Volume 54 Issue 3- March 2016 : Polelo

Thapelo ya lenyora

Author : Kutlwano

 

Ammaruri lefatshe le ya bokhutlong. E boletse thamaga gore e tla re ka malatsi a bofelo dilo ka bontsi di bo di le marara. Go sita ka eng ka kereke jaanong e setse e le kgwebo e e sisimosang mmele.

Kana ke raya e feta le tsone dikompone tse ditiona ka madi. Maloba jaana ke ne ke utlwa moruti mongwe gotwe o itheketse sefofane sa boraro! Banna! le a rekisiwa lefoko la modimo. Motlha  dilo di nnang mo mpepeneneng bangwe batla di gama ba sa di tlhapela.  Fa o utlwa ke riana maloba ke ne ka etela kereke nngwe fa Ramotswa fa le. 

Tota fa e ne e se gore re ne re tsaya loeto ke kabo ke ne ka boela kwa lwapeng. Tota le bone batho ba ke ba fitlhetseng kwa, o ne o bona fela gore ga ba mo lefokong la modimo. Ke balebeletse! Ba binabina ba bua dipuo fela tse ke sa di tlhaloganyeng. Ntswa le moruti wa bone, owaai sebe se ikwadile mo phatleng ya gagwe.  Go kgaba ga gagwe go fatlha modimo. 

Kana lefoko la modimo ga le batle mantlontlo. A batho baga ba itse gore morena jeso o ne a rera a palame tonki. Fa a tsena e ne moruti, a apere o kare monyadi. A kgabile le yone kgaka tota a e gaisa ka mebala. A bitsa phuthego a tlhalosa ka mosepele. Fa a fetsa go tlhalosa ga kopiwa dineo pele ga Thapelo e e bulelang Mosepele e ka tsewa. Ba diga mausausa ban aba tumelo.

 Ka a labile ke gopotse fela gore fa b aka ne ba a file setlhopha sa rona sa kgwele ya dinao re ne re ka reka motlhameka pele le motshameka morago.  Nnya tlhe ba a sitlhamolola. Mosadi yo mongwe a tla a a phuthetse ka mosese a fitlha a a thololela fa pele ga phuthego. Fa ke re ke a gakgamala motho are, “ O dira jaana tshipi le tshipi. Madi a a simausu sa gagwe,” Dineo tsa felela mmamoruti a phutha madi a isa kwa sejanageng.

“A mongwe jaanong a e tseele thapelo bakaulengwe, go setse go le motshegare re tle re itlhaganele Maun o kgakala,” Fela a moruti a ise a wele mosimane ke yoo o mosesane o motelele. A apere borokgwe jwa dup aka lechesa e bile a rwele sepoti. Fa kere ke mo leba sefatlhego gone! Sebe se iponatsa mo go ene ka ebile le lenyena a ne a le rwele. “A re bodulalelng re rapeleng,” a bolelela phuthego.

“Modimo rra ke a go rapela babalela mosepele o wa rona. O ntse dihawa tsotlhe tse di mo tseleng. Ke a itse morena tsela e ya ramotswa e maswe re babalela fa re khona fa boetla re leba lebatse re etelele pele o fete o re tlodise molelelwane wa Ramatlabama tsotlhe di apere tshiamo,” Fa a buwa ka molelwane phuthego ya simolola ka go ngunanguna e ne a tswelela. ….O nne le rona re feta ka Rusternburng go tsena ka Johane modimo ntate. Re baya tsotlhe mo go wena go fitlha re goroga mo toropong ya Durban. Le jaaka re tla bo re itimola mogote mo lewatleng o re gaufela morena Amen,” Phuthego ya tsenwa ke tsebatsebe gore tota go iwa kae. Moruti le ene a sa itse gore go rileng .

 Moruti a mmitsa. “Rra kana go lo fa re ya Maun,” “Ke a itse moruti,” ga araba mosimane wa lenyora. “Jannong rra mafelo a bo Rusternburg le johane le bo Durban o a tsaya kae,” moruti a botsa. “O seka moruti ke ne latlha satane ka nxondo gore a tseye gore re ya AMzansi, e re a santse a vaetse dae rona re bo re vaela Maun,”. Phuthego ya sala e akabetse! BOKHUTLO

Buy Online Now!