Volume 54 Issue 6- June 2016 : Polelo
Tshootshaa-Motswedi wa metsi a botshelo...
Author : Tachila Kayawe
M
mopi motlhodi wa dilo tsotlhe tsa legodimo le lefatshe, o ne a dira motswedi wa metsi o o
bidiwang Tsootshaa, kwa morakeng wa Tsootshaa o o dikhilomithara di supa fela go ya kwa bokone jwa heke ya ba matlhoko a leruo ya Thalamabele (Thalamabele Veterinary Gate).
Moraka wa Tsootshaa o dirwa ke merakana e mene, e ditso di supang fa barui ba ntlha go nna foo e ne e le morafe wa Bangwato ba okilwe ke phulo e e rothisang dihutshane lethe.
Go bolelwa fa morafe o wa Bangwato o ne wa boela kwa kgaolong ya bone ya gaMmangwato morago ga taolo ya ga Tshekedi Khama, mme morafe wa Basarwa o bontsi e neng e le badisa ba bone o ne wa sala foo ka ba ne ba lemoga motswedi wa Tsootshaa o ne o ka ba tshedisa le diruiwa tsa bone.
Mmala wa metsi a motswedi o, o motala jwa matlhare wa nna one o okang leitlho la mokwadi pele go tsotlhe mme karabo ya nna gore a dirwa ke boloko jwa dikgomo.
Go ya ka lebutswapele Rre Gabankutwe Botseng, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1930 kwa motseng wa Makgaba mme a tsile ko Tsootshaa ka tiro ka dingwaga tsa bo1960; Tsootshaa ke teme ya Sesarwa; tsoo go tewa pelo fa tshaa go tewa metsi.
Leina le ka tlhaloso ya Setswana e nne ‘Metsi-a-pelo`, le pitso ya lone e tserweng mo go reng metsi a motswedi o a tsididi, a monate e bile a baya monwi wa one pelo.
Mo teng ga metsi a, fa gare ga one go na le moswaoeme wa setlhare sa Motswere se Rre Botseng a tlhalositseng fa se sa rengwe e bile se sa digwe ke sepe, tumelo e le gore ke sa badimo le gone metsi a a dirwa ke noga ya badimo bone bao.
Le mororo go sena meila epe ka lefelo le, e Rre Botsang a e itseng; a re e le banni ba Tsootshaa ba tlotla fela lebaka la gore metsi a ga ba itse kwa a tswang teng e bile ga a ke a kgala le fa go sena pula.
Rre Botseng o ne gape a supa fa ko thoko ga motswedi o wa metsi a matala go na le sediba sa petse se le sone e leng sa tlholego mme banni ba se ageletse go itsa diruiwa go kgotlela metsi a a mo teng.
“Metsi a one a phepa fela ga a fetole mmala, ke one a re a nwang gape re apaya ka one mo Tsootshaa,” Rre Botseng a latlhela.
O ne gape a tlatsa fa lentswe la motswedi wa sediba sa petse le na le legaga le le kgolokwe ka selebego, le le bonalang ka dinako tsa mariga fa metsi a fokotsegile boteng, go dumelwa fa metsi a tswela gone fa legageng leo.
O supile gape fa metsi a motswedi o motona a nna mmala o motala ka nako ya mariga mme ka nako ya letlhafula a boe a nne phepa gape fa dipula di na ka mmala o o gogolwa ke metsi a pula fa a elela.
O tlhalositse fa bajanala ba etela lefelo le,le fa e se ka dipalo tse di ko godimo.
A re le batho ba ditumelo tse di farologanyeng segolo bogolo ba tumelo ya sekeresete ya
kereke ya ZCC ba a tle ba direle meletelo ya bone ko metsweding e, mme ba boe ba
ipakele metsi a ka go dumelwa fa a na le dithata tsa phodiso le masego.
Rre Gabankutwe Botseng a re ditlhare tse di fitlhelwang mo tikologong ya metswedi e ke
Moola,Motswere,Mosu le Mokoba. Fela jaaka go tlwaelesegile e bile go itsege gore mo metlheng ya gompieno meamuso ya tlholego e a somarelwa thata gore e tle e fitlhelwe ke dikokomane tse di tlang le gone go leretse ba ba nnang foo letseno la madi, gongwe ke nako ya gore lefelo le la Tsootshaa le tsewe jaaka lengwe la mafelo a bojanala a a sireleditsweng, le tlhabololwe ka fa go tshwanetseng gore le tsise maduo kana dipoelo tse di botoka.


