Volume 54 Issue 4- April 2016 : Mosasankegi
Batho ba Thamaga ditlhakanatlhogo
Author : Kutlwano
Tota nna betsho, morafe o wa Sekgatla ga ke o tshware sentle. Ga ke itse tota gore ke batho ba bona dilo jang. Ke ntse ke re ke ba ga Motshodi fela ntebo le baga Mmanaana ba tshwana fela. Go sita kang kana fa e kare mo mosong fela o ba etela, motho wa teng fa a bua le wena o fitlhela o sa itse gore o kapile tse pedi kgotsa ke go bua ga gagwe fela. Maloba mosetsana wa Mokgatla yo ke berekang le ene a rata go mpolaisa ditshego.
A re mo Botswana fa o batla go bona gore go na le banna ba ba dikgakga o bo o le ka fa Kgatleng kafa. “O fitlhela monna wa teng o kare o ntse a betswa ke batho,” jannong selo se o kare le ka fa go ba Mmanaana se teng. Tota legale kana ke batho ba le bangwe akere ba ba ga Mmanaana ba tlogola teng kwa Motshodi. Ke bua jaana kana maloba ke tsena ka Thamaga. Jaanong ka go ne go le bosigo ka kopa boroko tota e le gore ke tshware tse di yang Kgalagadi makuku. Batho bao ba rata ntwa. Re bo re tswa re ya golo gongwe re ya go kapa tse pedi.
Owaii! re sale re bula ya ntlha dilo di bo di tlhakatlhakana, go betswa lebole. Mmasepoto o kile a re o a kgalema ga tlhakatlhakana. Ke bao ba tswa ba ntse ba gogagogana. Fa ba tloga ba tlola tsela segopa se sengwe, a se biditswe ke mang, sa tswa ntlheng ya botlhaba. Ga lowa ya dira ga di bone.
Letlapa le thipa di lelela boatleng. Kgodu e khibdu e elela le tsela. Mongwe a ikidibatsa a bona gore ba a mmabalela ka segopa sa gagwe se ne se tshabile. Rona ra tswa ka seherwana ra boela kwa lwapeng jannong ke gone ra feta ra itisa ka tse pedi tse re neng re di tsikile. Fela fa e pasa borobabongwe ra bo re isa marapo go beng.
Ke thantshitswe ke go bogola ga ntswa ya baagisanyi. Fa ke bona, e ne e tsamaela bobedi. Gone ke ne ke utlwaletse baloi ba teng gore fa e le moeng ene ga ba mo lebele. Ba ka taboga ka wena bosigo jotlhe e re phakela o tsoga a bo o le ditlhabi fela. Gone fa ke letseng teng fa e ne e rile ke goroga ba mpontsha mme yo mongwe yo mokima ba re fa a ka go baya marago mo tlhogong go ile fela jalo ka wena. Ntsa e ya bogola mo go tlhomolang pelo e bile ke etla ke utlwa gore selo se e se bonang ya se boifa. Fa ke re matlho ka letlhabaphefo ke bona mojako wa ntlo e tona o bulegile.
“Mogalammakapa! o gorogile Mmanko,” Ijoo leina la motho kgomo, ke raya ene mme yo mokima!”
Kante yo wa sware o dule o ile go kgalemela ntsa. Fa ke utlwa go nna go le ntwa fela ka ntsa e, e nna fela e bogola batho ga ba robale.
Morago ga metsotso ntsa kana ya gakala modumo wa yone o thuba tsebe. Ke kopanela fa lwapaneng le yo wa sware same. Jaanong ka mmotsa gore go rileng ntsa e gaketsa jaana? “Ke tswa go e tsaya ko go bone, ke e tsenya mo lwapeng gore ba ikutlwele gore ntsa ya baagisanye fa e bogola go tena jang,” A ntshita a le tlhaeng. Bakgatla!



