. Fa ba bua ba re moraka mongwe o o gaufi le Takatokwane go ne go ikwadisitse motho a le mongwe. Bangwe ba kile ba leka gore rre yoo a ye go ikwadisetsa ko mafelong a mangwe.
Ka o ba itse mapolotiki ba le supa le le fa! Owaii! Batlhophisi ba rwalerwalega ba ya go wela kwa morakeng oo letsatsi pele ga ditlhopho. Ba phakela ka makuku a naka tsa kgomo ba bula lefelo la botlhophelo. Bana ba modimo ba kokomala motho a seyo.
Fa ba le foo ba ne ba utlwa gotwe o kgabotse golo gongwe, ba tlelwe ke tsholofelo ya gore o tloga a iponatsa. Tota moono e ne e le gore fela fa a sena go ikwadisa, ba tla a bo ba phutha.
Nako ya dijo tsa motshegare ya wela, motho a seyo mme ka phirimane ba thantshiwa ke modumo. Mongwe a tswa ntlheng ya botlhaba, pina ya gagwe e le kwa godimo. “Chelete ke makgona tsotlhe, Chelete! chelate! chelete ke makgona tsotlhe!”
A e tlhabeletsa a bo a e amoga gape. Fa a goroga ba utlwa fela ka monko gore o letse mo diphafaneng. ‘Ao rra ke eng o ne o sa tle phakela kana re tlhotse fa re letetse wena fela,” ga botsa motsamaisa ditlhopho.
“Owaii ke ne ke tshaba mola o motelele, ga o itse gore mola wa ditlhopho o motelele,” loso logolo ya nna ditshego. Gone ka tsatsi leo ka fa kgatleng ka fa mapodise ba bo ba tshwaraganye le bosele bothata. Fa ba ntse ba lebeletse ditlhopho, ba utlwa fela ka monko gore mosimane wa mokgatla o tshubile.
Go nkga gore phuu! Lepodise la mo lebelela. Fela fa a re o tsena mo ntlwaneng, a utlwa fela motho a mo kapa ka molala. “Ke eng o gogela motokwane mo bathong,” ga botsa lepodise.
Fa a sa ntse a itoma diteme jalo lepodise fa le mo tshwara ka pata la fitlhela o ka tlala kopi ya tee. “Morena nna go lo mo ga ke go rate, fa ke tsena mo ntlwaneng jaana, ke batla go go flusher, mathata ke gore fa ke go flusher go nna go bowa fela, tsatsi le ke la bobedi kere ke a flusher go gana, nna motokwane ke o ila lebaibai,” lepodise la mo ganetsa. “Gao bue nnete monna, ke ntse ke go bona o goga motokwane fale.”
“Nna rra ga ke goge motokwane, fa o ganetsa gore motokwane o gana ke o flusher, o latlhele mo teng o tle o iponele,” Mosimane wa lepodise a latlhela motokwane mo ntlwaneng ya Bakgatla. Fa a rialo mosimane a tsamaisa metsi, motokwane wa tsena ka lenga la seloko metsi a sala a le phepha.
Leposide la shadikanya matlho ga tsoga kgaruru. “Monna kare tlisa motokwane,” ga bua lepodise. “Rra wee ga ke tshole dilo tseo, fa e le gore o kgeipile tsamaya o ye go kopa kwa go ba sele nna ga ke je motokwane,” a bua jalo a gatela ntlheng ya morafe.M
aloba ka ditlhopho ka rata go bolawa ke ditshego. Nxa! Ke ntse ke sa itse gore selo se ditlhopho di monate jaana. Batlhophi o tshabe ba ba didimetseng, fa e le rona ba ba tsosang modumo, Owaai! Re ka bolaisa ntlhophang stress. Ka ba le leratla! E nne e kare ntlhophang o ile palamenteng go ise go tlhophiwe.
Motho wa modimo a thanye fela fa di balwa, a ipotse gore morafe o o neng o mo solofetsa tlhopho o ile kae. Gatwe ka fa Takatokwane ka fa gone ga bo go diragala se sele. Batho legale ka o ba itse ba tsamaya ka loleme!
Ga re itse gore a e a bo e le nnete kgotsa ditsiabadimo fela. Fa ba bua ba re moraka mongwe o o gaufi le Takatokwane go ne go ikwadisitse motho a le mongwe. Bangwe ba kile ba leka gore rre yoo a ye go ikwadisetsa ko mafelong a mangwe.
Ka o ba itse mapolotiki ba le supa le le fa! Owaii! Batlhophisi ba rwalerwalega ba ya go wela kwa morakeng oo letsatsi pele ga ditlhopho. Ba phakela ka makuku a naka tsa kgomo ba bula lefelo la botlhophelo.
Bana ba modimo ba kokomala motho a seyo. Fa ba le foo ba ne ba utlwa gotwe o kgabotse golo gongwe, ba tlelwe ke tsholofelo ya gore o tloga a iponatsa. Tota moono e ne e le gore fela fa a sena go ikwadisa, ba tla a bo ba phutha.
Nako ya dijo tsa motshegare ya wela, motho a seyo mme ka phirimane ba thantshiwa ke modumo. Mongwe a tswa ntlheng ya botlhaba, pina ya gagwe e le kwa godimo.
“Chelete ke makgona tsotlhe, Chelete! chelate! chelete ke makgona tsotlhe!” A e tlhabeletsa a bo a e amoga gape. Fa a goroga ba utlwa fela ka monko gore o letse mo diphafaneng. ‘Ao rra ke eng o ne o sa tle phakela kana re tlhotse fa re letetse wena fela,” ga botsa motsamaisa ditlhopho.
“Owaii ke ne ke tshaba mola o motelele, ga o itse gore mola wa ditlhopho o motelele,” loso logolo ya nna ditshego. Gone ka tsatsi leo ka fa kgatleng ka fa mapodise ba bo ba tshwaraganye le bosele bothata.
Fa ba ntse ba lebeletse ditlhopho, ba utlwa fela ka monko gore mosimane wa mokgatla o tshubile. Go nkga gore phuu! Lepodise la mo lebelela. Fela fa a re o tsena mo ntlwaneng, a utlwa fela motho a mo kapa ka molala. “Ke eng o gogela motokwane mo bathong,” ga botsa lepodise.
Fa a sa ntse a itoma diteme jalo lepodise fa le mo tshwara ka pata la fitlhela o ka tlala kopi ya tee. “Morena nna go lo mo ga ke go rate, fa ke tsena mo ntlwaneng jaana, ke batla go go flusher, mathata ke gore fa ke go flusher go nna go bowa fela, tsatsi le ke la bobedi kere ke a flusher go gana, nna motokwane ke o ila lebaibai,” lepodise la mo ganetsa. “Gao bue nnete monna, ke ntse ke go bona o goga motokwane fale.”
“Nna rra ga ke goge motokwane, fa o ganetsa gore motokwane o gana ke o flusher, o latlhele mo teng o tle o iponele,” Mosimane wa lepodise a latlhela motokwane mo ntlwaneng ya Bakgatla. Fa a rialo mosimane a tsamaisa metsi, motokwane wa tsena ka lenga la seloko metsi a sala a le phepha.
Leposide la shadikanya matlho ga tsoga kgaruru. “Monna kare tlisa motokwane,” ga bua lepodise. “Rra wee ga ke tshole dilo tseo, fa e le gore o kgeipile tsamaya o ye go kopa kwa go ba sele nna ga ke je motokwane,” a bua jalo a gatela ntlheng ya morafe. BOKHUTLO



_868_image_main.jpg)