Volume 52 Issues 11&12 (November-December 2014) : Entertainment

Abuti

Author : KUTLWANO

Trevor, o tswa kgakala le mmino wa Jazz. O ka gakologelo tlhamo ya gagwe ya 2007-Matsubutsubu le ya 2010 ya Oa Ntshwantsha. Fela go lebega pitsa e ya Jazz a itse go e apaya. Gompieno o tla tlhamo e a e bitsang Abuti. Ammaruri barati ba mmino wa jazz ba tsile go ja tlhako. Pina ya ntlha mo tlhamong, “Abuti,” e lebega e le yone mmamoratwa. E batla sethakga sa motho a bina ka matsetseleko.  Ka pala dipina di a supa mme fela tsotlhe di tseisa manya. Wa ntshwantsha le yone e tlhamilo ka botswerere. Tiro o e dirile go setse fela gore barati ba mmino wa gagwe bamo arabe.

Artist: Trevor Mabua

Album: Abuti

 

Buy Online Now!