Volume 54 Issue 4- April 2016 : Polelo
KGWEDI ENO MO DITSONG (1965)
Author : Kutlwano
Kgosi Bathoen o Supa Pharologanyo
LEGODIMO le ne la dumedisa Lekgotla la Dikgosi tsa Botswana ka Moranang 12. Mo mosong maru a mantsho a betologa kwa borwa-bophirimatsatsi. Go tloga phirimong ya letsatsi maru a thibela ruri, ga na pula ya medupe go tsena mo tshiping ya Paseka.
Moemedi wa ga Mmamosadinyana, Sir Peter Fawcus o rile a amogela Dikgosi mo phuthegong ya ntlha ya Lekgotla la Dikgosi, a di eleletsa katlego mo tirong e kgolo ya go bopa sechaba se se kitlanyeng sa Botswana. Sir Fawcus o ne a re:-
“Ke kgothaletsa Dikgosi go dira ka thata yotlhe mo ditirong tsa Lekgotla le, ka go bo le bana le ditogolwana tsa Dikgosi tse di diretseng Bechuanaland sentle ka bointsho-setlhabelo le boikanyego mo dingwageng tse di fetileng; le ka go bo lefatshe le batho ba santse ba tlhoka ditirelo tsa lone ----- jaaka merafe e e farologanyeng mo dikgaolong tsa lone; le lo kopane mo Lekgotleng leno.
TSHIAMELO E KGOLO
“Kea itse gore ga lo kitla lo eletsa go go tlhoka go direla lefatshe le, fa go sa ntse go na le tshiamelo e kgolo gore lo baakanyetse kgato ya boipuso jo bo tletseng e e tlang ya Botswana.”
Sir Peter o gateletse jaana: Go tllhokega thata gore maloko otlhe a tlhaloganye sentle, ditiro tsa Legkotla tse di rulagantsweng mo Motheong wa Molao wa Bechuanaland wa 1965.
Sir Peter o rile a umaka fa boikarabelo jo bogolo mo Pusong ya Botswana bo le mo Matoneng le Palamente, a tlhagisa gore Lekgotla la Dikgosi ga se la go bakisana bogolo le Palamente, mme le gona ga se karolo ya badira-melao.
Phuthego ya lekgotla la Dikgosi tse 7 le Marena a 4 a Kgalagadi,Ghanzi, Francistown le Chobe e ne e nnetswe mo Kgotleng-E-Kgolo, Lobatsi. Go ne go se teng Kgosi Kebalepile Montshiwa wa Barolong ba Good Hope.
MODULA-SETILO
Lekgotla le butswe ke Mr Peter Heady a le modula-setilo, le mokwaledi, Mr Michael Dithapo ka go ikanisa dikgosi morago Lekgotla la kgetha Morena Katholo Ramokate go nna modula-setilo; Kgosi Linchwe II Mothusi wa gagwe.
Bakeng sa go tlhalosetsa Lekgotla mabaka a a tlhokang tlhaloso mo Melaong ya Tsamaiso ya lekgotla, ba Lephata la Melao ba ne ba rometse Mr. M. Mokama.
Mr Mokama a bolela fa Lekgotla le tshwanetse go bala melao go bona fa e ba siametse; go fetola ka go tlatsa kana go fokotsa. Mme a tlhagisa ka kgatelelo gore gotlhe mo go dirwe jalo go tlhokometswe go dumalana le Motheo wa Puso e Ncha, le gore a ke diphetogo tse Motlotlegi-Yo-Mogolo a ka di dumelang.
Kgosi Bathoen o tshwaile mabaka a mantsi a pharologano (disparity) a o rileng ke tshupo ya ngotlafatso ya seemo sa Lekgotla la Dikgosi. O tshwaile pharologanyo ya go ikanisiwa ba sa tshola Bebele. O ngongoregetse mafoko a a badilweng ke Motlotlegi-Mogolo: A re ke “mafoko fela a a ka bong a sa direla Moemedi wa Mohumagadi matsapa a go tla Lobatsi; mme a ka bo a badilwe ke mokwaledi.
Mongwaketse a re molaetsa ga o a ba neela tekodiso ya lebaka le le fetileng gongwe ya dipaka tse di tlang tsa ditiro tsa Puso. Ga a dumalana le temana e e reng mokwaledi o tla tlhopha dintlha fela mo mafokong otlhe a a tla buiwang mo Lekgotleng go dira tshobokanyo ya pego. A re mafoko otlhe a ba a buang mo mererong ya Lekgotla a tshwanetse go tlhagisiwa ka botlalo, e le tekodiso e e ka solwang molemo le mo metlheng e e tlang.
Gape Kgosi a ngongoregela gore mo Lekgotleng la Dikgosi ga go na lenaneo la mafoko. A tlhagisa gore fela jaaka go ne go dirwa mo “Legco”, Lekgotla le se ka la nna le diphuthego ka Laboraro mo dinakong tsa meso.
BOMOTLHOFO
O rile a sola gore batho ga ba laleletswa go tla go bona pulo ya lekgotla la Dikgosi, Kgosi Bathoen a bolela fa gotlhe mo go supa bomotlhofo jo Lekgotla le tshotsweng ka jone
Mo ngongorengong ya ikano go sena Bebele, Mr. Mokama o tlhalositse ka gore tota fela Bebele ga se karolo ya ikano; se segolo mo go ikaneng ke mafoko a ikano. A oketsa ka gore batho ba bangwe ga ba dumele mo Bebeleng. Mme ka tlhagiso ya ga Kgosi Bathoen, ga dumalanwa gore Bebele e tsholwe fa Dikgosi di dira maikano.



