Mmamalome by Distressed mother

A re o batla ngwana

Mmamalome

Mmamalome ke kopa thuso go wena. Ke na le ngwana wa mosetsana yo o dingwaga di lesome le boraro. Ke sale ke tshola ngwana yo mme rraagwe ga a ise a nthuse ka sepe mo kgodisong ya gagwe .Gompieno a re o batla ngwana. Go a tle go tweng fa go ntse jalo? 

Distressed mother

Lobatse

Setlogolo,

Kgang ya ga go e bokete e le ruri. Ga o a tlhalosa gore a rraagwe ngwana o batla go tsaa ngwana ka na o batla go mmona. Le ha gontse jalo, ke go gakolola gore o ikopanye le mma boipelego ka na ba molao gore ba tle ba go thuse go rarabolola kgang ya gago.